Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tla Busa Setlhopha se Sennye, Mme Batho ba Bantsi ba Tla Solegelwa Molemo

Go Tla Busa Setlhopha se Sennye, Mme Batho ba Bantsi ba Tla Solegelwa Molemo

Go Tla Busa Setlhopha se Sennye, Mme Batho ba Bantsi ba Tla Solegelwa Molemo

FA E sa le mo motlheng wa baaposetoloi, Modimo o ntse a tlhopha palo e e rileng ya Bakeresete ba ba ikanyegang go tswa mo bathong, a ba amogela go nna barwa ba gagwe. Phetogo e barwa bano ba nnang le yone e dirwa ka botlalo mo e leng gore Lefoko la Modimo le e tlhalosa e le go tsalwa sesha. Boikaelelo jwa go tsalwa sesha ke go baakanyetsa batlhanka bano ba Modimo ba ba tsetsweng sesha go busa kwa legodimong. (2 Timotheo 2:12) Gore e nne babusi, ba tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong. (Baroma 6:3-5) “Ba tla busa lefatshe e le dikgosi” mmogo le Keresete kwa legodimong.—Tshenolo 5:10; 11:15.

Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le tlhalosa gape gore batho ba bangwe kwantle ga ba ba tsetsweng sesha, ba tla bona poloko ya bosakhutleng. Baebele (mo Dikwalong Tsa Sehebera le mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika) ya re Modimo o tla boloka ditlhopha tse pedi tsa batho—setlhopha se sennye sa babusi ba ba nnang kwa legodimong le setlhopha se segolo sa batho ba ba tla busiwang mo lefatsheng. Ka sekai, ela tlhoko se moaposetoloi Johane a neng a se kwalela badumedikaene ba ba neng ba tsetswe sesha. O ne a bua jaana ka Jesu: “Ene ke setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona, le fa go ntse jalo e seng sa a rona [setlhopha se sennye] fela mme le sa a lefatshe lotlhe [setlhopha se segolo].”—1 Johane 2:2.

Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Go lebelela ka tlhoafalo ga popo [setlhopha se segolo] go letetse go senolwa ga bana ba Modimo [setlhopha se sennye].” (Baroma 8:19-21) Mafoko ano a ga moaposetoloi Johane le Paulo a tshwanetse go tlhaloganngwa jang? Ka tsela eno: Ba ba tsetsweng sesha ba tla nna karolo ya puso ya kwa legodimong. Ka boikaelelo bofe? Go tlisetsa dimilione tsa batho ba ba tla bong ba nna mo lefatsheng ba ba tla busiwang ke puso ya Modimo melemo e e tla nnelang ruri. Ka jalo, Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”Mathaio 6:10.

Mme gape Dikwalo Tsa Sehebera di bua ka ditlhopha tse pedi tse di tla bolokwang. Ka sekai, ela tlhoko se Jehofa a neng a se bolelela rraagwemogologolwane wa ga Jesu e bong Aborahame: “Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe [setlhopha se segolo] di tla itshegofatsa ka losika lwa gago [setlhopha se sennye].” (Genesise 22:18) Ee, ditšhaba tsotlhe di ne di tla segofala ka “losika” lwa ga Aborahame.

“Losika” lono ke mang? Ke Jesu Keresete mmogo le ba ba tsetsweng sesha, e bong barwa ba Modimo a ba amogetseng. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “Fa lo le ba ga Keresete, tota lo losika lwa ga Aborahame.” (Bagalatia 3:16, 29) Mme masego a a tlisiwang ke “losika” lono a a tlelang batho ba ditšhaba tsotlhe ke afe? Tshiamelo ya go amogelwa ke Modimo le go itumelela botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise. Mopesalema Dafide o ne a bolelela pele jaana: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29; Isaia 45:18; Tshenolo 21:1-5.

Eleruri, go busa kwa legodimong go beetswe batho bangwe, mme melemo e e tla tlisiwang ke puso ya kwa legodimong—botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng le masego otlhe a jone—e tla bonwa ke batho ba bantsi. E kete wena le ba lelapa la gago lo ka nna bangwe ba batho ba ba tla bonang melemo e e nnelang ruri e e tla tlisiwang ke Bogosi jwa Modimo.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Dimilione tsa batho di tla segofadiwa ka botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng. A o tla nna mongwe wa bone?