Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Jesu ke Modimo?

A Jesu ke Modimo?

BATHO ba le bantsi ba tsaya gore thuto ya Tharonngwe ke “thuto ya konokono ya bodumedi jwa Bokeresete.” Go ya ka thuto eno, Rara, Morwa le moya o o boitshepo ke batho ba le bararo mo Modimong a le mongwe. Mokadinale John O’Connor o ne a bua jaana ka Tharonngwe: “Re a itse gore ke masaitseweng a magolo, a re iseng re simolole go a tlhaloganya.” Ke ka ntlha yang fa go le thata jaana go tlhaloganya Tharonngwe?

The Illustrated Bible Dictionary e re naya lebaka. Fa kgatiso eno e bua ka Tharonngwe ya re: “Ga se thuto ya Baebele ka gonne ga go na ditemana dipe tsa Baebele tse di e tlhalosang.” E re ka Tharonngwe e “se thuto ya Baebele,” batho ba ba dumelang mo go yone ba ne ba batla ditemana tsa Baebele—le eleng go di sokamisa—gore di dumalane le thuto ya bone.

A Temana Eno e Ruta Tharonngwe?

Sekai sa temana nngwe ya Baebele e e sa dirisiweng sentle ke Johane 1:1. Mo thanolong ya King James temana eo e balega jaana: “Kwa tshimologong Lefoko o ne a le teng, mme Lefoko o ne a na le Modimo [ka Segerika, ton the·onʹ] mme Lefoko e ne e le Modimo [the·osʹ].” Temana eno e na le mefuta e le mebedi ya maina a Segerika the·osʹ (modimo). Leina la ntlha le na le lebopitlhopho la Segerika e leng ton fa pele ga lone mme mo kgannyeng eno lefoko the·onʹ le kaya Modimo Mothatayotlhe. Leina la bobedi the·osʹ ga le na lebopitlhopho. A lebopitlhopho le ne la tlogelwa ka phoso?

Ke ka ntlha yang fa go le thata jaana go tlhaloganya thuto ya Tharonngwe?

Efangele ya ga Johane e ne e kwadilwe ka Se-Koine kgotsa Segerika se se tlwaelegileng, se se nang le melao ya kafa go tshwanetseng ga dirisiwa lebopitlhopho ka gone. Moithuti mongwe wa Baebele e bong A. Robertson o lemoga gore fa sediri le letiro di na le mabopi, “tsotlhe ke matlhophi, di tsewa di tshwana, le lengwe ka tsela e e tshwanang le le lengwe le ka go refosana.” Robertson a re Mathaio 13:38 ke sekai sa seno, e e reng: “Tshimo [ka Segerika, ho a·grosʹ] ke lefatshe [ka Segerika, ho koʹsmos].” Thutapuo e re thusa go tlhaloganya gore gape lefatshe ke tshimo.

Le fa go ntse jalo, go tweng fa sediri se na le lebopitlhopho mme letiro le se na lone jaaka mo go Johane 1:1? Fa moithuti mongwe e bong James Allen Hewett a dirisa temana eo e le sekai o gatelela jaana: “Mo boemong joo sediri le letiro ga di tshwane, ga di lekane kgotsa sengwe se se tshwanang le seo.”

Ka sekai, Hewett o dirisa 1 Johane 1:5, e e reng: “Modimo ke lesedi.” Ka Segerika, “Modimo” ke ho the·osʹ mme ka jalo o na le lebopitlhopho. Mme ga go lebopi le le tlang pele ga phos, e leng “lesedi.” Hewett a re: “Ka metlha motho a ka re Modimo o tlhalosiwa e le lesedi; mme a ka se ka a re lesedi ka dinako tsotlhe ke Modimo.” Dikai tse di tshwanang di fitlhelwa mo go Johane 4:24, e e reng “Modimo ke Moya” le mo go 1 Johane 4:16 e e reng, “Modimo ke lorato.” Mo ditemaneng tseno ka bobedi madiri a na le mabopitlhopho mme letiro, “Moya” le “lorato,” ga a na mabopitlhopho. Ka jalo, madiri le matiro ga a dirisiwe ka go tshwana. Ditemana tseno ga di ka ke tsa kaya gore “Moya ke Modimo” kgotsa gore “lorato ke Modimo.”

“Lefoko” ke Mang?

Baithuti ba le bantsi ba Segerika le baranodi ba Baebele ba re Johane 1:1 e gatelela se “Lefoko” a leng sone e seng gore ke mang. Moranodi wa Baebele e bong William Barclay a re: “E re ka [moaposetoloi Johane] a sa dirisa lebopitlhopho fa pele ga lefoko theos, lefoko leno e nna lefoko le le tlhalosang . . . Fano Johane ga a re Lefoko o tshwana le Modimo. Fa re bua ka tlhamalalo fela, o ne a sa re Jesu ke Modimo.” Moithuti mongwe wa bodumedi e bong Jason David BeDuhn le ene a re: “Mo Segerikeng, fa o sa tsenye lebopitlhopho mo lefokong theos jaaka mo polelwaneng e e mo go Johane 1:1c, babadi ba gago ba tla akanya gore o bua ka ‘modimo.’ . . . Lebaka la go bo lefoko theos le se na lebopi, seo se dira gore le farologane le lebopitlhopho ho theos, fela jaaka ‘modimo’ a farologane le ‘Modimo’ mo Seesemaneng.” BeDuhn o oketsa gape ka go re: “Mo go Johane 1:1, Lefoko ga se Modimo, mme ke modimo, kgotsa motho yo o tshwanang le Modimo.” Kgotsa jaaka go ne ga bolela Joseph Henry Thayer, e bong moithuti mongwe yo o neng a kwala American Standard Version: “Logos [kgotsa Lefoko] o ne a na le bomodimo, e seng e le Modimo ka boene.”

Jesu o ne a bontsha sentle gore ene le Rraagwe ga ba tshwane

A go itse se Modimo a leng sone e tshwanetse go nna “masaitsiweng”? Jesu ga a ka a fitlhela go le jalo. Fa Jesu a ne a rapela Rraagwe, o ne a bontsha sentle gore ene le Rraagwe ga ba tshwane, fa a ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Fa re dumela Jesu e bile re tlhaloganya thuto e e utlwalang sentle ya Baebele, re tla mo tlotla jaaka Morwa Modimo. E bile re tla rapela Jehofa jaaka “Modimo yo o esi wa boammaaruri.”