Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bitsa Jehofa “Aba, Rra” fa a ne a mo rapela?

Lefoko la Searamaika ʼab·baʼʹ le ka kaya “rra” kgotsa “Wena Rara.” Mo lekgetlong lengwe le lengwe mo go a le mararo a lefoko leno le tlhagang mo Dikwalong ka lone, le dirisiwa fa go rapelwa mme le lebisitswe kwa go Rre yo o kwa legodimong e bong Jehofa. Lefoko leno le kayang?

The International Standard Bible Encyclopedia e bolela jaana: “Fa go ne go tlotliwa mo motlheng wa ga Jesu, lefoko leno ʼabbāʼ le ne le dirisiwa go bontsha botsalano jo bogolo e bile le dirisiwa ke bana go bontsha gore ba tlotla borraabone.” E ne e le tsela e e rategang e motho a neng a bua le rraagwe ka yone e bile e le mafoko a ntlha a ngwana a neng a ithuta go a bua. Jesu o ne a dirisa lefoko leno segolobogolo fa a ne a rapela Rraagwe ka tlhoafalo. Kwa tshimong ya Gethesemane, diura di se kae fela pele Jesu a swa, o ne a bitsa Jehofa ka mafoko a a reng “Aba, Rra” fa a rapela.—Mareko 14:36.

Saetlopedia e go builweng ka yone fa godimo e tswelela ka go re: “E re ka go ne go sa tlwaelega go dirisa leina ʼAbbāʼ mo dibukeng tsa Bajuda tsa mo motlheng wa Bagerika le Baroma fa go buiwa ka Modimo, go ne go lebega e le go tlhoka tlotlo go bua le Modimo ka tsela eno e e neng e tlwaelegile.” Le fa go ntse jalo, “go dirisa ga ga Jesu lefoko leno fa a rapela ke sesupo sa gore o ne a na le kamano e e gaufi thata le Modimo.” Go tlhaga ga lefoko leno “Aba” mo ditemaneng tse dingwe tse pedi—tse ka bobedi jwa tsone di kwadilweng ke moaposetoloi Paulo—go bontsha gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba le dirisa fa ba rapela.—Baroma 8:15; Bagalatia 4:6.

Ke ka ntlha yang fa karolo nngwe ya Baebele e kwadilwe ka Segerika?

Moaposetoloi Paulo o ne a re Bajuda ba ne ba “neilwe ditaelo tse di boitshepo tsa Modimo.” (Baroma 3:1, 2) Ka lebaka leo, karolo ya ntlha ya Baebele e ile ya kwalwa ka Sehebera, e leng puo ya Bajuda. Le fa go ntse jalo, Dikwalo Tsa Bokeresete di ne tsa kwalwa ka Segerika. * Ke ka ntlha yang fa di ile tsa kwalwa ka Segerika e seng Sehebera?

Mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E., masole a a neng a le ka fa tlase ga Alexander yo Mogolo a ne a bua dipuo tse di sa tshwaneng tsa Segerika sa bogologolo, tse di neng di tla tlhakanngwa go bopa puo ya Se-Koine kgotsa Segerika se se tlwaelegileng. Diphenyo tsa ga Alexander di ne tsa thusa gore Se-Koine e nne puo ya letsatsi le letsatsi e e neng e buiwa mo motlheng oo. Ka nako ya diphenyo tseo, Bajuda ba ne ba gasame mo mafelong otlhe a a kwa ntle ga Palesetina. Bajuda ba ne ba isitswe botshwarwa ka 607 B.C.E., mme fa ba ne ba gololwa, bontsi jwa bone ga bo a ka jwa boela kwa Palesetina. Ka lebaka leo, fa nako e ntse e ya Bajuda ba le bantsi ba ne ba sa itse go bua Sehebera se se phepa mme ba ne ba bua Segerika. (Ditiro 6:1) E le gore ba thusiwe, go ne ga ranolelwa Dikwalo Tsa Sehebera mo Septuagint, Se-Koine kgotsa Segerika se se tlwaelegileng.

Dictionnaire de la Bible e tlhalosa gore “Segerika se ne se na le mafoko a a farologaneng, se ne se itsege bonolo e bile se kgatlhegelwa ke batho ba ditso tse di farologaneng.” E re ka Segerika se ne se na le mafoko a mantsintsi, tshedimosetso e ntsi ya thutapuo le madiri a a tlhalosang sentle bokao jwa mafoko mangwe, “se ne se dirisiwa gotlhe e bile se tlhaloganngwa ke batho botlhe mo mmusomogolong wa nako eo mme go ne go tshwanela gore go ka dirisiwa sone go anamisa sentle tshedimosetso mo bathong botlhe—e leng yone puo e tota e neng e tlhokwa ke Bokeresete.” A ga go utlwale go bo karolo nngwe ya Baebele e kwadilwe ka Segerika?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Dikarolo tse dikhutshwane tsa Dikwalo Tsa Sehebera di ne tsa kwalwa ka Searamaika. Go lebega Efangele ya Mathaio e ne e kwadilwe ka Sehebera fa e ne e kwalwa lekgetlo la ntlha mme morago ga moo e ka tswa e ile ya ranolelwa mo Segerikeng ke Mathaio ka boene.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Kapetla ya mokwalo wa seatla wa Septuagint ya Segerika

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of Israel Antiquities Authority