Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Bana ba Gago

Jehoashe O ne A Tlogela Jehofa ka Ntlha ya go Itsalanya le Batho Ba ba Sa Siamang

Jehoashe O ne A Tlogela Jehofa ka Ntlha ya go Itsalanya le Batho Ba ba Sa Siamang

E NE e se nako e e itumedisang mo Jerusalema, motse o tempele ya Modimo e neng e le mo go one. Kgosi Ahasia o sa tswa go bolawa. Tota e bile go thata go akanya ka se mmaagwe Ahasia e bong Athalia a neng a se dira morago ga moo. O ne a dira gore barwa ba ga Ahasia—ditlogolwana tsa gagwe—ba bolawe! A o itse gore ka ntlha yang?— * Gore a buse mo boemong jwa bone.

Le fa go ntse jalo, mongwe wa ditlogolwana tsa ga Athalia e bong Jehoashe yo mmotlana o ne a sirelediwa, mme mmèmogoloagwe o ne a sa itse ka seo. A o ka rata go itse gore o ne a sirelediwa jang?— Rakgadiagwe Jehoashe e bong Jehosheba, o ne a mo fitlha mo tempeleng ya Modimo. O ne a ka dira jalo ka gonne mogatse e bong Jehoiada e ne e le Moperesiti yo Mogolo. Ka jalo, ene le mogatse ba ne ba tlhomamisa gore Jehoashe o ne a sireletsegile.

Jehoashe o ne a fitlhilwe mo tempeleng ka dingwaga di le thataro. Fa a le koo, o ne a rutiwa kaga Jehofa Modimo le melao ya gagwe. Kgabagare, fa Jehoashe a ne a le dingwaga di le supa, Jehoiada o ne a tsaya kgato ya go mo dira kgosi. A o ka rata go itse gore Jehoiada o ne a dira seo jang le gore go ne ga direga eng ka mmèmogoloagwe Jehoashe, Kgosigadi e e boikepo e bong Athalia?—

Jehoiada o ne a biletsa batlhokomedi ba ba kgethegileng mo sephiring ba dikgosi tsa Jerusalema di neng di na le bone ka nako eo. O ne a ba bolelela kafa ene le mosadi wa gagwe ba neng ba sireletsa morwa Kgosi Ahasia ka gone. Morago ga moo, Jehoiada o ne a tlisa Jehoashe mo batlhokomeding bano gore ba mmone, mme ba ne ba lemoga gore ke ene a tshwanetseng go busa. Mme ba ne ba loga leano.

Jehoiada o ne a ntsha Jehoashe mo tempeleng mme a mo rwesa serwalo sa bogosi. Fa batho ba bona seo, “ba simolola go opa diatla ba re: ‘A kgosi e tshele!’” Batlhokomedi ba ne ba dikologa Jehoashe gore ba mo sireletse. Fa Athalia a utlwa batho ba ipela, o ne a tabogela kwa ntle mme a goeletsa gore go ne go dirilwe leano la boferefere. Mme Jehoiada o ne a ntsha taelo ya gore batlhokomedi ba bolaye Athalia.—2 Dikgosi 11:1-16.

A o akanya gore Jehoashe o ne a tswelela a reetsa Jehoiada le go dira se se siameng?— O ne a dira jalo, fa Jehoiada a ne a sa ntse a tshela. Tota e bile Jehoashe o ne a tlhomamisa gore batho ba ntsha moneelo wa go baakanya tempele ya Modimo, e rraagwe e bong Ahasia le rraagwemogolo e bong Jehorame ba neng ba e itlhokomolositse. Mme mma re boneng se se neng sa direga fa Moperesiti yo Mogolo e bong Jehoiada a sena go tlhokafala.—2 Dikgosi 12:1-16.

Jehoashe o ne a sirelediwa

Ka nako eo, Jehoashe o ne a na le dingwaga di ka nna 40. Go na le gore Jehoashe a tswelele a tsalana le batho ba ba direlang Jehofa, o ne a tsalana le ba ba neng ba obamela medimo ya maaka. Sekarea morwa Jehoiada e ne e le ene moperesiti wa ga Jehofa ka nako eo. O akanya gore Sekarea o ne a dira eng fa a lemoga dilo tse di bosula tse Jehoashe a neng a di dira jaanong?—

Sekarea o ne a raya Jehoashe a re: “Ka gonne lo tlogetse Jehofa, le ene o tla lo tlogela.” Mafoko ao a ne a dira gore Jehoashe a galefe thata mo e leng gore o ne a laela gore Sekarea a kgobotlediwe ka maje go fitlha a swa. Akanya fela—Jehoashe o ne a sireleditswe mo mmolaing, mme jaanong ene ka boene o dirile gore Sekarea a bolawe!—2 Ditiragalo 24:1-3, 15-22.

A o bona dithuto tse re ka ithutang tsone mo pegong eno?— Ga re batle go nna jaaka Athalia, yo o neng a tletse letlhoo e bile a le setlhogo. Go na le moo, fela jaaka Jesu a ne a re laela, re tshwanetse go rata baobamedi mmogo le rona tota le baba ba rona. (Mathaio 5:44; Johane 13:34, 35) Mme se lebale, fa re simolola go dira se se siameng, fela jaaka Jehoashe a ne a dira, re tshwanetse go tswelela pele re itsalanya le batho ba ba ratang Jehofa le ba ba re kgothaletsang gore re mo direle.

^ ser. 3 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o kgothaletse ngwana go ntsha maikutlo a gagwe.