Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekawana le le Pelokgale

Lekawana le le Pelokgale

Tsa Basha

Lekawana le le Pelokgale

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eno e nne le botshelo.

AKANYA KA KELOTLHOKO KA LEFELO LE TIRAGALO EO E DIREGANG MO GO LONE.—BALA 1 SAMUELE 17:1-11, 26, 32-51.

O akanya gore Goliathe o ne a lebega jang le gore lentswe la gagwe le ne le utlwala jang?

․․․․․

Ke eng se se neng sa dira gore Dafide a tlhabane le Goliathe le fa gone a ne a se mo sesoleng sa Baiseraele? (Bona temana 26.)

․․․․․

Dafide o ne a na le mabaka afe a go dumela gore Jehofa o ne a tla mo thusa? (Bala gape temana 34-37.)

․․․․․

DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

O dirisa dikgatiso tse dingwe tse o nang le tsone, dira dipatlisiso ka dilo tseno tse di latelang

(1) Boleele jwa ga Goliathe. (1 Samuele 17:4)

Dikubita di le thataro le paralatso ya seatla = ․․․․․.

(2) Bokete jwa moitshomelo wa phemelo. (1 Samuele 17:5)

Dishekele tsa kgotlho di le 5 000 = ․․․․․.

(3) Bokete jwa bogale jwa lerumo la ga Goliathe. (1 Samuele 17:7)

Dishekele tsa tshipi di le 600 = ․․․․․.

DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Bopelokgale.

․․․․․

Go ikaega ka Jehofa go na le go ikaega ka maatla a rona.

․․․․․

DINTLHA TSE DINGWE TSE O KA DI DIRISANG.

O lebana le dikgwetlho dife tse go ka lebegang go le boima go di fenya jaaka e kete ke go tlhabana le Goliathe?

․․․․․

Ke maitemogelo afe (a gago kgotsa a bangwe) a a go tlhomamisetsang gore Jehofa ga a ne a go latlha?

․․․․․

KE DINTLHA DIFE MO PEGONG ENO TSE O DI RATILENG THATA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․