Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsalwa Sesha—Go Botlhokwa go le Kana Kang?

Go Tsalwa Sesha—Go Botlhokwa go le Kana Kang?

Go Tsalwa Sesha—Go Botlhokwa go le Kana Kang?

FA Jesu a ne a tlotla le Nikodemo, o ne a gatelela gore go tsalwa sesha kgotsa go tsalwa gape go botlhokwa thata. O ne a dira seo jang?

Ela tlhoko kafa Jesu a gatelelang botlhokwa jwa go tsalwa sesha ka gone fa a tlotla le Nikodemo. O ne a re: “Fa motho a sa tsalwe gape, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.” (Johane 3:3) Mafoko a a reng “fa” le “ga a ka ke” a gatelela botlhokwa jwa go tsalwa sesha. Ka sekai: Fa motho a re, “Fa letsatsi le sa tlhabe ga go ka ke ga nna le lesedi,” o raya gore letsatsi le botlhokwa gore go nne le lesedi. Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a re go botlhokwa gore motho a tsalwe gape gore a bone Bogosi jwa Modimo.

La bofelo Jesu o ne a tlosa dipelaelo dipe tse di neng di ka nna teng ka kgang eno, ka gore: “Lo tshwanetse go tsalwa gape.” (Johane 3:7) Go bonala sentle gore go ya ka Jesu go tsalwa gape ke selo se se tlhokegang—se se tshwanetseng—gore motho a ‘tsene mo bogosing jwa Modimo.’—Johane 3:5.

E re ka Jesu a ne a tsaya go tsalwa sesha e le selo sa botlhokwa thata jaana, Bakeresete ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba tlhaloganya kgang eno sentle. Ka sekai, a o akanya gore Mokeresete a ka itlhophela go tsalwa gape?

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

“Fa letsatsi le sa tlhabe ga go ka ke ga nna le lesedi”