Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Anaanela Jesu—Dafide yo Mogolwane le Solomone yo Mogolwane

Anaanela Jesu—Dafide yo Mogolwane le Solomone yo Mogolwane

Anaanela Jesu—Dafide yo Mogolwane le Solomone yo Mogolwane

“Bona! sengwe se se fetang Solomone se fano.”—MATH. 12:42.

1, 2. Ke eng fa batho ba ne ba ka bona go gakgamatsa gore Samuele o ne a laetswe go tlotsa Dafide go nna kgosi?

O NE a sa lebege e ka nna kgosi. Mo go moporofeti Samuele, o ne a lebega e le mosimanyana fela wa modisa. Gape, motse wa gagabo wa Bethelehema, o ne o sa itsege. O ne o tlhalosiwa o le “monnye thata go ka nna mo gare ga dikete tsa Juda.” (Mik. 5:2) Le fa go ntse jalo, lekawana leno le go neng go lebega le nyatsega le le tswang kwa motseng o monnye le ne le tloga le tlodiwa ke moporofeti Samuele go nna kgosi ya mo isagweng ya Iseraele.

2 Dafide yo mmotlana e ne e se ene morwa wa ntlha yo Jese rraagwe a neng a mo isa kwa go Samuele gore a mo tlotse; e bile e ne e se wa bobedi le fa e le wa boraro. E bile, Dafide, gofejane wa bana ba ba robedi ba ga Jese ba basimane, o ne a seyo fa Samuele a ne a ile kwa legaeng la ga Jese go ya go tlotsa mongwe wa barwa ba monna yo o ikanyegang yoo gore a nne kgosi ya Iseraele. Mme sa botlhokwa e ne e le gore Dafide o ne a tlhophilwe ke Jehofa.—1 Sam. 16:1-10.

3. (a) Ke eng se Jehofa a se tsayang se le botlhokwa thata fa a tlhatlhoba motho? (b) Fa Dafide a ne a tlodiwa, ke eng se se neng sa simolola go dira mo go ene?

3 Jehofa o ne a bona se Samuele a neng a sa se bone. Modimo o ne a kgona go bona dinonofo tsa ga Dafide, mme o ne a di rata. Selo sa botlhokwa mo Modimong ga se ponalo fela ya kafa ntle; mme ke se tota motho a leng sone mo teng. (Bala 1 Samuele 16:7.) Ka jalo, fa Samuele a ne a lemoga gore Jehofa o ne a sa tlhopha ope wa barwa ba bagolwane ba ga Jese ba ba supa, o ne a kopa gore go ye go tsewa yo monnye mo go bone kwa mafulong. Pego ya re: “Ka jalo [Jese] a roma mme a dira gore [Dafide] a tle. Jaanong o ne a le mohibidu, lekau le le nang le matlho a mantle e bile le na le ponalo e ntle. Foo Jehofa a re: ‘Nanoga, mo tlotse, gonne yo ke ene!’ Ka jalo Samuele a tsaya lonaka lwa leokwane mme a mo tlotsa mo gare ga bomorwarraagwe. Mme moya wa ga Jehofa wa simolola go dira mo go Dafide go tloga ka letsatsi leo go ya pele.”—1 Sam. 16:12, 13.

Dafide O ne A Tshwantshetsa Keresete

4, 5. (a) Tlhalosa dingwe tsa ditsela tse Dafide le Jesu ba tshwanang ka tsone. (b) Ke eng fa Jesu a bidiwa Dafide yo Mogolwane?

4 Jesu, fela jaaka Dafide, o ne a tsholetswe kwa Bethelehema, dingwaga di ka nna 1 100 Dafide a sena go tsholwa. Mo bathong ba bantsi, Jesu le ene o ne a sa tshwanelwe ke go nna kgosi. Ke gore e ne e se mofuta wa kgosi e Baiseraele ba bantsi ba neng ba lebeletse go nna le yone. Mme fela jaaka Dafide, e ne e le ene yo Jehofa a mo tlhophileng. Jehofa o ne a mo rata fela jaaka a ne a rata Dafide. * (Luke 3:22) “Moya wa ga Jehofa [o ne] wa simolola go dira” le mo go Jesu.

5 Go na le ditsela tse dingwe gape tse banna bano ba babedi ba tshwanang ka tsone. Ka sekai, Dafide o ne a tlhanogelwa ke mogakolodi wa gagwe Ahitofele, mme Jesu ene o ne a tlhanogelwa ke moaposetoloi wa gagwe Judase Isekariota. (Pes. 41:9; Joh. 13:18) Dafide le Jesu boobabedi ba ne ba rata lefelo la ga Jehofa la kobamelo thata. (Pes. 27:4; 69:9; Joh. 2:17) Gape Jesu e ne e le mojaboswa wa ga Dafide. Pele ga Jesu a tsholwa, moengele o ne a raya mmaagwe a re: “Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe.” (Luke 1:32; Math. 1:1) Le fa go ntse jalo, ka gonne ditsholofetso tsotlhe tse di malebana le Mesia di tlile go diragadiwa mo go Jesu, o mogolo thata mo go Dafide. Ke Dafide yo Mogolwane, Kgosi Mesia e e sa bolong go letelwa.—Joh. 7:42.

Latela Kgosi e e Leng Modisa

6. Dafide e ne e le modisa yo o molemo ka ditsela dife?

6 Jesu le ene ke modisa. Modisa yo o molemo o dira eng? O tlhokomela letsomane la gagwe, o a le fepa e bile o le disa ka boikanyego le ka bopelokgale. (Pes. 23:2-4) Fa Dafide e ne e sa ntse e le mosha, e ne e le modisa, mme o ne a tlhokomela dinku tsa ga rraagwe sentle. O ne a nna pelokgale fa letsomane le ne le tlhaselwa mme o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a sireletse dinku mo taung le mo bereng.—1 Sam. 17:34, 35.

7. (a) Ke eng se se neng sa thusa Dafide gore a ipaakanyetse tiro ya go nna kgosi? (b) Jesu o itshupile jang gore ke Modisa yo o Molemo?

7 Dingwaga tse Dafide a di ntseng kwa masimong le mo dithabeng a disitse dinku di ne tsa mo thusa go ipaakanyetsa tiro e e bokete le maikarabelo a go tlhokomela setšhaba sa Iseraele. * (Pes. 78:70, 71) Jesu le ene ke modisa yo o molemo. Jehofa o a mo nonotsha e bile o a mo kaela fa a ntse a disitse “letsomanyane” la gagwe le “dinku tse dingwe.” (Luke 12:32; Joh. 10:16) Ka jalo Jesu ke Modisa yo o Molemo. O itse letsomane la gagwe sentle mo a bitsang nku nngwe le nngwe ka leina. O rata dinku tsa gagwe thata mo e leng gore fa a ne a le mo lefatsheng o ne a di direla dilo tse di molemo. (Joh. 10:3, 11, 14, 15) Jesu, Modisa yo o Molemo, o dira sengwe se Dafide a neng a ka se kgone go se dira. Setlhabelo sa gagwe sa thekololo se buletse batho tsela ya gore ba gololwe mo losong. Ga go na sepe se se tla mo thibelang go disa “letsomanyane” la gagwe go ya botshelong jwa bosasweng kwa legodimong, le go etelela pele “dinku [tsa gagwe] tse dingwe” go ya botshelong jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la tshiamo le le tla bong le se na dibatana tse di tshwanang le diphiri.—Bala Johane 10:27-29.

Latela Kgosi e e Fenyang

8. Ke eng fa go ka twe Dafide e ne e le kgosi e e fenyang?

8 Fa Dafide e ne e le kgosi, e ne e le motlhabani yo o pelokgale yo o neng a sireletsa naga ya batho ba Modimo, mme “Jehofa [o ne] a nna a boloka Dafide gongwe le gongwe kwa a neng a ya gone.” Ka nako ya puso ya ga Dafide, melelwane ya setšhaba seo e ne ya atolosiwa go tloga fa nokeng ya Egepeto go ya kwa Nokeng ya Euferatese. (2 Sam. 8:1-14) Jehofa o ne a mo nonotsha go nna mmusi yo o maatla thata. Baebele ya re: “Go tuma ga ga Dafide ga simolola go tswela mo mafatsheng otlhe, mme Jehofa ka boene a tsenya go boifiwa ga gagwe mo ditšhabeng tsotlhe.”—1 Ditir. 14:17.

9. Tlhalosa kafa Jesu, Kgosi e e Tlhophilweng, a neng a fenya ka teng.

9 Jesu o ne a le pelokgale jaaka Kgosi Dafide. Jaaka Kgosi e e Tlhophilweng, o ne a kgona go laola madimona, a golola batho mo taolong ya one. (Mar. 5:2, 6-13; Luke 4:36) Tota le mmaba yo mogolo, Satane Diabolo, ga a kgone go laola Jesu. Jehofa o ne a thusa Jesu go fenya lefatshe, le le laolwang ke Satane.—Joh. 14:30; 16:33; 1 Joh. 5:19.

10, 11. Jesu o tlile go dira eng e le Kgosi ya Motlhabani kwa legodimong?

10 Dingwaga di ka nna 60 Jesu a sena go swa a bo a tsosediwa legodimong, moaposetoloi Johane o ne a bontshiwa ponatshegelo ya boporofeti ya ga Jesu e le Kgosi ya Motlhabani kwa magodimong. Johane a re: “Bona! pitse e tshweu; mme yo o e pagameng o ne a tshotse bora; a newa serwalo, mme a tsamaya a fenya a ba a digela phenyo ya gagwe.” (Tshen. 6:2) Mopalami wa pitse eo e tshweu ke Jesu. O ne “a newa serwalo” ka 1914 fa a ne a tlhongwa go nna Kgosi kwa legodimong. Morago ga moo, o ne “a tsamaya a fenya.” Ee, Jesu, jaaka Dafide, ke kgosi e e fenyang. Nakwana fela morago ga gore a tlhongwe go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, o ne a fenya Satane mo ntweng mme a mo piriganyetsa kwa tlase mo lefatsheng ene le madimona a gagwe. (Tshen. 12:7-9) O tla tswelela a fenya a palame pitse go fitlha a “digela phenyo ya gagwe,” ka go senya tsamaiso ya ga Satane e e boikepo gotlhelele.—Bala Tshenolo 19:11, 19-21.

11 Le fa go ntse jalo, Jesu ke kgosi e e kutlwelobotlhoko jaaka Dafide, mme o tla sireletsa “boidiidi jo bogolo” go falola Haramagedona. (Tshen. 7:9, 14) Gape, mo pusong ya ga Jesu le baruaboswa mmogo le ene, e leng ba ba 144 000 ba ba tsositsweng, go tla nna le “tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Dit. 24:15) Ba ba tla tsosiwang mo lefatsheng ba tla nna le tsholofelo ya go tshelela ruri. A bo ba tlile go nna le isagwe e e molemo jang ne! E kete rotlhe re ka ititaya sehuba go tswelela re ‘dira se se molemo,’ gore re bo re tshela ka nako ya fa lefatshe le tla bo le tletse ka batho ba ba siameng, ba ba itumetseng ba ba tla bong ba busiwa ke Dafide yo Mogolwane.—Pes. 37:27-29.

Thapelo ya ga Solomone a Kopa Botlhale e a Arabiwa

12. Solomone o ne a rapelela eng?

12 Morwa Dafide, Solomone, le ene o ne a tshwantshetsa Jesu. * Fa Solomone a ne a nna kgosi, Jehofa o ne a bonala mo go ene ka toro mme A mo raya a re o tla mo naya sengwe le sengwe se a se kopang. Solomone o ne a ka kopa khumo e e oketsegileng, maatla kana botshelo jo boleele. Mme go na le moo o ne a kopa Jehofa jaana a sa bontshe moya wa boithati: “Jaanong nnaya botlhale le kitso gore ke tle ke tswe fa pele ga setšhaba seno le gore ke tle ke tsene, gonne ke mang yo o ka atlholang setšhaba se segolo seno sa gago?” (2 Ditir. 1:7-10) Jehofa o ne a araba thapelo ya ga Solomone.—Bala 2 Ditiragalo 1:11, 12.

13. Ke eng fa go ka twe Solomone o ne a le botlhale go gaisa batho botlhe, mme o ne a neilwe botlhale joo ke mang?

13 Mo nakong yotlhe ya fa Solomone a ne a ikanyega mo go Jehofa, o ne a bua mafoko a a botlhale thata go gaisa batho botlhe ba motlha wa gagwe. Solomone o ne a bua “diane di le dikete di le tharo.” (1 Dikg. 4:30, 32, 34) Bontsi jwa tsone di ne tsa kwalwa mme le gompieno batho ba ba batlang botlhale ba ntse ba di dirisa. Kgosigadi ya Sheba e ne ya tsamaya dikilometara di ka nna 2 400 gore e ye go leka botlhale jwa ga Solomone ka “dipotso tse di akabatsang.” O ne a kgatlhwa thata ke se Solomone a neng a se bua le kafa bogosi jwa gagwe bo neng bo atlegile ka teng. (1 Dikg. 10:1-9) Baebele e tlhalosa gore Solomone o ne a tsaya kae botlhale fa e re: “Batho botlhe ba lefatshe ba ne ba batla sefatlhego sa ga Solomone gore ba utlwe botlhale jwa gagwe jo Modimo o neng o bo tsentse mo pelong ya gagwe.”—1 Dikg. 10:24.

Latela Kgosi e e Botlhale

14. Jesu e ne e le “sengwe se se fetang Solomone” ka ditsela dife?

14 Go na le motho a le esi fela yo o neng a gaisa Solomone ka botlhale. Motho yoo e ne e le Jesu Keresete, yo o neng a itlhalosa e le “sengwe se se fetang Solomone.” (Math. 12:42) Jesu o ne a bua “mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 6:68) Ka sekai, Thero ya kwa Thabeng e tlhalosa dingwe tsa ditsela tse diane tsa ga Solomone di ka dirisiwang ka tsone mo botshelong. Solomone o ne a tlhalosa dilo tse dintsi tse di dirang gore moobamedi wa ga Jehofa a itumele. (Dia. 3:13; 8:32, 33; 14:21; 16:20) Jesu o ne a gatelela gore motho o itumela tota fa a dira dilo tse di amanang le kobamelo ya ga Jehofa le go diragadiwa ga ditsholofetso tsa gagwe. O ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.” (Math. 5:3) Batho ba ba dirisang melaometheo e e mo dithutong tsa ga Jesu ba atamalana le Jehofa, “motswedi wa botshelo.” (Pes. 36:9; Dia. 22:11; Math. 5:8) Keresete o emela “botlhale jwa Modimo.” (1 Bakor. 1:24, 30) Jaaka Jesu Keresete e le Mesia Kgosi, o na le “moya wa botlhale.”—Isa. 11:2.

15. Botlhale jwa Modimo bo ka re solegela molemo jang?

15 Rona balatedi ba ga Solomone yo Mogolwane, re ka solegelwa molemo jang ke botlhale jwa Modimo? E re ka botlhale jwa ga Jehofa bo bonwa mo Lefokong la gagwe, re tshwanetse go dira maiteko a go bo bona ka go ithuta Baebele ka kelotlhoko, segolobogolo ka go ithuta mafoko a ga Jesu a a kwadilweng, le ka go tlhatlhanya ka se re se balang. (Dia. 2:1-5) Gape, re tshwanetse go nna re kopa gore Modimo a re neye botlhale. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore fa re rapelela thuso ka bopeloephepa re tla arabiwa. (Jak. 1:5) Moya o o boitshepo o tla re thusa go bona botlhale jo bo tlhwatlhwakgolo mo Lefokong la Modimo jo bo ka re thusang go lebana le mathata le go dira ditshwetso tse di botlhale. (Luke 11:13) Gape Solomone o ne a bidiwa “mophuthi” yo o neng a “ruta batho kitso a sa kgaotse.” (Mor. 12:9, 10) Jesu, yo e leng Tlhogo ya Phuthego ya Bokeresete, gape ke mophuthi wa batho ba gagwe. (Joh. 10:16; Bakol. 1:18) Ka jalo, go tla bo go le molemo gore re nne teng kwa dipokanong tsa phuthego, kwa re ‘rutwang teng re sa kgaotse.’

16. Solomone le Jesu ba tshwana ka eng?

16 Solomone e ne e le kgosi e e tlhagafetseng tota. O ne a dira gore go nne le thulaganyo ya go aga mo nageng yotlhe. O ne a okamela go agiwa ga matlo a segosi, ditsela, dithulaganyo tsa go tsamaisa metsi, metse ya bobolokelo, metse ya dikara tsa ntwa le metse ya bapalami ba dipitse. (1 Dikg. 9:17-19) Batho botlhe ba a neng a ba busa ba ne ba solegelwa molemo ke dilo tse a neng a di aga. Jesu le ene ke moagi. O agile phuthego ya gagwe mo “lefikeng.” (Math. 16:18) Gape o tla okamela tiro ya go aga e e tlileng go dirwa mo lefatsheng le lesha.—Isa. 65:21, 22.

Latela Kgosi ya Kagiso

17. (a) Puso ya ga Solomone e ne e tlhomologile ka eng? (b) Ke eng se Solomone a neng a sa kgone go se dira?

17 Leina Solomone le tswa mo lefokong le le rayang “kagiso.” Kgosi Solomone o ne a busa a le kwa Jerusalema, e leina la yone le rayang “Go Nna le Kagiso e e Menaganeng Gabedi.” Mo pusong ya gagwe ya dingwaga tse 40 go ne go na le letlotlo la kagiso mo setšhabeng sa Iseraele. Baebele e bua jaana malebana le dingwaga tseo: “Batho ba Juda le ba Iseraele ba tswelela go nna ka polokesego, mongwe le mongwe ka fa tlase ga mofine wa gagwe le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, go tswa Dana go ya Beere-sheba, malatsi otlhe a ga Solomone.” (1 Dikg. 4:25) Le fa Solomone a ne a le botlhale thata jalo, o ne a sa kgone go golola babusiwa ba gagwe mo bolwetseng, mo boleong le mo losong. Mme Solomone yo Mogolwane ene o tla golola batho ba a ba busang mo dilong tseo tsotlhe.—Bala Baroma 8:19-21.

18. Ke maemo afe a re a itumelelang mo phuthegong ya Bokeresete?

18 Le gompieno re na le kagiso mo phuthegong ya Bokeresete. Eleruri, re itumelela paradaise ya semoya. Re mo kagisong le Modimo le batho ba bangwe. Ela tlhoko se Isaia a neng a se porofeta mabapi le maemo a re a itumelelang gompieno: “Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.” (Isa. 2:3, 4) Fa re dira dilo go dumalana le moya wa Modimo, re dira gore paradaise ya semoya e nne ntle le go feta.

19, 20. Re na le mabaka afe a go itumela?

19 Le fa go ntse jalo, isagwe e tla itumedisa le go feta. Fa batho ba ba kutlo ba ntse ba itumelela letlotlo la kagiso mo pusong ya ga Jesu, kgabagare ba tla “gololwa mo go nneng [batlhanka ba] go bola” go fitlha ba itekanela. (Bar. 8:21) Fa batho “ba ba pelonolo” ba sena go falola teko ya bofelo kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete, “ba tla rua lefatshe, [mme] ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pes. 37:11; Tshen. 20:7-10) Eleruri, puso ya ga Keresete Jesu e tla gaisa ya ga Solomone ka ditsela tse re sa kgoneng le go di akanya!

20 Jaaka Baiseraele ba ne ba itumetse fa ba ne ba eteletswe pele ke Moshe, Dafide le Solomone, re tla itumela le go feta fa re busiwa ke Keresete. (1 Dikg. 8:66) Re leboga Jehofa go bo a ile a re naya Morwawe yo o tsetsweng a le esi—Moshe yo Mogolwane, Dafide yo Mogolwane le Solomone yo Mogolwane!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Gongwe leina Dafide le raya “Moratwa.” Fa Jesu a ne a kolobediwa le ka nako ya fa a ne a fetoga ponalo, Jehofa o ne a bua a le kwa legodimong a mmitsa “Morwaake, moratwa.”—Math. 3:17; 17:5.

^ ser. 7 Gape, Dafide o ne a tshwana le kwanyana e e ikanyang modisa wa yone. O ne a batla tshireletso le kaelo mo go Jehofa, Modisa yo Mogolo. O ne a bua jaana a tlhatswegile pelo: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe.” (Pes. 23:1) Johane Mokolobetsi o ne a re Jesu ke “Kwana ya Modimo.”—Joh. 1:29.

^ ser. 12 Leina le lengwe la ga Solomone e ne e le Jedidia, mme le raya “Moratwa wa ga Jah.”—2 Sam. 12:24, 25.

A o Ka Tlhalosa?

• Jesu ke Dafide yo Mogolwane jang?

• Jesu ke Solomone yo Mogolwane jang?

• Ke eng se o se anaanelang ka Dafide yo Mogolwane, yo gape e leng Solomone yo Mogolwane?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Botlhale jo Solomone a neng a bo neilwe ke Modimo bo ne bo tshwantshetsa botlhale jwa ga Solomone yo Mogolwane

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Puso ya ga Jesu e tla gaisa ya ga Solomone le ya ga Dafide ka ditsela tse re sa kgoneng le go di akanya!