Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tota le mo Puong E e Sa Tlholeng e Dirisiwa Baebele e a Tshela

Tota le mo Puong E e Sa Tlholeng e Dirisiwa Baebele e a Tshela

Tota le mo Puong E e Sa Tlholeng e Dirisiwa Baebele e a Tshela

MO MAKGOLOKGOLONG a dingwaga di le mmalwa a a fetileng, bobotlana halofo ya dipuo tsa lefatshe di nyeletse. Puo e a nyelela fa batho ba yone ba sa tlhole ba e dirisa. Ka ntlha ya seo, gantsi Selatine se tlhalosiwa e le “puo e e sa tlholeng e dirisiwa,” tota le fa batho ba le bantsi ba e ithuta mme e sa ntse e le yone puo ya semolao e e dirisiwang kwa Motseng wa Vatican.

Gape Selatine ke puo e dithanolo dingwe tsa ntlha le tsa botlhokwa tsa Baebele di neng tsa ranolwa ka yone. A Dibaebele tseo tse di ranoletsweng mo dipuong tse di sa tlholeng di buiwa di ka ama babadi gompieno? Hisitori e e kgatlhang ya dithanolo tseo e ka thusa go araba potso eo.

Dithanolo Tsa Bogologolo Tsa Selatine

Selatine e ne e le puo ya ntlha ya kwa Roma. Le fa go ntse jalo, fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela batho ba e neng e le Bakeresete ba kwa toropong eo, o ne a kwala ka puo ya Segerika. * Seo ga se a ka sa baka bothata, ka gonne go ne go tlwaelegile gore batho ba koo ba bue dipuo tse pedi. E re ka baagi ba le bantsi ba Roma ba ne ba tswa mo karolong ya Asia e go neng go buiwa Segerika kwa go yone, go ne go twe toropo eo e ne e nna Gerika. Dipuo tse di neng di buiwa kwa Mmusomogolong wa Roma di ne di farologana ka dikgaolo, mme fa mmusomogolo oo o ntse o gola, batho ba ne ba simolola go dirisa Selatine thata. Ka ntlha ya seo, Dikwalo Tse di Boitshepo di ne tsa ranolwa go tswa mo Segerikeng go ya kwa Selatineng. Go bonala seno se ne sa simolola go dirwa mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E. kwa Afrika Bokone.

Mekwalo e e farologaneng e e neng ya ranolwa e ne e ya bidiwa Vetus Latina kgotsa thanolo ya Bogologolo ya Selatine. Ga go na mokwalo ope wa bogologolo wa seatla o o nang le thanolo e e feletseng ya Selatine ya Dikwalo mo motlheng wa rona. Dikarolo tse di setseng mmogo le tse bakwadi ba bogologolo ba neng ba nopola go tswa mo go tsone di bontsha gore mekwalo ya Vetus Latina e ne e se buka e le nngwe e e feletseng. Go na le moo, gongwe e ne ya dirwa ke baranodi ba ba farologaneng ba ba neng ba sa bereke mmogo e bile ba le kwa mafelong a a farologaneng. Ka jalo, go na le gore e nne mokwalo o le mongwe fela, ke lenaane la dithanolo tse di ranotsweng go tswa mo Segerikeng.

Baranodi ba ba farologaneng ba ba neng ba leka go ranolela dikarolo tsa Dikwalo mo Selatineng, ba ne ba baka tlhakatlhakano. Go ela kwa bokhutlong jwa lekgolo la bonè la dingwaga C.E., Augustine o ne a dumela gore “motho ope fela yo go neng go ka direga gore a bone mokwalo wa seatla wa Segerika le yo o neng a akanya gore o na le kitso—le fa e ka nna nnye go le kae—ka dipuo tse pedi tseno o ne a leka go e ranolela” mo Selatineng. Augustine le ba bangwe ba ne ba akanya gore go ne go na le baranodi ba le bantsi e bile ba ne ba belaela gore a thanolo ya bone e boammaaruri.

Thanolo ya ga Jerome

Monna yo o neng a leka go fedisa tlhakatlhakano e e neng e bakilwe ke baranodi ba bantsi bano e ne e le Jerome, yo ka dinako dingwe e neng e le mokwaledi wa ga Damasus, yo e neng e le bishopo wa Roma ka 382 C.E. Bishopo o ne a laela Jerome gore a tokafatse mokwalo wa Selatine wa Diefangele, mme Jerome o ne a fetsa tiro eo mo dingwageng di le mmalwa fela. Mme go tswa foo, o ne a simolola go tokafatsa thanolo ya Selatine ya dibuka tse dingwe tsa Baebele.

Thanolo ya ga Jerome, e moragonyana e neng ya bidiwa Vulgate, e ne e le mokwalo o o neng o tswa mo metsweding e e farologaneng. Jerome o ne a kwala thanolo ya gagwe ya Dipesalema a ikaegile ka Septuagint, thanolo ya Segerika ya Dikwalo Tsa Sehebera e e neng ya wediwa mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. O ne a tokafatsa Diefangele, a bo a ranola karolo e kgolo ya Dikwalo Tsa Sehebera go tswa mo Sehebereng sa ntlhantlha. Gongwe Dikwalo tse dingwe tsotlhe di ne tsa tokafadiwa ke batho ba bangwe. Kgabagare dikarolo tsa mokwalo wa Vetus Latina di ne tsa kopanngwa le Vulgate ya ga Jerome.

Kwa tshimologong, batho ba le bantsi ba ne ba sa amogele thanolo ya ga Jerome. Tota le Augustine o ne a e tshwaya diphoso. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, e ne ya tsewa e le sekai se se molemo sa bolumo e le nngwe ya Baebele. Mo lekgolong la borobedi le la borobongwe la dingwaga, baithuti ba ba jaaka Alcuin le Theodulf, ba ne ba simolola go baakanya diphoso tsa puo le tsa mokwalo tse di neng di le teng mo thanolong ya ga Jerome ka ntlha ya go bo e ne e kwalololwa kgapetsakgapetsa. Ba bangwe ba ne ba kgaoganya mokwalo ka dikgaolo, ba dira gore go nne motlhofo go bala Dikwalo. Fa go se na go tlhamiwa motšhine o o gatisang, thanolo ya ga Jerome e ne ya nna yone Baebele ya ntlha go gatisiwa.

Lekgetlo la ntlha fa Kereke ya Katoliki e ne e bitsa thanolo ya ga Jerome e re ke Vulgate, e ne e le ka nako ya fa Lekgotla la kereke eo le ne le kopane kwa Trent ka 1546. Lekgotla leo le ne la re Baebele eo “e boammaaruri,” la bo la e dira gore e nne buka ya ditshupiso ya Bakatoliki. Ka yone nako eo, lekgotla leo le ne la laela gore e tokafadiwe. Tiro eo e ne ya okamelwa ke dikomiti tse di kgethegileng, mme Mopapa Sixtus V, e re ka a ne a batla gore e fediwe ka bonako e bile a itsaya a na le bokgoni, o ne a swetsa ka gore a dire tiro eo ka boene. Tiro ya go gatisa thanolo ya gagwe e e tokafaditsweng e ne e setse e simolotse fa mopapa a ne a tlhokafala ka 1590. Ka bonako fela, bakadinale ba ne ba se ka ba amogela thanolo eo ka go bo ba re e tletse diphoso, mme ba laela gore e se ka ya anamisiwa.

Thanolo e ntšha e e neng ya gatisiwa ka 1592 ka nako ya ga Mopapa Clement VIII kgabagare e ne ya bidiwa thanolo ya ga Mopapa Sixtus le Mopapa Clementine. E ne ya nna Baebele ya semolao ya Kereke ya Katoliki ka lobakanyana. Gape thanolo eo ya Vulgate ya ga Sixtus le Clementine ke yone e e neng ya thusa baranodi ba Bakatoliki gore ba ranolele mo dipuong tse dingwe, tse di jaaka thanolo ya ga Antonio Martini e e neng ya ranolwa ka Se-Italy mme ya wediwa ka 1781.

Baebele ya Selatine ya mo Motlheng wa Rona

Batshwayadiphoso ba mekwalo ba mo lekgolong la bo20 la dingwaga ba ne ba re Vulgate, fela jaaka dithanolo tse dingwe, le yone e ne e tlhoka go tokafadiwa gape. Gore Kereke ya Katoliki e kgone go fitlhelela seo, ka 1965 e ne ya tlhama Khomishene ya Vulgate e Ntšha mme ba e naya boikarabelo jwa go tokafatsa thanolo ya Selatine ba ikaegile ka kitso ya bosheng e ba nang le yone. Mokwalo o mosha o ne o tla dirisiwa mo ditirelong tsa Katoliki ka puo ya Selatine.

Karolo ya ntlha ya thanolo eo e ntšha e ne ya nna gone ka 1969 mme ka 1979, Mopapa John Paul II o ne a amogela Nova Vulgata. Thanolo ya ntlha e ne e na le leina la Modimo, Iahveh, mo ditemaneng di le dintsi, go akaretsa le mo go Ekesodo 3:15 le 6:3. Morago ga moo, leloko lengwe la komiti le ne la bolela gore thanolo ya bobedi e e amogetsweng semolao, e e gatisitsweng ka 1986, “e ne ya phimola leina leo . . . mme ga kwalwa leina Dominus [‘Morena’] mo boemong jwa Iahveh.”

Fela jaaka Vulgate e ne ya tshwaiwa diphoso dingwaga di le makgolokgolo pele ga moo, Nova Vulgata le yone e ne ya tshwaiwa diphoso, tota le ke baithuti ba Katoliki. Le fa kwa tshimologong ba ne ba akanya gore thanolo eo e tla kopanya batho ba madumedi a a farologaneng a a ipitsang a Bokeresete, ba le bantsi ba ne ba e leba e le sekgoreletsi sa go kopanya madumedi, segolobogolo ka gonne go ne go twe ke yone e e tla kopanyang dithanolo tsa dipuo tse di farologaneng tsa gompieno. Kwa Jeremane, Nova Vulgata e ne e le yone e e neng e baka dikganetsano fa gare ga Baporotesetanta le Bakatoliki malebana le go tokafadiwa ga thanolo e ba neng ba tla e amogela. Baporotesetanta ba ne ba latofatsa Bakatoliki ka gore ba gatelela gore thanolo eno e ntšha e tshwane le Nova Vulgata.

Le fa puo ya Selatine e sa tlhole e buiwa, Baebele ya Selatine e nnile le tlhotlheletso mo dimilioneng tsa babadi, e ka tswa e le ka tlhamalalo kgotsa e se ka tlhamalalo. E dirile gore go nne le mareo a bodumedi ka dipuo di le dintsi. Le fa go ntse jalo, le fa Lefoko la Modimo le ka nna teng ka puo efe, le sa ntse le naya maatla, le fetola matshelo a batho ba le bantsi ba ba kutlo le ba ba lekang ka natla go dira go dumalana le dithuto tsa lone tse di kgatlhang.—Bahebera 4:12.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le lebaka la go bo Dikwalo Tsa Bokeresete di ne di kwadilwe ka Segerika, bona setlhogo se se reng “A o Ne o Itse?” mo go tsebe 13.

[Mafoko a a mo go tsebe 23]

Mopapa John Paul II o ne a amogela Nova Vulgata. Thanolo ya ntlha e ne e na le leina la Modimo, Iahveh

[Lebokoso mo go tsebe 21]

MAFOKO A A SA NTSENG A DIRISIWA LE GOMPIENO

Vetus Latina, e e ranotsweng go tswa mo Segerikeng, e na le mafoko a le mantsi a a sa ntseng a dirisiwa le gompieno. Lengwe la one e ne e le thanolo ya lefoko la Segerika e leng di·a·theʹke, “kgolaganyo,” le le ranotsweng e le testamentum, kgotsa “tesetamente.” (2 Bakorintha 3:14) Ka ntlha ya mafoko ano, batho ba le bantsi ba sa ntse ba bitsa Dikwalo Tsa Sehebera le tsa Segerika ba re ke Tesetamente e Kgologolo le Tesetamente e Ntšha.

[Lebokoso mo go tsebe 23]

MOLAO O O ILENG WA TSHWAIWA PHOSO

Ka 2001, morago ga dingwaga di le nnè, Phuthego ya Vatican ya go Obamela Modimo le Phuthego e e Neng e Tlhokomela Ditirelo Tsa Kereke ya Katoliki, di ne tsa gatisa molao wa tsone wa Liturgiam authenticam (Ditaelo tsa Meetlo ya Sedumedi). Molao ono o ne wa tshwaiwa phoso ke baithuti ba le bantsi ba Katoliki.

Go ya ka molao ono, e re ka Nova Vulgata e le Baebele ya semolao ya kereke, e tshwanetse ya nna yone e dirisiwang go ranola dithanolo tse dingwe tsotlhe tsa Baebele, tota le fa e fetola se se neng se kwadilwe mo mekwalong ya ntlhantlha ya bogologolo. Ditlhopha tsa baruti ba Katoliki di amogela Baebele fa fela e latetse molao oo. Molao ono wa re mo dithanolong tsa Katoliki, “leina la Modimo mothatayotlhe le le emelwang ke ditlhaka tse nnè tsa Sehebera (YHWH)” le tshwanetse go ranolelwa “mo puong epe fela e Baebele e ranolelwang mo go yone ka lefoko le le nang le bokao jo bo tshwanang” la Dominus, kgotsa “Morena,” fela jaaka thanolo ya bobedi ya Nova Vulgata e dira—le fa thanolo ya ntlha yone e ne e dirisa leina “Iahveh.” *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 29 Bona setlhogo se se reng “Vatican ga e Batle Gore Leina la Modimo le Dirisiwe,” se se mo go tsebe 30.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Thanolo ya ga Alcuin ya Baebele ya Selatine, 800 C.E.

[Motswedi wa Setshwantsho]

From Paléographìe latine, by F. Steffens (www.archivi.beniculturali.it)

[Ditshwantsho mo go tsebe 22]

Vulgate ya ga Mopapa Sixtus le Mopapa Clementine, ka 1592

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Ekesodo 3:15, Nova Vulgata, ka 1979

[Motswedi wa Setshwantsho]

© 2008 Libreria Editrice Vaticana