Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basiami ba Tla Baka Modimo ka Bosaengkae

Basiami ba Tla Baka Modimo ka Bosaengkae

Basiami ba Tla Baka Modimo ka Bosaengkae

“Yo o siameng o tla gopolwa . . . Tshiamo ya gagwe e eme ka bosaengkae.”—PES. 112:6, 9.

1. (a) Batho botlhe ba Modimo a ba tsayang ba siame ba tlile go bona isagwe efe e e itumedisang? (b) Go tsoga potso efe?

RURI batho botlhe ba Modimo a ba tsayang ba siame ba tlile go bona isagwe e e molemolemo! Ba tla itumelela go ithuta ka dinonofo tse dingwe tse di molemo tsa ga Jehofa ka bosakhutleng. Dipelo tsa bone di tlala ka pako fa ba ntse ba ithuta ka dilo tse Modimo a di bopileng. Gore motho a bone isagwe eo e e itumedisang, go tlhokega gore a bo a ‘siame,’ jaaka go gatelelwa mo go Pesalema 112. A mme Modimo yo o boitshepo le yo o siameng, Jehofa, a ka tsaya batho ba ba nang le boleo ba siame? Le fa re ka leka go le kana kang go dira se se siameng, re dira diphoso, e bile ka dinako tse dingwe re dira tse di masisi.—Bar. 3:23; Jak. 3:2.

2. Jehofa ka lorato o dirile dikgakgamatso dife tse pedi?

2 Jehofa ka lorato o ne a direla batho ba ba leofileng thulaganyo ya gore a kgone go ba tsaya ba siame. O ne a dira seo jang? Sa ntlha, o ne a dira kgakgamatso fa a ne a fudusetsa botshelo jwa Morwawe yo a mo ratang mo popelong ya kgarebane gore a tle a tsholwe e le motho yo o se nang boleo. (Luke 1:30-35) Go tswa foo, fa baba ba ga Jesu ba sena go mmolaya, Jehofa o ne a dira kgakgamatso e nngwe gape e kgolo. O ne a tsosa Jesu mme a dira gore a tshele e le sebopiwa se se galalelang sa moya.—1 Pet. 3:18.

3. Ke eng fa Modimo a ne a itumelela go naya Morwawe botshelo kwa legodimong?

3 Jehofa o ne a naya Jesu sengwe se a neng a se na sone pele ga a tla go tshela e le motho—botshelo jwa bosasweng kwa legodimong. (Baheb. 7:15-17, 28) Jehofa o ne a itumelela go dira seno ka gonne Jesu o ne a ile a ikanyega ka botlalo fa a ne a lekwa botlhoko. Ka go ikanyega jalo, Jesu o ne a naya Rraagwe karabo e e feletseng, e e di gaisang tsotlhe e e arabang maaka a ga Satane a gore batho ba direla Modimo ka maitlhomo a bopelotshetlha, mme e seng ka gonne ba mo rata tota.—Dia. 27:11.

4. (a) Fa Jesu a sena go boela kwa legodimong, o ne a re direla eng, mme Jehofa ene o ne a dira eng? (b) O ikutlwa jang ka se Jehofa le Jesu ba se go diretseng?

4 Jesu o ne a dira dilo tse dingwe fa a le kwa legodimong. O ne a re ‘bonalela fa pele ga Modimo ka namana’ ka boleng jwa “madi a gagwe.” Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong ka bopelonomi o ne a amogela setlhabelo sa ga Jesu se se tlhwatlhwakgolo e le “setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona.” Ka jalo, re ka ‘direla Modimo yo o tshelang tirelo e e boitshepo’ ka ‘digakolodi tse di ntlafaditsweng.’ Leo ke lebaka le le utlwalang la go bo re ka dumalana le mafoko a a simololang a Pesalema 112, a a reng: “Bakang Jah”!Baheb. 9:12-14, 24; 1 Joh. 2:2.

5. (a) Re tshwanetse go dira eng gore Modimo a tswelele a re tsaya re le batho ba ba siameng? (b) Pesalema 111 le Pesalema 112 di rulagantswe jang?

5 Gore Modimo a tswelele a re tsaya re le batho ba ba siameng, re tshwanetse go tswelela re na le tumelo mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu. Ga go a tshwanela go feta letsatsi lepe re sa lebogela Jehofa go bo a re rata thata jaana. (Joh. 3:16) Gape re tshwanetse go nna re ithuta Lefoko la Modimo le go dira sotlhe se re ka se kgonang go tshela go dumalana le se le se buang. Pesalema 112 e tsholetse botlhe ba ba batlang go nna le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo kgakololo e e molemo. Mafoko a pesalema eno a tsamaisana le a Pesalema 111. Dipesalema tseno tsoopedi di simolola ka mafoko a a reng “Bakang Jah!” kana “Haleluja!” mme a latelwa ke mela e le 22, mola mongwe le mongwe o simolola ka nngwe ya ditlhaka tse 22 tsa alefabete ya Sehebera. *

Lebaka la go Itumela

6. “Motho” yo o boifang Modimo yo o tlhalosiwang mo go Pesalema 112 o segofadiwa jang?

6 “Go itumela motho yo o boifang Jehofa, yo o itumedisiwang thata ke ditaelo tsa gagwe. Bana ba gagwe ba tla nna maatla mo lefatsheng. Fa e le kokomana ya ba ba thokgameng, e tla segofadiwa.” (Pes. 112:1, 2) Ela tlhoko gore sa ntlha mopesalema o bua ka “motho” a le mongwe fela mme go tswa foo o dirisa bontsi fa a bua ka “ba ba thokgameng” kwa bofelong jwa temana 2. Seno se bontsha gore Pesalema 112 e ka tswa e bua ka setlhopha sa batho ba bantsi. Go dumalana le seo, moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go dirisa mafoko a Pesalema 112:9 fa a ne a bua ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (Bala 2 Bakorintha 9:8, 9.) A bo pesalema eno e bontsha sentle kafa balatedi ba ga Keresete mo lefatsheng gompieno ba ka itumelang ka teng!

7. Ke eng fa batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go mmoifa ka tsela e e tshwanetseng, mme wena o tshwanetse go ikutlwa jang ka ditaelo tsa Modimo?

7 Jaaka Pesalema 112:1 e bontsha, Bakeresete bano ba boammaaruri ba itumela thata fa ba ntse ba ‘boifa Jehofa.’ Go nna le poifo e e tshwanetseng jalo ya go boifa go utlwisa Modimo botlhoko go ba thusa go lwantsha moya wa lefatshe la ga Satane. Ba ‘itumedisiwa thata’ ke go ithuta Lefoko la Modimo le go ikobela ditaelo tsa gagwe. Nngwe ya ditaelo tseo ke taelo ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Ba leka go dira batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa fa ba ntse ba tlhagisa baikepi ka letsatsi la Modimo le le tlang la katlholo.—Esek. 3:17, 18; Math. 28:19, 20.

8. (a) Ke maduo afe a batho ba Modimo ba ba ineetseng gompieno ba a boneng ka ntlha ya tlhagafalo ya bone? (b) Batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tlile go segofadiwa jang mo isagweng?

8 Ka gonne batlhanka ba Modimo ba ikobela ditaelo tseo, ba batlile ba tshwara dimilione di le supa mo lefatsheng lotlhe gompieno. Ke mang yo o ka ganetsang gore batho ba gagwe ba “maatla mo lefatsheng”? (Joh. 10:16; Tshen. 7:9, 14) Mme ba sa ntse ba tla “segofadiwa” thata fa Modimo a diragatsa maikaelelo a gagwe! Jaaka setlhopha, batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tla falola ‘pitlagano e kgolo’ e e tlang mme ba tla nna karolo ya “lefatshe le lesha” le go tla nnang ‘tshiamo mo go lone.’ Fa nako e ntse e ya, batho ba ba falotseng Haramagedona ba “tla segofadiwa” le go feta. Ba tla bo ba ipaakanyeditse go amogela dimilione tsa batho ba ba tsositsweng. Eno ke tsholofelo e e itumedisang tota! Kgabagare, ba ba “itumedisiwang thata” ke ditaelo tsa Modimo ba tla itekanedisiwa mme ba tla itumelela “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo” ka bosaengkae.—2 Pet. 3:13; Bar. 8:21.

Go Dirisa Dikhumo ka Tsela e e Botlhale

9, 10. Bakeresete ba boammaaruri ba dirisitse jang dikhumo tsa bone tsa semoya, mme tshiamo ya bone e tla ema jang ka bosaengkae?

9 “Dilo tse di tlhwatlhwakgolo le dikhumo di mo ntlong ya gagwe; mme tshiamo ya gagwe e eme ka bosaengkae. Ene o phatsimile mo lefifing jaaka lesedi mo go ba ba thokgameng. O pelontle mme o kutlwelobotlhoko e bile o tshiamo.” (Pes. 112:3, 4) Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, batlhanka bangwe ba Modimo ba ne ba itsege e le bahumi. Mme batho ba Modimo a ba amogelang ba huma tota, le fa e se ka tsela ya mmatota. Boammaaruri ke gore bontsi jwa batho ba ba tlhophang go ikokobetsa fa pele ga Modimo ba ka tswa ba humanegile e bile ba nyadiwa jaaka go ne go ntse mo motlheng wa ga Jesu. (Luke 4:18; 7:22; Joh. 7:49) Mme motho a ka kgona go huma semoyeng le fa e ka tswa e le mohumi kana e le mohumanegi.—Math. 6:20; 1 Tim. 6:18, 19; bala Jakobe 2:5.

10 Bakeresete ba ba tloditsweng, mmogo le badirimmogo le bone, ba abela ba bangwe mahumo a bone a semoya. Ba “phatsimile” mo lefatsheng le le lefifi la ga Satane e le “lesedi mo go ba ba thokgameng.” Ba dira jalo ka go thusa ba bangwe gore ba solegelwe molemo ke matlotlo a semoya a botlhale le kitso ya Modimo. Baganetsi ba lekile go emisa tiro ya go rera ka Bogosi mme ba paletswe. Le fa go ntse jalo, maduo a tiro eno e e siameng a tla ‘ema ka bosaengkae.’ Fa batlhanka ba Modimo ba itshoka mo tseleng ya tshiamo, ba ka tlhomamisega gore ba tla tshelela ruri, ba tla ‘ema ka bosaengkae.’

11, 12. Batho ba Modimo ba dirisa dikhumo tsa bone ka ditsela dife tse dingwe?

11 Batho ba Modimo, setlhopha sa motlhanka sa batlodiwa mmogo le ba “boidiidi jo bogolo,” ba bontshitse gore ba pelotshweu ka dikhumo tsa bone. Pesalema 112:9 ya re: “O abile ka bophara; o neile bahumanegi.” Gantsi Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba thusa Bakeresete mmogo le bone le baagelani ba ba tlhokang thuso ka dilo tse ba di tlhokang. Gape ba dirisa madi le dithoto tsa bone go thusa mo matsholong a namolo fa go nnile le dikotsi tsa masetlapelo. Jaaka Jesu a buile, le seo se a ba itumedisa.—Bala Ditiro 20:35; 2 Bakorintha 9:7.

12 Gape akanya ka madi a a dirisiwang go gatisa makasine ono ka dipuo di le 172, tse bontsi jwa tsone di buiwang ke batho ba ba humanegileng. Akanyetsa gape le ntlha ya gore makasine ono o dirwa ka dipuo tse di farologaneng tsa diatla tse di dirisiwang ke batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng mme gape o gatisiwa ka Mokwalo wa Difofu.

O Pelontle e Bile o Dirisa Tshiamiso

13. Ke bomang ba ba re tlhometseng dikao tse di molemolemo tsa go aba ka bopelontle, mme re ka ba etsa jang?

13 “Motho yo o pelontle le yo o adimang ba bangwe o molemo.” (Pes. 112:5) O ka tswa o lemogile gore ga se ka metlha batho ba ba thusang ba bangwe ba leng pelontle. Bangwe ba aba gore ba itshupe kgotsa ba aba ka dipelo tse di sa phuthologang. Ga go monate go thusiwa ke motho yo o dirang gore o ikutlwe o nyatsega kana o ikutlwe o le morwalo. Mme kafa letlhakoreng le lengwe go thusiwa ke motho yo o pelontle go itumedisa tota. Jehofa ke sekao se se molemo go di gaisa tsotlhe sa motho yo o abang ka bopelontle, yo o itumetseng. (1 Tim. 1:11; Jak. 1:5, 17) Jesu Keresete o ne a etsa sekao sa ga Rraagwe sa bopelontle ka botlalo. (Mar. 1:40-42) Ka jalo, fa re batla gore Modimo a re tseye re siame, re tshwanetse go aba ka boitumelo le ka bopelontle, segolobogolo fa re le mo tirelong ya tshimo re thusa baagelani ba rona go itse Modimo.

14. Dingwe tsa ditsela tse re ka ‘tshegetsang ditiro tsa rona ka tshiamiso’ ka tsone ke dife?

14 “O tshegetsa ditiro tsa gagwe ka tshiamiso.” (Pes. 112:5) Jaaka go boletswe e sa le pele, setlhopha sa molebedi yo o boikanyego se tlhokometse dilo tsa Mong go dumalana le tshiamiso ya ga Jehofa. (Bala Luke 12:42-44.) Seno se bonala mo kaelong ya Dikwalo e e newang bagolwane, ba ka dinako tse dingwe ba tshwarang dikgetsi tsa boleo jo bo masisi mo phuthegong. Tsela e e bontshang tshiamiso e setlhopha sa motlhanka se dirang dilo ka yone gape e bonala mo kaelong e e theilweng mo Baebeleng e se e nayang malebana le kafa dilo di tshwanetseng go dirwa ka teng mo diphuthegong tsotlhe, mo magaeng a barongwa, le mo magaeng a Bethele. Ga se bagolwane fela ba tshwanetseng go dira dilo ka tshiamiso mme le Bakeresete ba bangwe ba tshwanetse go dira jalo fa ba dirisana le Bakeresete mmogo le bone le fa ba dirisana le batho ba ba sa dumeleng, go akaretsa le mo dikgannyeng tsa kgwebo.—Bala Mika 6:8, 11.

Ba ba Siameng ba a Segofadiwa

15, 16. (a) Dikgang tse di bosula tsa lefatshe di ama basiami jang? (b) Batlhanka ba Modimo ba ititeile sehuba go tswelela ba dira eng?

15 “Gonne ga a kitla a reketlisiwa ka nako epe. Yo o siameng o tla gopolwa ka bosakhutleng. Ga a kitla a boifa le tsone dikgang tse di bosula. Pelo ya gagwe e nitame, e dirilwe gore e ikanye Jehofa. Pelo ya gagwe ga e ka ke ya tshikinngwa; ga a kitla a boifa, go fitlha a leba baba ba gagwe.” (Pes. 112:6-8) Ga go ise go ke go tsamaye go nne le dikgang tse dintsi tse di bosula jaana mo hisitoring, tse di akaretsang dintwa, borukutlhi, malwetse a masha le a bogologolo a a boang gape, bokebekwa, lehuma le kgotlelo e e senyang. Batho ba Modimo a ba tsayang ba siame le bone ba amiwa ke dikgang tseno tse di bosula, mme ga di ba tsenye poifo e e nyemisang mooko. Go na le moo, dipelo tsa bone di “nitame” e bile ‘ga di ka ke tsa tshikinngwa’ fa ba ntse ba lebile kwa isagweng ba na le tsholofelo, ba itse gore lefatshe le lesha la Modimo la tshiamo le gaufi. Fa ba welwa ke mathata, ba kgona go a itshokela botoka ka gonne ba ikaega ka Jehofa gore a ba thuse. Ga a ke a letla basiami ba gagwe gore ba ‘reketlisiwe’—o a ba thusa e bile o ba naya nonofo ya gore ba itshoke.—Bafil. 4:13.

16 Gape basiami ba Modimo ba tshwanetse go itshokela letlhoo le maaka a a anamisiwang ke baganetsi, mme dilo tseno di paletswe ke go thibela Bakeresete ba boammaaruri gore ba emise go rera, e bile di tlile go tswelela di palelwa. Batlhanka ba Modimo ba ntse ba tsweletse ba nitame e bile ba sa reketle mo tirong e Jehofa a e ba neileng ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le go dira gore batho botlhe ba ba amogelang molaetsa e nne barutwa. Kwantle ga pelaelo basiami ba tla ganediwa le go feta fa bokhutlo bo ntse bo atamela. Letlhoo leo le tla felela ka tlhaselo ya lefatshe lotlhe ya ga Satane Diabolo, e le Gogo wa Magogo. Mme la bofelo, re tla ‘leba baba ba rona’ fa ba tla bo ba fenngwa gotlhelele. A bo go tla itumedisa jang ne go bona leina la ga Jehofa le itshepisiwa ka botlalo!—Esek. 38:18, 22, 23.

Ba “Godisiwa ka Kgalalelo”

17. Mosiami o “tla godisiwa ka kgalalelo” jang?

17 A bo go tla itumedisa jang ne gore rotlhe re bake Jehofa re sa ganediwe ke Diabolo le lefatshe la gagwe! Botlhe ba ba tswelelang ba na le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo ba tla itumelela go dira jalo ka bosakhutleng. Ba ka se fenngwe ka tsela ya matlhabisaditlhong, ka gonne Jehofa gape o solofetsa gore “lonaka” lwa mosiami wa gagwe “lo tla godisiwa ka kgalalelo.” (Pes. 112:9) Mosiami wa ga Jehofa o tla itumela thata fa a bona baba botlhe ba bolaodi jwa ga Jehofa ba fenngwa.

18. Mafoko a a konelang Pesalema 112 a tla diragadiwa jang?

18 “Moikepi o tla bona mme ruri o tla tshwenyega. O tla huranya meno a gagwe a bo a gakologe. Keletso ya baikepi e tla nyelela.” (Pes. 112:10) Go ise go ye kae batho botlhe ba ba tswelelang ba ganetsa batho ba Modimo ba tla ‘gakologa’ mo lefufeng la bone le mo letlhoong la bone. Keletso ya bone ya gore tiro ya rona e eme e tla nyelela le bone mo ‘pitlaganong e kgolo’ e e tlang.—Math. 24:21.

19. Re ka tlhomamisega ka eng?

19 A o tla nna mongwe wa bafalodi ba ba itumetseng ba phenyo eo e kgolo? Kana fa go ka direga gore o swe ka ntlha ya bolwetse kana botsofe pele ga lefatshe la ga Satane le fedisiwa, a o tla nna mongwe wa “ba ba siameng” ba ba tla tsosiwang? (Dit. 24:15) O ka nna mongwe wa bone fa o ka tswelela o na le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo mme o etsa Jehofa, jaaka batho ba ba emelwang ke “motho” yo o siameng yo o tlhalosiwang mo go Pesalema 112 ba dira. (Bala Baefeso 5:1, 2.) Jehofa o tla tlhomamisa gore batho ba ba ntseng jalo ba tla nna ba “gopolwa” mme ba ka se lebalwe le ka motlha mme le ditiro tsa bone tse di siameng di ka se tlhokomologiwe. Jehofa o tla nna a ba gakologelwa e bile a ba rata ka bosakhutleng le ka bosaengkae.—Pes. 112:3, 6, 9.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Dipesalema tseno tse pedi di tsamaisana ka tsela e di kwadilweng ka yone le ka mafoko a tsone. “Motho” yo o boifang Modimo yo go buiwang ka ene mo go Pesalema 112 o etsa dinonofo tsa Modimo tse di bakiwang mo go Pesalema 111, jaaka o ka bona seo fa o bapisa Pesalema 111:3, 4 le Pesalema 112:3, 4.

Dipotso Tse o ka Tlhatlhanyang ka Tsone

• Mangwe a mabaka a a ka re tlhotlheletsang go goela kwa godimo re re “Haleluja” ke afe?

• Ke eng se se diragalang mo motlheng wa gompieno se se dirang gore Bakeresete ba boammaaruri ba itumele thata jaana?

• Jehofa o rata motho yo o abang ka tsela efe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Gore re nne re na le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo, re tshwanetse go nna le tumelo mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Meneelo e e ntshiwang ka go rata e ka thusa mo tirong ya namolo le mo go anamiseng dibuka tse di theilweng mo Baebeleng