Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Tseela Bana Kwa Legodimong Gore e Nne Baengele?

A Modimo o Tseela Bana Kwa Legodimong Gore e Nne Baengele?

Babadi ba a Botsa

A Modimo o Tseela Bana Kwa Legodimong Gore e Nne Baengele?

Fa ngwana a tlhokafala, ditsala tsa ba lelapa le le hutsafetseng di ka leka go ba gomotsa ka go re, “Modimo o tshwanetse a bo a ne a tlhoka moengele yo mongwe kwa legodimong.” A seo se a utlwala?

Fa e le gore ke boammaaruri gore Modimo o bolaya bana ka gonne a tlhoka baengele ba ba oketsegileng kwa legodimong, seo se ka raya gore ga a na maikutlo e bile o setlhogo. Baebele e bua se se farologaneng le seo. (Jobe 34:10) Rre yo o kutlwelobotlhoko a ka se ka a tsaya ngwana mo batsading ba gagwe gore a oketse lelapa la gagwe.

Mme gone, ga go na motsadi wa motho yo o nang le kutlwelobotlhoko e e gaisang ya ga Jehofa, Ene yo nonofo ya gagwe e kgolo e leng lorato. (1 Johane 4:8) Lorato lwa gagwe lo logolo lo ka se mo letle go dira ka tsela eo e e setlhogo.

Ipotse jaana, ‘A Modimo o tlhoka baengele ba ba oketsegileng kwa legodimong?’ Baebele ya re ditiro tsotlhe tsa Modimo di molemo e bile di itekanetse. (Duteronome 32:4) O bopile dimilione tsa baengele mme o dirile tiro eo ka botlalo e bile palo ya bone e ne e sa tlhaele. (Daniele 7:10) A go ka direga gore Modimo o ne a sa bala sentle palo ya baengele ba a neng a ba tlhoka? Ga go kgonege! Ruri Modimo Mothatayotlhe o ne a ka se dire phoso e e ntseng jalo. Ke boammaaruri gore Jehofa o ne a tlhopha batho bangwe gore e nne dibopiwa tsa semoya gore ba buse le Jesu Keresete kwa legodimong, mme e tla bo e se bana fa ba tlhokafala.—Tshenolo 5:9, 10.

Lebaka le lengwe la go bo Modimo a ka se tseye bana mo lefatsheng go ba dira baengele kwa legodimong ke gore seo se ne se ka se dumalane le boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong ka bana. Kwa tshimong ya Edene, Modimo o ne a raya Adame le Efa a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.” (Genesise 1:28) Bana ke dimpho tse di tswang kwa Modimong, mme o ne a dira gore batho ba kgone go nna le bana e le gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong jwa go tlatsa lefatshe ka lelapa la batho ba ba siameng. O ne a sa ikaelela gore bana ba swe ba bo ba fetolwa go nna dibopiwa tsa semoya. Baebele e bua ka tsela e e utlwalang sentle ka bana gore “ke boswa jo bo tswang kwa go Jehofa.” (Pesalema 127:3) A Jehofa, Modimo yo o lorato, a ka tseela batsadi mpho e a neng a e ba neile? Legoka!

Loso lwa ngwana lo lo neng lo sa lebelelwa lo a hutsafatsa e bile lo utlwisa botlhoko thata. Ka jalo, batsadi ba ba hutsafetseng ba na le tsholofelo efe? Baebele e solofetsa gore Modimo o tla tsosetsa dimilionemilione tsa batho mo paradaiseng e e tla nnang teng mo lefatsheng. Akanya bana—ba tsosiwa ka mebele e e itekanetseng—ba kopana gape le batho ba ba ba ratang. (Johane 5:28, 29) Ke thato ya Modimo gore bana ba gole, ba itumelele botshelo le gore ba ithute ka ene le ka boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe. Ka jalo, bana ba ba tlhokafetseng ga se baengele kwa legodimong mme ba letetse go tsosediwa mo lefatsheng la paradaise. Mo nakong eo, fa re tla bo re tlhokometswe ke Mmopi wa rona yo o lorato, bana le bagolo ba tla itumelela go obamela Jehofa Modimo ka bosakhutleng.