Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ‘Nna ba Sala Kwana Morago’

Ba ‘Nna ba Sala Kwana Morago’

Ba ‘Nna ba Sala Kwana Morago’

“Bano ke bone ba ba nnang ba sala Kwana morago go sa kgathalesege gore o ya kae.”—TSHEN. 14:4.

1. Barutwa ba mmatota ba ga Jesu ba ne ba ikutlwa jang ka go mo sala morago?

DINGWAGA di ka nna pedi le sephatlo Jesu a sena go simolola bodiredi jwa gagwe, o ne “a ruta mo kopanong ya phatlalatsa kwa Kaperenama.” “Bontsi jwa barutwa ba gagwe ba [ne ba] tswa ba ya kwa dilong tse ba di tlogetseng kwa morago mme ba se ka ba tlhola ba tsamaya le ene,” ka gonne ba ne ba utlwa se a se buang se tsitsibanya. Fa Jesu a ne a botsa baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 gore a le bone ba ne ba batla go tsamaya, Simone Petere o ne a re: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng; mme re dumetse ra ba ra itse gore wena o Moitshepi wa Modimo.” (Joh. 6:48, 59, 60, 66-69) Barutwa ba mmatota ba ga Jesu ga ba a ka ba tlogela go mo sala morago. Fa ba sena go tlodiwa ka moya o o boitshepo, ba ne ba tswelela ba ikobela kaelo ya ga Jesu.—Dit. 16:7-10.

2. (a) “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” kana “molebedi yo o boikanyego” ke mang? (b) Motlhanka o itiretse leina le le molemo jang ka go “sala Kwana morago”?

2 Go tweng ka Bakeresete ba mo motlheng wa gompieno ba ba tloditsweng? Mo boporofeting jwa ga Jesu jo bo malebana le ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,’ o ne a bitsa setlhopha sa balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng a re ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” kana “molebedi yo o boikanyego.” (Math. 24:3, 45; Luke 12:42) Setlhopha sa motlhanka se itiretse leina le le molemo ka go “sala Kwana morago go sa kgathalesege gore o ya kae.” (Bala Tshenolo 14:4, 5.) Maloko a sone a nna e le makgarebane ka tsela ya semoya ka gonne ga a iteswafatse ka ditumelo le mekgwa ya “Babelona o Mogolo,” mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshen. 17:5) Ga go ‘fitlhelwe’ dithuto dipe tsa maaka “mo melomong ya bone,” e bile ba nna ba ‘se na molato’ mo lefatsheng la ga Satane. (Joh. 15:19) Mo isagweng, batlodiwa ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng ba “tla latela” Kwana go ya go tsena kwa legodimong.—Joh. 13:36.

3. Ke eng fa go le botlhokwa gore re ikanye setlhopha sa motlhanka?

3 Jesu o tlhomile motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale “gore a okamele ba ntlo ya gagwe,” ke gore, leloko lengwe le lengwe la setlhopha sa motlhanka, “go ba naya dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng.” Gape o tlhomile motlhanka “gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.” (Math. 24:45-47) “Dilo” tseno di akaretsa “boidiidi jo bogolo” jo bo ntseng bo oketsega jwa “dinku tse dingwe.” (Tshen. 7:9; Joh. 10:16) A ga go tshwanele gore mongwe le mongwe yo e leng motlodiwa le mongwe le mongwe yo e leng wa “dinku tse dingwe” a ikanye motlhanka yo o tlhomilweng gore a ba okamele? Go na le mabaka a mantsi a go bo setlhopha sa motlhanka se tshwanelwa ke gore re se ikanye. Mabaka a mabedi a a tlhomologileng ke ano: (1) Jehofa o ikanya setlhopha sa motlhanka. (2) Jesu le ene o ikanya motlhanka. A re sekasekeng bosupi jo bo bontshang gore Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba ikanya motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ka botlalo.

Jehofa o Ikanya Motlhanka

4. Ke eng fa re ka ikanya dijo tsa semoya tse re di newang ke motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale?

4 Sekaseka se se dirang gore motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale a re neye dijo tsa semoya tse di nonotshang ka nako e e leng yone. Jehofa a re: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone.” Gape a re: “Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” (Pes. 32:8) Ee, Jehofa o kaela motlhanka. Ka jalo, re ka ikanya ka botlalo tshedimosetso e e theilweng mo Dikwalong, ditlhaloso le kaelo tse re di newang ke motlhanka.

5. Ke eng se se bontshang gore moya wa Modimo o naya setlhopha sa motlhanka maatla?

5 Gape Jehofa o segofatsa setlhopha sa motlhanka ka moya wa gagwe o o boitshepo. Le fa moya wa ga Jehofa o sa bonale, se o thusang batho ba o dirang mo go bone gore ba se dire sone se a bonala. Akanya ka se motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale a kgonneng go se fitlhelela ka tiro ya go rera ka ga Jehofa Modimo, Morwawe le Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Baobamedi ba ga Jehofa ba bolela molaetsa wa Bogosi mo dinageng di feta 230 le mo ditlhaketlhakeng. A seno ga se bosupi jo bo mo pepeneneng jwa gore moya wa Modimo o naya motlhanka maatla? (Bala Ditiro 1:8.) Fa setlhopha sa motlhanka se abela batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe dijo ka nako e e tshwanetseng, se tshwanelwa ke go dira ditshwetso tsa botlhokwa. Fa motlhanka a dira ditshwetso tseo a bo a dira go dumalana le tsone, o bontsha lorato, bonolo le maungo a mangwe a moya.—Bagal. 5:22, 23.

6, 7. Jehofa o ikanya motlhanka yo o boikanyego go le kana kang?

6 Gore o kgone go tlhaloganya gore Jehofa o ikanya setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego go le kana kang, akanya ka se a se solofeditseng maloko a sone. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Terompeta e tla gelebetega, mme baswi ba tla tsosiwa e le ba ba sa boleng, mme re tla fetolwa. Gonne se se bolang seno se tshwanetse go apara go sa bole, le se se swang seno se tshwanetse go apara bosasweng.” (1 Bakor. 15:52, 53) Balatedi ba ba tloditsweng ba ga Keresete ba ba direlang Modimo ka boikanyego ba bo ba swa ba le mo mebeleng e e bolang ya batho, ba tsosiwa e le dibopiwa tsa moya mme ba newa sengwe se se botlhokwa go feta botshelo jo bo sa khutleng. Ba newa bosasweng—botshelo jo bo sa khutleng jwa motho yo o ka se kang a swa. Gape ba newa go sa bole, ba newa mebele e e ka se boleng e go lebegang e intšhafatsa. Tshenolo 4:4 e tlhalosa batho bano ba ba tsositsweng e re ba ntse mo ditulong tsa bogosi ba rwele dirwalo tsa gouta mo ditlhogong. Bakeresete ba ba tloditsweng ba tlile go newa kgalalelo ya bogosi. Mme ga go felele foo.

7 Tshenolo 19:7, 8 ya re: “Lenyalo la Kwana le gorogile le mosadi wa gagwe o ipaakantse. Ee, o neilwe gore a apare leloba le le phatsimang, le le phepa, le le boleta, gonne leloba le le boleta le emela ditiro tse di siameng tsa baitshepi.” Jehofa o tlhophile Bakeresete ba ba tloditsweng gore e nne monyadiwa wa ga Morwawe mo isagweng. Go sa bole, bosasweng, bogosi, “lenyalo la Kwana”—a bo tseo e le dimpho tse dikgolo jang ne! Ke bosupi jo bogolo jwa gore Modimo o ikanya batlodiwa, ba ba “nnang ba sala Kwana morago go sa kgathalesege gore o ya kae.”

Jesu o Ikanya Motlhanka

8. Jesu o bontsha jang gore o ikanya balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng?

8 Go na le bosupi bofe jwa gore Jesu o ikanya ka botlalo balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng? Mo bosigong jwa ga Jesu jwa bofelo mo lefatsheng, o ne a solofetsa baaposetoloi ba gagwe ba ba 11 ba ba ikanyegang sengwe. O ne a ba raya a re: “Ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me; mme ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi, gore lo tle lo je lo bo lo nwe fa tafoleng ya me mo bogosing jwa me, lo bo lo nne mo ditulong tsa bogosi go atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.” (Luke 22:28-30) Kgolagano e Jesu a e dirileng ka nako eo le baaposetoloi ba ba 11 e tla akaretsa Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ba 144 000. (Luke 12:32; Tshen. 5:9, 10; 14:1) A Jesu o ne a ka dira kgolagano ya go busa le bone mo Bogosing jwa gagwe fa a ne a sa ba ikanye?

9. ‘Dilo tsotlhe tsa ga Keresete’ di akaretsa eng?

9 Gape Jesu Keresete o tlhomile motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale “gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe”—dilo tsotlhe tse di amanang le Bogosi mo lefatsheng. (Math. 24:47) Dingwe tsa dilo tseno ke dikago le didirisiwa tse di kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa, kwa diofising tsa makala mo dinageng tse di farologaneng, kwa Diholong Tsa Dikopano le kwa Diholong Tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Di akaretsa tiro ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa. A go na le motho yo o neng a ka tlhoma mongwe yo a sa mo ikanyeng gore a tlhokomele le go dirisa dilo tsa gagwe tse di tlhwatlhwakgolo?

10. Ke eng se se bontshang gore Jesu Keresete o na le balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng?

10 Nakwana fela pele Jesu yo o tsositsweng a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a bonala mo barutweng ba gagwe ba ba ikanyegang mme a ba naya tsholofetso eno: “Bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Math. 28:20) A tsholofetso eno e diragetse? Mo dingwageng tse 15 tse di fetileng, diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe di oketsegile go tloga go 70 000 go ya go tse di fetang 100 000, e leng koketsego ya diperesente di feta 40. Mme go nnile le barutwa ba le kae ba basha? Go kolobeditswe barutwa ba ka nna dimilione di le 4,5 mo dingwageng tse 15 tse di fetileng—palogare ya barutwa ba feta 800 ka letsatsi. Koketsego eno e kgolo e bontsha sentle gore Keresete o kaela balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng kwa dipokanong tsa Bokeresete e bile o ba ema nokeng mo tirong ya bone ya go dira barutwa.

Motlhanka o a Ikanyega e Bile o Botlhale

11, 12. Motlhanka o itshupile jang a le boikanyego e bile a le botlhale?

11 E re ka Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba ikanya motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ka botlalo, a le rona ga re a tshwanela go mo ikanya? Aitsane, motlhanka o itshupile a ikanyega ka go dira tiro e a e neilweng. Ka sekai, makasine wa Tora ya Tebelo o na le dingwaga di ka nna 130 o ntse o gatisiwa. Dipokano, dikopano tse dinnye le tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa di re nonotsha semoyeng ka metlha.

12 Gape motlhanka yo o boikanyego o botlhale ka gore o boingotlo, ga nke a ipagololela mogodu a etelela Jehofa pele, kana a goga dinao fa go na le kaelo e e tlhamaletseng ya Modimo malebana le kgang nngwe. Ka sekai, fa baeteledipele ba bodumedi jwa maaka bone ba dumalana le boitshwaro jo bo maswe jwa bopelotshetlha jwa batho ba lefatshe kana ba bo mpampetsa ka tlhamalalo, motlhanka ene o ntsha ditlhagiso tse di malebana le mamena a tsamaiso ya dilo e e boikepo ya ga Satane. Motlhanka o kgona go ntsha ditlhagiso tse di botlhale le tse di mo nakong ka gonne Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba a mo segofatsa. Ka jalo, motlhanka o tshwanelwa ke gore re mo ikanye ka botlalo. Mme re ka bontsha jang gore re ikanya motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale?

“Tsamaya le” Batlodiwa fa ba Ntse ba Sala Kwana Morago

13. Go ya ka boporofeti jwa ga Sekarea, re ka bontsha jang gore re ikanya motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale?

13 Buka ya Baebele ya Sekarea e bua ka “batho ba le lesome” ba ba tlang kwa ‘monneng yo e leng Mojuda’ mme ba re: “Re tla tsamaya le lona.” (Bala Sekarea 8:23.) E re ka “monna yo e leng Mojuda” a bidiwa “lona,” o emela setlhopha sa batho. Mo motlheng wa rona, monna yono o emela masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng—karolo ya “Iseraele wa Modimo.” (Bagal. 6:16) “Batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba” ba emela boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe. Fela jaaka Bakeresete ba ba tloditsweng ba sala Jesu morago go sa kgathalesege gore o ya kae, boidiidi jo bogolo bo “tsamaya le” motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale kana bo a mo pata. Ba boidiidi jo bogolo le ka motlha ga ba a tshwanela go tlhabiwa ke ditlhong go itsiwe ba dira mmogo le “ba ba nang le seabe mo pitsong ya selegodimo.” (Baheb. 3:1) Jesu ga a tlhabiwe ke ditlhong go bitsa batlodiwa a re “bomorwarre.”—Baheb. 2:11.

14. Bomorwarraagwe Keresete ba ka engwa nokeng jang ka boikanyego?

14 Jesu Keresete o tsaya gore fa re ema bomorwarraagwe nokeng ka boikanyego go tshwana le fa re ema ene nokeng. (Bala Mathaio 25:40.) Ka jalo, ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ka dira eng go ema nokeng bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng? Sengwe sa botlhokwa se ba ka se dirang ke go ba thusa mo tirong ya go rera ka Bogosi. (Math. 24:14; Joh. 14:12) Palo ya batlodiwa mo lefatsheng e ntse e fokotsega fa dingwaga di ntse di feta mme palo ya dinku tse dingwe yone e ntse e oketsega. Fa ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba dira tiro ya go rera, ba direla e le bareri ba nako e e tletseng fa go kgonega, ba ema batlodiwa nokeng mo tirong e ba e neilweng ya go dira barutwa. (Math. 28:19, 20) Se sengwe sa botlhokwa ke go ema tiro eno nokeng ka go ntsha meneelo ya madi ka ditsela tse di farologaneng.

15. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itshwara jang fa motlhanka a aba dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng le fa a dira ditshwetso tse di amang phuthego?

15 Rona Bakeresete, mongwe le mongwe wa rona o leba jang dijo tsa semoya tse di tlang ka nako e e tshwanetseng tse motlhanka yo o boikanyego a di abang a dirisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng mmogo le dikokoano tsa Bokeresete? A re di ja ka kanaanelo re bo re dirisa se re se ithutang kwantle ga go senya nako? Re itshwara jang fa motlhanka a dira ditshwetso tse di amang phuthego? Fa re iketleeleditse go ikobela kaelo e re e newang, seo ke bosupi jwa gore re ikanya thulaganyo ya ga Jehofa.—Jak. 3:17.

16. Ke eng fa Bakeresete botlhe ba tshwanetse go reetsa bomorwarraagwe Keresete?

16 Jesu o ne a re: “Dinku tsa me di reetsa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshala morago.” (Joh. 10:27) Bakeresete ba ba tloditsweng ba dira fela jalo. Mme ba ba ‘tsamayang le’ bone ba tshwanetse go dira eng? Ba tshwanetse go reetsa Jesu. Gape ba tshwanetse go reetsa bomorwarraagwe. Aitsane, batlodiwa ba neilwe boikarabelo jo bogolo jwa go tlhokomela batho ba Modimo ka tsela ya semoya. Go reetsa lentswe la bomorwarraagwe Keresete go akaretsa eng?

17. Go reetsa setlhopha sa motlhanka go akaretsa eng?

17 Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale gompieno o emelwa ke Setlhopha se se Laolang, se se etelelang pele e bile se rulaganya tiro ya go rera ka Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Maloko a Setlhopha se se Laolang ke bagolwane ba ba tloditsweng ba ba nang le maitemogelo. Ke bone ba segolobogolo ba ka tlhalosiwang e le “ba ba etelelang pele” mo gare ga rona. (Baheb. 13:7) Balebedi bano ba ba tloditsweng ba na le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena” fa ba ntse ba tlhokometse baboledi ba Bogosi ba ba batlileng ba tshwara 7 000 000 mo lefatsheng lotlhe mo diphuthegong di feta 100 000. (1 Bakor. 15:58) Fa re dirisana ka botlalo le Setlhopha se se Laolang, go tla bo go raya gore re reetsa setlhopha sa motlhanka.

Ba ba Reetsang Motlhanka ba a Segofadiwa

18, 19. (a) Batho ba ba reetsang motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ba segofadiwa jang? (b) Re tshwanetse go ititaya sehuba go dira eng?

18 Fa e sa le motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale a tlhomiwa, o ntse a ‘tlisa bontsi kwa tshiamong.’ (Dan. 12:3) Bontsi jono bo akaretsa batho ba ba nang le tsholofelo ya go falola tshenyego ya tsamaiso ya gone jaanong e e boikepo ya dilo. A bo go nna le boemo jo bo siameng jaana le Modimo go itumedisa jang ne!

19 Mo isagweng, fa “motse o o boitshepo, Jerusalema yo Mosha [wa ba ba 144 000] o fologa o tswa legodimong kwa Modimong . . . o baakantswe jaaka monyadiwa a kgabiseditswe monna wa gagwe,” ba ba reeditseng lentswe la motlhanka ba tla diragalelwa ke eng? Baebele ya re: “Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshen. 21:2-4) Ka jalo, a re direng sotlhe se re ka se kgonang go reetsa Keresete le bomorwarraagwe ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng.

O Ithutile Eng?

• Go na le bosupi bofe jwa gore Jehofa o ikanya motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale?

• Ke eng se se bontshang gore Jesu Keresete o ikanya setlhopha sa motlhanka ka botlalo?

• Ke eng fa molebedi yo o boikanyego a tshwanelwa ke gore re mo ikanye?

• Re bontsha jang gore re ikanya motlhanka?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

A o itse gore Jehofa o tlhophile bomang go nna monyadiwa wa ga Morwawe mo isagweng?

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Jesu Keresete o neile motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale boikarabelo jwa go tlhokomela “dilo” tsa gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Fa re dira tiro ya go rera, re ema batlodiwa nokeng