Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babadi ba a Botsa

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a sa Arabe Dithapelo Dingwe?

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a sa Arabe Dithapelo Dingwe?

Modimo o a atamelesega. Jehofa Modimo o batla gore re mo rapele, fela jaaka rre yo o lorato a itumelela gore bana ba gagwe ba bue le ene ba gololesegile. Le fa go ntse jalo, fela jaaka rre yo o botlhale, Modimo o na le mabaka a a utlwalang a go bo a sa arabe dithapelo dingwe. A mabaka ao ga a itsege kgotsa a o tlhalosa sengwe ka one mo Baebeleng?

Moaposetoloi Johane o tlhalosa jaana: “Eno ke tshepo e re nang le yone mo go ene, gore, go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.” (1 Johane 5:14) Se re se kopang se tshwanetse go dumalana le thato ya Modimo. Bangwe ba rapelela dilo tse tota di sa dumalaneng le thato ya Modimo—ka sekai, go fenya lothari kgotsa go fenya fa ba betšha. Bangwe ba rapela ka maitlhomo a a sa siamang. Morutwa Jakobe o ne a tlhagisa jaana ka dithapelo tse di ntseng jalo: “Ruri lo a kopa, mme le fa go ntse jalo ga lo amogele, ka gonne lo kopa ka boikaelelo jo bo sa siamang, gore lo go dirisetse go nyorelwa ga lona go ja monate wa senama.”—Jakobe 4:3.

Ka sekai, akanya ka ditlhopha di le pedi tsa kgwele ya dinao tse di rapelelang gore di fenye. Go tla bo go sa utlwale go solofela gore Modimo a arabe dithapelo tse di ntseng jalo. Go ntse jalo le ka dintwa tsa motlha wa gompieno tse mo go tsone matlhakore a mabedi a a lwantshanang a rapelelang phenyo.

Batho ba ba sa ikobeleng melao ya Modimo ba ka se solofele gore a arabe dithapelo tsa bone. Nako nngwe Jehofa o ne a ikutlwa a patelesega go raya baobamedi ba baitimokanyi a re: “Le fa lo dira dithapelo tse dintsi, ga ke a reetsa; diatla tsa lona di tletse tshololo ya madi.” (Isaia 1:15) Baebele ya re: “Yo o faposang tsebe ya gagwe mo go utlweng molao—le thapelo ya gagwe ke selo se se makgapha.”—Diane 28:9.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, ka metlha Jehofa o tla reetsa dithapelo tsa baobamedi ba ba dirang sotlhe se ba ka se kgonang go mo direla go dumalana le thato ya gagwe. Le fa go ntse jalo, a seo se raya gore o tla ba naya sengwe le sengwe se ba se kopang? Nnyaa. Akanya ka dikai dingwe tse di mo Dikwalong.

Le fa Moshe a ne a na le kamano e e gaufi thata le Modimo; le ene o ne a tshwanelwa ke go rapela “kafa thatong ya [Modimo].” Go farologana le se Modimo a neng a se buile, Moshe o ne a kopa go tsena kwa lefatsheng la Kanana a re: “Mma ke kgabaganye tsweetswee, ke bone lefatshe le le molemo le le ka kwa ga Joredane.” Pelenyana Moshe o ne a boleletswe gore ga a kitla a tsena mo lefatsheng leo, ka ntlha ya boleo jo a neng a bo dirile. Ka jalo, go na le gore Jehofa a mo letlelele, o ne a mo raya a re: “Go lekane ka wena! O se ka wa tlhola o bua le nna gape ka kgang eno.”—Duteronome 3:25, 26; 32:51.

Moaposetoloi Paulo o ne a rapelela gore se a neng a re ke “mutlwa mo nameng” se tlosiwe mo go ene. (2 Bakorintha 12:7) “Mutlwa” ono e ka tswa e ne e le bokoa jwa matlho jo bo sa foleng kgotsa go tshwenngwa ka metlha ke baganetsi le “bakaulengwe ba maaka.” (2 Bakorintha 11:26; Bagalatia 4:14, 15) Paulo o ne a kwala jaana: “Ke ne ka rapela Morena gararo ka seno gore o tloge fa go nna.” Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a itse gore fa Paulo a tswelela a rera a ntse a tshwenngwa ke “mutlwa mo nameng,” go ne go tla bontsha gore Modimo o na le maatla le gore Paulo o ne a mo ikanya ka botlalo. Go na le gore Modimo a dire se Paulo a neng a se kopa, o ne a mo raya a re: “Maatla a me a a bo a tletse mo bokoeng.”—2 Bakorintha 12:8, 9.

Ee, Modimo o itse go re gaisa gore a go araba dithapelo dingwe tsa rona go tla re solegela molemo kgotsa nnyaa. Ka metlha Jehofa o araba dithapelo tsa rona gore re solegelwe molemo go dumalana le maikaelelo a gagwe a a lorato a a mo Baebeleng.