Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Tshwanelwa ke Gore Rotlhe re Mmake

Jehofa o Tshwanelwa ke Gore Rotlhe re Mmake

 Jehofa o Tshwanelwa ke Gore Rotlhe re Mmake

“Bakang Jah!”—PES. 111:1.

1, 2. Lefoko “Haleluja” le kaya eng, mme le dirisiwa jang mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika?

“HALELUJA!” Lefoko leo le dirisiwa thata mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete. Batho ba bangwe ba le dirisa ka metlha fa ba tlotla. Le fa go ntse jalo, ke ba se kae fela ba ba itseng bokao jwa lone jo bo boitshepo, mme bontsi jwa batho ba ba le dirisang ga ba tshele ka tsela e e tlotlang Modimo. (Tito 1:16) Dikishinare nngwe e e tlhalosang mafoko a Baebele ya re: “Haleluja ke lefoko le le dirisiwang ke bakwadi ba ba farologaneng ba dipesalema fa ba laletsa batho botlhe gore ba bake Jehofa mmogo le bone.” Tota e bile, baithuti ba le bantsi ba Baebele ba re “Haleluja” o raya “‘Bakang Jah,’ [ke gore] Jehofa.”

2 Go a utlwala go bo mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha lefoko le le mo go Pesalema 111:1 le ranolwa go twe: “Bakang Jah!” Lefoko leno ka Segerika le tlhaga makgetlho a le manè mo go Tshenolo 19:1-6 fa go itumeletswe go fedisiwa ga bodumedi jwa maaka. Fa seo se direga, baobamedi ba boammaaruri ba tla nna le lebaka le le kgethegileng la go dirisa lefoko “Haleluja” ka tlotlo.

Ditiro Tsa Gagwe Tse Dikgolo

3. Lebaka le legolo la go bo re kopana mmogo ka metlha ke lefe?

3 Motlhami wa Pesalema 111 o umaka mabaka a mantsi a go bo Jehofa a tshwanelwa thata ke gore rotlhe re mmake. Temana 1 ya re: “Ke tla baka Jehofa ka pelo ya me yotlhe mo setlhopheng se se atamalaneng thata sa ba ba thokgameng le mo phuthegong.” Basupi ba ga Jehofa gompieno ba ikutlwa fela jalo. Lebaka le legolo la go bo re kopana mmogo ka metlha kwa diphuthegong tsa rona le kwa dikopanong tse dikgolo, ke go baka Jehofa.

4. Batho ba ka batla jang ditiro tsa ga Jehofa?

4 “Ditiro tsa ga Jehofa di dikgolo, di batliwa ke botlhe ba ba di itumelelang.” (Pes. 111:2) Ela tlhoko mafoko a a reng “di batliwa.” Go ya ka buka nngwe, temana eno e ka raya batho ba ba “tlhatlhanyang thata” ka ditiro tsa Modimo “e bile ba di ithuta ka tlhoafalo.” Popo ya ga Jehofa e na le dilo tse dintsi tse di senolang boikaelelo jwa gagwe jo bo molemo. O beile letsatsi, lefatshe le ngwedi sentle mo mannong a tsone, di katologane ka selekanyo se se tshwanetseng, gore lefatshe la rona le thuthafale le bo le bone lesedi, bosigo le motshegare, le dipaka le metlha.

5. Fa batho ba ntse ba tlhaloganya lobopo, ba ile ba lemoga eng?

5 Baitsesaense ba lemogile dilo tse dintsi ka tsela e lefatshe le beilweng ka yone mo thulaganyong ya rona ya masedi a tlholego mmogo le modikologo, bogolo le bokete jwa ngwedi wa rona o mogolo. Tsela e masedi ano a tlholego a a kwa godimo a rulagantsweng ka yone le kafa a dirisanang ka teng e dira gore dipaka di kgone go fetofetoga ka metlha ka tsela e e kgatlhang. Gape go ithutilwe dilo tse dintsi malebana le kafa maatla a tlholego a rulagantsweng ka matsetseleko ka teng mo lobopong. Ke gone ka moo porofesa mongwe wa saense ya boenjeniri a neng a kwala jaana mo setlhogong se se reng “Lobopo lo lo Tlhamilweng ‘ka Matsetseleko’”: “Go motlhofo go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa baitsesaense ba le bantsi thata jaana ba ile ba fetola mogopolo wa bone mo dingwageng tse 30 tse di fetileng mme ba simolola go dumela gore motho o tlhoka tumelo e e seng kana ka sepe gore a dumele gore lobopo lo nnile teng ka kotsi fela. Fa re ntse re tlhaloganya lefatshe la rona le le dirilweng ka manontlhotlho, re bona bosupi jo bontsi jwa gore le na le motlhami yo o botlhale.”

6. O ikutlwa jang ka tsela e Modimo a dirileng motho ka yone?

6 Selo se sengwe se se gakgamatsang mo popong ke tsela e Modimo a re dirileng ka yone. (Pes. 139:14) Fa a ne a bopa batho, o ne a ba naya tlhaloganyo, mmele o o nang le dirwe tsotlhe tse di tlhokegang mmogo le bokgoni jwa go bereka. Ka sekai, Modimo o re neile bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go bua le go reetsa, mmogo le jwa go kwala le go bala. Batho ba le bantsi ba na le bokgoni joo. Gape o dirilwe ka tsela e e gakgamatsang le e e matsetseleko tota—mmele wa gago o kgona go ema o tlhamaletse. Ruri tsela e mmele wa gago o tlhamilweng ka yone le e o bopegileng ka yone le tsela e o kgonang go tsamaya le go dira dilo tse dingwe ka yone, e a gakgamatsa. Mo godimo ga moo, tsela e e gakgamatsang e ditshika di rulagantsweng ka yone e e dirang gore tlhaloganyo ya gago le ditemosi tsa gago di bereke sentle, e gaisa kgakala sengwe le sengwe se baitsesaense ba kileng ba se fitlhelela. Tota e bile, batho ba kgona go dira dilo, fela ka gonne ba neilwe tlhaloganyo le ditemosi. Tota le moenjeniri yo o thapisitsweng sentle le yo o nang le bokgoni o ne a ka se kgone go dira sepe se sentle le se se mosola jaaka menwana ya gago e e lesome, e e dirilweng ka tsela e e gakgamatsang. Ipotse jaana, ‘A go ne go ka kgonega gore batho ba take ditshwantsho tse dintle kana ba dire dilo fa ba ka bo ba sa dirise ka bothakga menwana e ba e neilweng ke Modimo?’

Ditiro Tse Dikgolo Tsa Modimo le Dinonofo Tsa Gagwe

7. Ke eng fa re tshwanetse go tsaya Baebele e le nngwe ya ditiro tse dikgolo tsa Modimo?

7 Ditiro tse dikgolo tsa ga Jehofa di akaretsa dilo tse dingwe tse di molemo tse a di diretseng batho, tse di tlhalosiwang mo Baebeleng. Buka eo ka boyone e dumalana ka tsela e e tlhomologileng. Ga e tshwane le buka epe e nngwe ka gonne e “tlhotlheleditswe ke Modimo e bile [e] tswela mosola mo go ruteng.” (2 Tim. 3:16) Ka sekai, buka ya ntlha ya Baebele, Genesise, e tlhalosa kafa Modimo a neng a fedisa boikepo ka teng mo lefatsheng mo metlheng ya ga Noa. Buka ya bobedi, Ekesodo, e bontsha kafa Jehofa a neng a bontsha ka teng gore ke ene Modimo ka go golola Baiseraele kwa bokgobeng kwa Egepeto. Go lebega mopesalema a ne a akantse ka ditiragalo tse di tshwanang le tseo fa a ne a tlhotlheletsega go bua jaana: “Tiro ya [ga Jehofa] ke seriti le bontlentle fela, mme tshiamo ya gagwe e eme ka bosaengkae. O diretse ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang segopotso. Jehofa o pelontle e bile o kutlwelobotlhoko.” (Pes. 111:3, 4) A ga o dumele gore tiro ya ga Jehofa e a e dirileng mo nakong e e fetileng, go akaretsa le e a e dirileng fa o ntse o tshela, ke segopotso sa “seriti le bontlentle” jwa gagwe?

8, 9. (a) Ditiro tsa Modimo di farologana jang le ditiro tse dintsi tsa batho? (b) Dingwe tsa dinonofo tsa Modimo tse o di ratang thata ke dife?

8 Ela tlhoko gore gape mopesalema o gatelela dinonofo tse di tlhomologileng tsa ga Jehofa, tse di jaaka tshiamo, bopelontle le kutlwelobotlhoko. Ga se gantsi batho ba ba leofileng ba tlhotlhelediwang ke tshiamo fa ba dira dilo. Gantsi ba dira dilo ba tlhotlhelediwa ke bopelotshetlha, lefufa le boikgogomoso. Seo se bonala sentle mo tseleng e batho ba dirang dibetsa tse di bolayang batho setlhogo ka teng gore ba bone madi le gore ba di dirise mo dintweng tse ba di tlhotlheletsang tse di sotlang le tse di tliseditseng batho ba bantsintsi ba ba se nang molato poifo e e seng kana ka sepe. Gape dilo tse dintsi tse batho ba di dirang di feletse ka gore bahumanegi ba ba gatelelwang ba sotlege. Sekai se batho ba bantsi ba ka se umakang ke sa kafa go ileng ga dirisiwa makgoba ka teng go aga dipiramiti (pyramids). Dipiramiti tseo di ne di dirisiwa thata e le mabitla a bo-Faro ba ba mabela. Gape, ga se fela gore dilo tse dintsi tse batho ba di dirang gompieno di a gatelela, mme gape di ‘senya lefatshe.’—Bala Tshenolo 11:18.

9 A bo seo se farologane jang le ditiro tsa ga Jehofa, tse ka metlha di theilweng mo go se se siameng! Ditiro tsa gagwe di akaretsa thulaganyo e e bontshang kutlwelobotlhoko e a e diretseng gore batho ba ba leofileng ba bone poloko. Fa Modimo a ne a re naya thekololo, o ne a ‘bontsha tshiamo ya gagwe.’ (Bar. 3:25, 26) Eleruri, “tshiamo ya gagwe e eme ka bosaengkae”! Modimo o bontshitse bopelontle mo tseleng e a ntseng a dirisana ka bopelotelele ka yone le batho ba ba leofileng. Ka dinako tse dingwe e bile o ne a dirisa lefoko “tsweetswee” fa a rapela batho gore ba tlogele ditiro tsa bone tse di sa siamang mme ba dire se se siameng.—Bala Esekiele 18:25.

O Diragatsa Ditsholofetso Tsa Gagwe

10. Jehofa o tlhomile sekao sefe sa go diragatsa ditsholofetso malebana le kgolagano e a neng a e dirile le Aborahame?

10 “O neile ba ba mmoifang dijo. O tla gakologelwa kgolagano ya gagwe ka bosakhutleng.” (Pes. 111:5) Fano go lebega mopesalema a ne a bua ka kgolagano e a neng a e dirile le Aborahame. Jehofa o ne a solofetsa gore o tla segofatsa losika lwa ga Aborahame a bo a re losika loo lo ne lo tla rua kgoro ya baba ba lone. (Gen. 22:17, 18; Pes. 105:8, 9) Fa ditsholofetso tseo di ne di diragadiwa lekgetlho la ntlha, losika lwa ga Aborahame e ne ya nna setšhaba sa Iseraele. Batho ba setšhaba seo ba ne ba sa bolo go ya botshwarwa kwa Egepeto, mme “Modimo [o ne] a gakologelwa kgolagano ya gagwe le Aborahame” a bo a ba golola. (Ekes. 2:24) Tsela e Jehofa a neng a dirisana le bone ka yone morago ga moo e bontsha kafa a leng pelotshweu ka teng. O ne a ba naya dijo tsa mmatota gore ba ikotle mo mmeleng mme a ba naya dijo tsa semoya gore ba otle ditlhaloganyo le dipelo tsa bone. (Dute. 6:1-3; 8:4; Neh. 9:21) Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela, gantsi batho ba setšhaba seo ba ne ba furalela Modimo, le fa a ne a ntse a ba romelela baporofeti gore ba ba rotloetse gore ba boele kwa go ene. Morago ga dingwaga di feta 1 500 Modimo a sena go golola Baiseraele kwa Egepeto, o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng. Bajuda ba bantsi ga ba a ka ba amogela Jesu mme ba ne ba dumela gore a bolawe. Go tswa foo Jehofa o ne a bopa setšhaba se sesha, sa semoya, “Iseraele wa Modimo.” Setšhaba seo mmogo le Keresete, ke sone losika lwa tshwantshetso lwa ga Aborahame, lo Jehofa a neng a boletse go sa le gale gore o tla lo dirisa go segofatsa batho.—Bagal. 3:16, 29; 6:16.

11. Jehofa o sa ntse a “gakologelwa kgolagano ya gagwe” le Aborahame jang?

11 Jehofa o sa ntse a “gakologelwa kgolagano ya gagwe” le masego a go solofeditsweng gore e tla a tlisa. Gompieno o re naya letlepu la dijo tsa semoya ka dipuo di feta 400. Gape o ntse a araba dithapelo tsa rona fa re kopa dilo tsa nama tse re di tlhokang, go dumalana le mafoko a a reng: “Re neye senkgwe sa rona sa letsatsi go ya ka se re se tlhokang mo letsatsing leo.”—Luke 11:3; Pes. 72:16, 17; Isa. 25:6-8.

Maatla a a Boitshegang a ga Jehofa

12. Iseraele wa bogologolo o ne a newa “boswa jwa ditšhaba” ka tsela efe?

12 “O boleletse batho ba gagwe maatla a ditiro tsa gagwe, ka go ba naya boswa jwa ditšhaba.” (Pes. 111:6) Tiragalo nngwe e e tlhomologileng mo ditiragalong tsa setšhaba sa Iseraele e mopesalema a ka tswang a ne a akantse ka yone ke go gololwa ga bone ka kgakgamatso kwa Egepeto. Fa kgabagare Jehofa a ne a letla Baiseraele go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ne ba kgona go fenya magosi a a kwa botlhaba le kwa bophirima jwa Noka ya Joredane. (Bala Nehemia 9:22-25.) Ee, Jehofa o ne a naya Baiseraele “boswa jwa ditšhaba.” A bo seo se ne se bontsha maatla a Modimo jang ne!

13, 14. (a) Mopesalema o ka tswa a ne a bua ka tiragalo efe e e amanang le Babelona e e bontshang maatla a Modimo? (b) Jehofa o dirile ditiro dife tse dingwe tse dikgolo tsa kgololo?

13 Le fa go ntse jalo, re itse sentle gore le fa Jehofa a ne a diretse Baiseraele dilo tse dintsi jalo, ga ba a ka ba mo tlotla, e bile ga ba a ka ba tlotla bagologolwane ba bone e bong Aborahame, Isake le Jakobe. Ba ne ba nna ba tsuologa go fitlha Modimo a dirisa Bababelona gore ba ba ntshe mo nageng ya bone ba ba ise botshwarwa. (2 Ditir. 36:15-17; Neh. 9:28-30) Fa e le gore jaaka baithuti bangwe ba Baebele ba bua, motlhami wa Pesalema 111 o tshedile ka nako ya fa Baiseraele ba sena go boa kwa botshwarong kwa Babelona, mopesalema yono o ne a na le lebaka le lengwe la go baka Jehofa ka gonne A ikanyega e bile a le maatla. Modimo o ne a bontsha dinonofo tseo ka go golola Bajuda kwa Babelona—mmuso o o neng o na le molao wa gore ga o golole batshwarwa.—Isa. 14:4, 17.

14 Dingwaga di ka nna 500 morago ga moo, Jehofa o ne a dirisa maatla a gagwe ka tsela e kgolo le go feta fa a ne a golola batho ba ba ikwatlhayang mo bokgobeng jwa boleo le loso. (Bar. 5:12) Seo se ne sa felela ka gore batho ba le 144 000 ba nne balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng. Ka 1919, Jehofa o ne a dirisa maatla a gagwe go golola masalela a batlodiwa bano mo botshwarong jwa bodumedi jwa maaka. Ba kgonne go dira dilo tse ba di dirileng mo motlheng ono wa bofelo fela ka gonne Modimo a ne a ba naya maatla. Fa ba ikanyega go ya losong, ba tla busa lefatshe le Jesu Keresete ba le kwa legodimong mme batho ba ba ikwatlhayang ba tla solegelwa molemo. (Tshen. 2:26, 27; 5:9, 10) Ba tla rua lefatshe ka botlalo go feta kafa Iseraele wa bogologolo a neng a le rua ka teng.—Math. 5:5.

Melaometheo e e Nnelang Ruri, E e Ka Ikanngwang

15, 16. (a) Dingwe tsa ditiro tsa diatla tsa Modimo ke dife? (b) Modimo o ne a naya Baiseraele ba bogologolo melao efe?

15 “Ditiro tsa diatla tsa gagwe ke boammaaruri le katlholo; ditaelo tsotlhe tse a di nayang di a ikanyega, di tshegeditswe sentle ka bosaengkae, ka bosakhutleng, di dirilwe ka boammaaruri le ka thokgamo.” (Pes. 111:7, 8) Dingwe tsa “ditiro tsa diatla tsa [ga Jehofa]” e ne e le dikwalelo tse pedi tsa leje tse Baiseraele ba neng ba kwaletswe melao ya botlhokwa e e lesome mo go tsone. (Ekes. 31:18) Melao eno, mmogo le ditao tse dingwe tsotlhe tse e neng ya nna karolo ya kgolagano ya Molao wa ga Moshe, di theilwe mo melaometheong e e nnelang ruri, e e ka ikanngwang.

16 Ka sekai, mongwe wa melao e e neng e kwadilwe mo dikwalelong tseo tsa leje o ne o re: “Nna Jehofa Modimo wa gago ke Modimo yo o batlang boineelo jo bo feletseng.” Gape molao oo wa re Jehofa o bontsha “bopelonomi jwa lorato mo kokomaneng ya bomakgolo a le lesome mo go ba ba [mo ratang] e bile ba boloka ditaolo tsa [gagwe].” Gape dikwalelo tseo tsa leje di ne di na le melaometheo e e molemo e e jaaka “tlotla rrago le mmago” le “o se ka wa utswa,” mmogo le molao o o bontshang go nna le temogo e e tseneletseng o o neng o thibela go eletsa dilo tsa batho ba bangwe.—Ekes. 20:5, 6, 12, 15, 17.

Mogolodi wa Rona yo o Boitshepo, yo o Boitshegang

17. Baiseraele ba ne ba na le mabaka afe a a neng a tshwanetse go dira gore ba tseye leina la Modimo le le boitshepo?

17 “O rometse kgololo kwa bathong ba gagwe. O laotse kgolagano ya gagwe ka bosakhutleng. Leina la gagwe le boitshepo e bile le a boitshega.” (Pes. 111:9) Le fano mopesalema a ka tswa a ne a akantse kafa Jehofa a neng a diragatsa ka teng tsholofetso ya kgolagano e a neng a e dirile le Aborahame. Go dumalana le tsholofetso eo, Jehofa ga a ka a latlha batho ba gagwe lekgetlho la ntlha fa e ne e le makgoba kwa Egepeto wa bogologolo, le moragonyana fa e ne e le batshwarwa kwa Babelona. Mo makgetlhong ao oomabedi, Modimo o ne a golola batho ba gagwe. Mabaka ao a mabedi ka boone fela a ne a tshwanetse go dira gore Baiseraele ba tseye leina la Modimo le le boitshepo.—Bala Ekesodo 20:7; Baroma 2:23, 24.

18. Ke eng fa o tsaya go bidiwa ka leina la Modimo e le tshiamelo?

18 Go ntse fela jalo le ka Bakeresete gompieno, ba ba golotsweng mo boemong jo bo se nang tsholofelo jwa go nna makgoba a boleo le loso. Re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go tshela go dumalana le kopo eno ya ntlha e e mo thapelong ya sekao: “A leina la gago le itshepisiwe.” (Math. 6:9) Go tlhatlhanya ka leina leo le le galalelang go tshwanetse ga dira gore re boife Modimo. Mokwadi wa Pesalema 111 o ne a leba go boifa Modimo ka tsela e e tshwanetseng, ka gonne o ne a re: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale. Botlhe ba ba di dirang [ba ba latelang melao ya gagwe] ba na le temogo e e molemo.”Pes. 111:10.

19. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Go boifa Modimo ka tsela e e tshwanetseng go tla re thusa go tlhoa se se bosula. Gape go tla re thusa go etsa dinonofo tse di molemo tsa Modimo tse go buiwang ka tsone mo go Pesalema 112 tse re tla tlotlang ka tsone mo setlhogong  se se latelang. Pesalema eo e tlhalosa se re ka se dirang gore re tshwanelege go nna bangwe ba batho ba bantsintsi ba ba tla itumelelang go baka Modimo ka bosakhutleng. Ruri o tshwanelwa ke go bakwa. “Pako ya gagwe e eme ka bosaengkae.”Pes. 111:10.

Dipotso Tse o ka Tlhatlhanyang ka Tsone

• Ke eng fa Jehofa a tshwanelwa ke gore rotlhe re mmake?

• Ditiro tsa ga Jehofa di senola dinonofo dife tsa gagwe?

• O leba jang tshiamelo ya go bidiwa ka leina la Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Lebaka le legolo la go bo re kopana mmogo ka metlha ke go baka Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Melao yotlhe ya ga Jehofa e theilwe mo melaometheong e e nnelang ruri, e e ka ikanngwang