Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mabaka a Matlhano a go Boifa Modimo e Seng Batho

Mabaka a Matlhano a go Boifa Modimo e Seng Batho

Mabaka a Matlhano a go Boifa Modimo e Seng Batho

LEKAWANA lengwe le ne le gakgametse tota. O ne a sa lebelela se se sa tswang go diragala. Motlotlo wa gagwe le Basupi ba babedi ba ga Jehofa o dirile gore a ithute sengwe se a neng a sa se itse. Potso ya gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo e ne e mo tshwentse ka dingwaga di le dintsi, mme jaanong e sa tswa go arabiwa sentle ka Baebele. O ne a sa itse gore Baebele e na le tshedimosetso e e botlhokwa thata jaana le e e ka dirang gore o itumele.

Metsotsonyana morago ga gore baeng ba tsamaye, mosadi yo o neng a mo hiriseditse kamore o ne a tsena mo go yone mme a mmotsa jaana a galefile, “Ke bomang batho bale?”

E re ka lekawana leno le ne le gakgametse, le ne la se ka la mo araba.

O ne a bua jaana a goela kwa godimo, “Ke a itse gore ke bomang mme fa o ka ba amogela gape, o tla tswa mono o ya go batla kamore go sele!”

O ne a tswa mme a itaaganya setswalo.

Balatedi ba Boammaaruri ba ga Keresete ba Lebeletse Gore ba Tla Ganediwa

Se se diragaletseng lekawana leno se tlwaelegile. Lefoko la Modimo, Baebele, le tlhalosa jaana: “Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Timotheo 3:12) Bakeresete ba boammaaruri ga ba ise ba ko ba ratiwe. Ka ntlha yang? Moaposetoloi Johane o ne a bolelela Bakeresete ka ene jaana: “Re a itse gore re tswa mo Modimong, mme lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” Gape Satane Diabolo o tshwantshiwa le “tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” (1 Johane 5:19; 1 Petere 5:8) Go boifa batho ke sengwe sa dibetsa tse di atlegang tse Satane a di dirisang.

Tota le Jesu Keresete, yo o neng a dira dilo tse dintsi tse di molemo e bile a ise a ko a dire boleo, o ne a sotlwa le go bogisiwa. O ne a re: “Ba ne ba ntlhoa kwantle ga lebaka.” (Johane 15:25) Mo bosigong jwa pele a swa, o ne a bolelela barutwa ba gagwe se se neng se tla ba diragalela: “Fa lefatshe le lo tlhoile, lo a itse gore le ntlhoile pele ga le tlhoa lona. Gakologelwang lefoko le ke le lo reileng ka re, Motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe. Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.”—Johane 15:18, 20.

Ka ntlha ya tlhagiso eno, batho ba le bantsi ba ile ba okaoka go emela kobamelo ya boammaaruri. Baebele e bua jaana ka ba ba neng ba batla Jesu ka nako nngwe: “Legale go ne go se na ope yo o neng a bua ka ene phatlalatsa ka ntlha ya go boifa Bajuda.” (Johane 7:13; 12:42) Baeteledipele ba bodumedi ba motlha oo ba ne ba tshosetsa ope fela yo o neng a dumela mo go Keresete ka gore ba tla mo leleka mo sinagogeng. Ka jalo, go boifa batho go ne ga thibela batho ba le bantsi go nna Bakeresete.—Ditiro 5:13.

Moragonyana, fa phuthego ya Bokeresete e sena go tlhomiwa, re bala ka “pogiso e kgolo” e e neng ya tsogela phuthego e e mo Jerusalema. (Ditiro 8:1) Tota e bile, mo Mmusomogolong otlhe wa Roma, Bakeresete ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela pogiso. Banna ba ba neng ba itsege kwa Roma ba ne ba raya moaposetoloi Paulo jaana: “Re a itse gore lekoko leno le a kgalwa gongwe le gongwe.” (Ditiro 28:22) Ee, Bakeresete ba mmatota ba ne ba ganediwa gongwe le gongwe.

Tota le gompieno, Satane o sa ntse a dirisa sebetsa sa go boifa batho go thibela batho ba le bantsi go nna balatedi ba mmatota ba ga Keresete. Batho ba ba peloephepa ba ba ithutang Baebele le Basupi ba ga Jehofa ba a ganediwa kgotsa ba a sotlwa kwa sekolong, kwa tirong mme gape ba sotlwa ke baagelani kgotsa ditsala. Ba ka tshaba gore batho ga ba kitla ba ba tlotla, ga ba kitla ba tlhola ba nna le ditsala kgotsa go thusiwa ka dilo tse ba di tlhokang. Kwa metseselegaeng, balemirui ba boifa gore baagelani ba ka gana go ba thusa ka nako ya thobo kgotsa go sireletsa leruo la bone. Mme le fa batho bangwe ba na le poifo e e ntseng jalo, batho ba bangwe ba le dimilione ba ikemiseditse go ikanya Modimo le go tshela go dumalana le Lefoko la gagwe ka go etsa Jesu Keresete. Jehofa o ba segofaditse ka go bo ba dirile jalo.

Ke ka Ntlha Yang fa re Boifa Modimo, e Seng Batho

Baebele e re rotloetsa go boifa Modimo, e seng batho. Ya re: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale.” (Pesalema 111:10) ‘Poifo’ eno e dira gore re tile go kgopisa Moneibotshelo wa rona. Poifo eno ya Modimo e amana thata le lorato. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go boifa Modimo e seng batho? Mma re sekaseke mabaka a matlhano.

1 Jehofa ke Mothatayotlhe. Jehofa o na le maatla a magolo go gaisa motho ope fela. Fa re boifa Modimo re tlhopha go ema mo letlhakoreng la Mothatayotlhe, yo mo go Ene ‘ditšhaba di ntseng jaaka lerothodi le le tswang mo kgamelong.’ (Isaia 40:15) E re ka Modimo e le Mothatayotlhe, o na le maatla a go fenya “sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong” le ba ba ikanyegang mo go ene. (Isaia 54:17) Re tla bo re le botlhale fa re sa letle sepe go re thibela go ithuta ka ene le go dira thato ya gagwe ka gonne ke ene a dirang tshwetso ya gore ke mang yo o tshwanelegang go bona botshelo jo bosakhutleng.—Tshenolo 14:6, 7.

2 Modimo o tla re thusa le go re sireletsa. Baebele e bua jaana mo go Diane 29:25: “Go boifa batho ke gone mo go bayang seru, mme yo o ikanyang Jehofa o tla sirelediwa.” Go boifa batho ke seru ka gonne go ka dira gore re se ka ra bolela gore re dumela mo Modimong. Modimo o re tlhomamisetsa gore a ka kgona go re boloka: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.”—Isaia 41:10.

3 Modimo o rata ba ba mo atamelang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala mafoko ano a a amang pelo: “Ke tlhatswegile pelo gore le fa e le loso kgotsa botshelo kgotsa baengele kgotsa dipuso kgotsa dilo tse jaanong di leng fano kgotsa dilo tse di tlang kgotsa maatla kgotsa bogodimo kgotsa boteng kgotsa sebopiwa le fa e le sefe se sengwe, ga di ka ke tsa kgona go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 8:37-39) Fa re ithuta go ikanya Modimo le go mo ikobela, re tla itumelela go nna mo loratong lo lo sa feleng lwa Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe. Ruri eo ke tshiamelo e e seng kana ka sepe!

4 Re anaanela sotlhe se Modimo a re diretseng sone. Jehofa ke Mmopi wa rona, ene yo o dirileng gore go nne le botshelo. Mo godimo ga moo, o dirile gore re se ka ra nna fela le dilo tse re di tlhokang mo botshelong mme gape le dilo tse di dirang gore botshelo e nne jo bo kgatlhang le jo bo itumedisang. Eleruri, ke Motswedi wa mpho nngwe le nngwe e e molemo. (Jakobe 1:17) Dafide, monna yo o ikanyegang, yo o neng a anaanela bopelonomi jwa lorato jwa Modimo, o ne a kwala jaana: “O dirile dilo di le dintsi, Wena  Jehofa Modimo wa me, le eleng ditiro tsa gago tse di gakgamatsang le dikakanyo tsa gago mo go rona . . . Di dintsi go gaisa ka mo ke ka anelang ka teng.”—Pesalema 40:5.

5 Batho bangwe ba ba re ganetsang ba ka fetoga. O ka thusa batho ba ba go ganetsang ka go se ineele mme o tswelele o boifa Modimo le go mo rata. Akanya ka ba losika lwa ga Jesu. Mo lekgetlong la ntlha, ba ne ba sa dumele mo go ene mme ba re: “O latlhegetswe ke tlhaloganyo.” (Mareko 3:21; Johane 7:5) Moragonyana, fa Jesu a sena go swa le go tsosiwa mo baswing, bontsi jwa bone e ne ya nna badumedi. Tota e bile bomorwarraagwe Jesu ka mmaagwe, e bong Jakobe le Jude ba ne ba kwala dikarolo dingwe tsa Baebele. Gape go ne go na le mmogisi yo o setlhogo e bong Saulo, yo o neng a nna moaposetoloi Paulo. Batho ba ba re bogisang ba ka bona gore re na le boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng ka ntlha ya bopelokgale jwa rona.—1 Timotheo 1:13.

Ka sekai, mosadi mongwe wa mo Afrika, e bong Aberash o ne a ntse a rapelela gore a bone boammaaruri. Morago ga gore a ithute Baebele le Basupi ba ga Jehofa, o ne a lebana le pogiso e e botlhoko go tswa mo go ba lelapa la gagwe le baeteledipele ba bodumedi. Bangwe ba losika lwa gagwe ba le bone ba neng ba simolotse go ithuta Baebele, ba ne ba emisa go e ithuta ka ntlha ya go boifa batho. O ne a rapela Modimo gore a mo neye maatla le bopelokgale mme a kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Matswela e ne ya nna afe? Ba le robedi ba losika lwa gagwe ba ne ba kgothadiwa ke sekao sa gagwe mo ba neng ba simolola gape go ithuta mme ba gatela pele semoyeng.

O ka Fenya go Boifa Batho

Gore o se ka wa boifa batho, dira sotlhe se o ka se kgonang go nonotsha lorato lo o ratang Modimo ka lone. O ka dira seno ka go ithuta Baebele le go tlhatlhanya ka ditemana tse di jaaka Bahebera 13:6, e e reng: “Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa. Motho o ka ntirang?” O se ka wa lebala mabaka a go bo go boifa Modimo e seng batho e le selo se se siameng le se se botlhale go se dira.

Gape, se lebale masego a mantsi a o tla nnang le one fa o dirisa se o se ithutang mo Baebeleng. O ka bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di botlhokwa mo botshelong. O ka nna le botlhale jwa go rarabolola mathata a a boima mo botshelong ka katlego. O ka nna le tsholofelo e e itumedisang le fa maemo a gompieno a tlhakanya tlhogo. Mme o ka rapela Modimo Mothatayotlhe nako nngwe le nngwe.

Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:17) Eno ke nako ya gore o eme o nitame le go tsamaya ka poifo ya Modimo. Go na le go letla gore go boifa batho go koafatse tumelo ya gago, o ka tlhopha go dira se Modimo a go kgothaletsang go se dira: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” (Diane 27:11) A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go ikobela kgakololo eno!

Gakologelwa gore ga go motho ope yo o ka go nayang se Modimo a tlileng go se naya batho ba ba mmoifang: “Diphelelo tsa boikokobetso le go boifa Jehofa ke dikhumo le kgalalelo le botshelo.”—Diane 22:4.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Ka ntlha ya bopelokgale jwa ga Aberash, ba le robedi ba losika lwa gagwe ba ne ba itumelela go tswelela ba ithuta Baebele