Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Latela “Keresete”?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Latela “Keresete”?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Latela “Keresete”?

“Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole . . . mme a ntshale morago ka metlha.”—LUKE 9:23.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re sekaseke mabaka a go bo re tshwanetse go latela “Keresete”?

RURI Jehofa o tshwanetse a bo a itumela thata fa a lo bona lona ba lo sa tswang go kgatlhegela boammaaruri le lona basha lo le mo gare ga boidiidi jo bo phuthegileng jwa baobamedi ba gagwe ba ba mo lefatsheng! Fa lo ntse lo tswelela pele lo ithuta Baebele, lo ya dipokanong tsa Bokeresete ka metlha e bile lo oketsa kitso ya lona ka boammaaruri jo bo bolokang botshelo jo bo mo Lefokong la Modimo, lo tshwanetse go tsaya tsia taletso eno ya ga Jesu: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso malatsi ka go latelana mme a ntshale morago ka metlha.” (Luke 9:23) Jesu a re o tshwanetse wa iitatola mme wa mo latela. Ka jalo, go botlhokwa gore re sekaseke gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go latela “Keresete.”—Math. 16:13-16.

2 Go tweng ka rona ba re setseng re tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu Keresete? Re gakololwa gore re ‘nne re dire jalo ka botlalo segolo.’ (1 Bathes. 4:1, 2) Le fa re ka tswa re amogetse kobamelo ya boammaaruri bosheng jaana kgotsa mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, go akanya ka mabaka a go bo re tshwanetse go latela Keresete go tla re thusa gore re latele kgakololo ya ga Paulo mme re sale Jesu morago ka botlalo letsatsi le letsatsi. A re sekasekeng mabaka a le matlhano a go bo re tshwanetse go latela Keresete.

Gore re Atamalane Thata le Jehofa

3. Ke ditsela dife tse pedi tse re ka itseng Jehofa ka tsone?

3 Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua le Baathena a “[eme] mo gare ga Areopago,” o ne a re: “[Modimo] o ne a baya dinako tse di tlhomilweng le melelwane e e tlhomilweng ya bonno jwa batho, gore ba batle Modimo, fa ba ka apaapa ba mmatla mme ruri ba mmona, le mororo, tota, a se kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.” (Dit. 17:22, 26, 27) Re ka batla Modimo mme ra mo itse tota. Ka sekai, fa re sekaseka popo re ithuta go le gontsi thata ka dinonofo tsa Modimo le bokgoni jwa gagwe. Fa re tlhatlhanya ka kanaanelo ka dilo tse Mmopi a di bopileng re ka ithuta go le gontsi ka ene. (Bar. 1:20) Gape Jehofa o senotse dilo tse dintsi ka ga gagwe mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng, Baebele. (2 Tim. 3:16, 17) Fa re ntse re ‘tlhatlhanya ka tiro ya gagwe’ e bile re ‘akanya ka ditiro tsa gagwe,’ re ka kgona go itse Jehofa botoka.—Pes. 77:12.

4. Go latela Keresete go ka re thusa jang gore re atamalane thata le Jehofa?

4 Tsela e e molemolemo e re ka atamalanang thata le Jehofa ka yone ke go latela Keresete. Akanya fela ka kgalalelo e Jesu a neng a na le yone fa a ne a le gaufi le Rraagwe “pele lefatshe le nna gone”! (Joh. 17:5) Ke ene “tshimologo ya popo ka Modimo.” (Tshen. 3:14) E re ka e le “leitibolo la popo yotlhe,” o tshetse nako e telele thata kwa legodimong le Rraagwe, Jehofa. Mo dingwageng tsa pele Jesu a tla go nna motho mo lefatsheng, o ne a sa nne fela le Rraagwe. E ne e le tsala ya Modimo, a itumelela go dira le Mothatayotlhe, e bile o ne a na le kamano e e atamalaneng thata le ene go gaisa e batho bape ba kileng ba nna le yone. Jesu o ne a sa lebelele fela tsela e Rraagwe a neng a dira dilo ka yone, ka go ela tlhoko maikutlo a gagwe le dinonofo tsa gagwe, mme gape o ne a ithuta a bo a dirisa sotlhe se a neng a se ithuta ka ga Rraagwe. Seo se ne sa felela ka gore Morwa yono yo o kutlo a nne fela jaaka Rraagwe—mo Baebele e mmitsang “setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng.” (Bakol. 1:15) Fa re latela Keresete gaufiufi, re ka kgona go atamalana thata le Jehofa.

Go Etsa Jehofa ka Botlalo

5. Ke eng se se tla re thusang go etsa Jehofa ka botlalo, mme ka ntlha yang?

5 Re ‘dirilwe mo setshwanong sa Modimo, kafa tshwanong ya gagwe,’ ka jalo re ka kgona go bontsha dinonofo tse di siameng. (Gen. 1:26) Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete gore ba ‘nne baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.’ (Baef. 5:1) Go latela Keresete go re thusa gore re etse Rraarona yo o kwa legodimong. Re kgona go dira seno ka gonne Jesu o ne a akanya jaaka Modimo, a ikutlwa jaaka ene, a na le botho jo bo tshwanang le jwa gagwe e bile a mo tlhalosa ka botlalo go feta motho ope o sele. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a sa itsise leina la ga Jehofa fela. Mo boemong jwa moo, o ne a senola botho jwa mong wa leina leo. (Bala Mathaio 11:27.) Jesu o ne a dira seo ka se a neng a se bua, se a neng a se dira, se a neng a se ruta le ka sekao sa gagwe.

6. Dithuto tsa ga Jesu di senola eng ka ga Jehofa?

6 Jesu o ne a dirisa dithuto tsa gagwe go tlhalosa se Modimo a batlang re se dira le kafa Modimo a ikutlwang ka teng ka baobamedi ba gagwe. (Math. 22:36-40; Luke 12:6, 7; 15:4-7) Ka sekai, fa Jesu a sena go nopola mongwe wa Melao e e Lesome—“o se ka wa dira boaka”—o ne a tlhalosa tsela e Modimo a lebang ka yone se se diragalang mo pelong ya motho lobaka lo loleele pele a dira boaka. O ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Ekes. 20:14; Math. 5:27, 28) Bafarasai ba ne ba tlhalosa mafoko mangwe a Molao ka tsela e e sa tshwanelang ba re: “O rate moagelani wa gago mme o tlhoe mmaba wa gago.” Fa Jesu a sena go nopola mafoko ao, o ne a bolela tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone, a re: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang.” (Math. 5:43, 44; Ekes. 23:4; Lefi. 19:18) Fa re tlhaloganya ka botlalo tsela e Modimo a akanyang ka yone le e a ikutlwang ka yone le se a batlang re se dira, seo se re thusa gore re mo etse ka botlalo le go feta.

7, 8. Re ithuta eng ka ga Jehofa mo sekaong sa ga Jesu?

7 Gape tsela e Jesu a neng a tshela ka yone e senola kafa Rraagwe a ntseng ka teng. Fa re bala mo Diefangeleng gore Jesu o ne a le kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba tlhokang thuso le ba ba bogang le gore o ne a galefela barutwa ba gagwe fa ba kgalema bana ba bannye, a seo ga se re bontshe gore Rraagwe le ene o na le maikutlo a a ntseng jalo? (Mar. 1:40-42; 10:13, 14; Joh. 11:32-35) Akanya kafa dilo tse Jesu a neng a di dira di senolang dinonofo tsa Modimo tsa konokono ka teng. A dikgakgamatso tse Keresete a neng a di dira ga di bontshe maatla a magolo a a neng a na le one? Le fa go ntse jalo, ga a ise a ko a dirise maatla ao gore a solegelwe molemo ka boene kgotsa ka maikaelelo a go utlwisa ba bangwe botlhoko. (Luke 4:1-4) Ruri se a neng a se dira ka go lelekela barekisi ba ba pelotshetlha kwa ntle ga tempele se bontsha kafa a ratang tshiamiso ka teng! (Mar. 11:15-17; Joh. 2:13-16) Dithuto tsa gagwe le mafoko a a monate a a neng a a dirisa go fitlhelela dipelo tsa batho a bontsha gore o ne a ‘feta Solomone’ ka botlhale. (Math. 12:42) Lorato lo Jesu a neng a lo bontsha ka go neela moya wa gagwe mo boemong jwa batho ba bangwe lo ka tlhalosiwa fela ka go re: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono.”—Joh. 15:13.

8 Morwa Modimo o ne a emela Jehofa sentle thata mo go sengwe le sengwe se a neng a se bua le se a neng a se dira mo a neng a ka re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Bala Johane 14:9-11.) Go latela Keresete go tshwana le go etsa Jehofa.

Jesu ke Motlodiwa wa ga Jehofa

9. Jesu o ne a nna Motlodiwa wa Modimo leng le gone jang?

9 Akanya ka se se diragetseng ka letlhabula la 29 C.E. fa Jesu wa dingwaga tse 30 a ne a tla mo go Johane Mokolobetsi. “Fa Jesu a sena go kolobediwa ka yone nako eo a tlhatloga a tswa mo metsing; mme, bona! magodimo a bulega, mme a bona moya wa Modimo o tla mo go ene o fologa jaaka lephoi.” Ka nako eo, o ne a nna Keresete, kgotsa Mesia. Ka nako eo, Jehofa ka boene o ne a itsise gore Jesu e ne e le Motlodiwa wa gagwe, fa a ne a re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Math. 3:13-17) Ruri leo ke lebaka le le molemo la gore re batle go latela Keresete!

10, 11. (a) Sereto “Keresete” se dirisiwa ka ditsela dife fa go buiwa ka Jesu? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go latela Jesu Keresete le fa go ka nna jang?

10 Mo Baebeleng, fa go buiwa ka Jesu, sereto “Keresete” se dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng tse di jaaka Jesu Keresete, Keresete Jesu, le Keresete. Jesu ke ene wa ntlha go dirisa leina le latelwa ke sereto a re “Jesu Keresete.” O ne a bolela jaana a rapela Rraagwe: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Joh. 17:3) Go bonala sentle gore fa leina leno le dirisiwa jaana, le lebisitse mo mothong yo o neng a romelwa ke Modimo mme a nna Motlodiwa wa gagwe. Fa sereto se tla pele ga leina, jaaka fa go twe “Keresete Jesu,” go a bo go lebisitswe thata mo maemong a gagwe, e seng mo go ene ka boene. (2 Bakor. 4:5) Go dirisa sereto “Keresete” fela, ke tsela e nngwe ya go gatelela maemo a ga Jesu jaaka Mesia.—Dit. 5:42.

11 Go sa kgathalesege gore sereto “Keresete” se dirisiwa jang fa go buiwa ka Jesu, se gatelela ntlha eno ya botlhokwa: Le fa Morwa Modimo a tlile mo lefatsheng e le motho mme a itsise thato ya ga Rraagwe, e ne e se motho fela yo o tlwaelegileng e bile e ne e se moporofeti fela; o ne a tletse go tla go nna Motlodiwa wa ga Jehofa. Re tshwanetse go latela Motlodiwa yono le fa go ka nna jang.

Jesu ke Ene Fela Yo re Ka Bonang Poloko ka Ene

12. Jesu o ne a bolelela moaposetoloi Thomase mafoko afe a a botlhokwa mo go rona?

12 Lebaka le lengwe la botlhokwa la go bo re tshwanetse go nna re latela Mesia le fitlhelwa mo mafokong a ga Jesu a a neng a a bua le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang nakwana fela pele ga loso lwa gagwe. Fa Thomase a ne a botsa ka se Jesu a neng a se bua fa a ne a re o a tsamaya o ya go ba baakanyetsa manno, Jesu o ne a araba a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Joh. 14:1-6) Ka nako eo Jesu o ne a bua le baaposetoloi ba ba 11 ba ba ikanyegang. O ne a ba solofetsa gore ba tla nna kwa legodimong, mme mafoko a gagwe a botlhokwa le mo bathong ba ba solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng. (Tshen. 7:9, 10; 21:1-4) Jang?

13. Jesu ke “tsela” ka bokao bofe?

13 Jesu Keresete ke “tsela.” Ke gore, ke ene fela yo re ka kgonang go atamela Modimo ka ene. Go ntse jalo mo kgannyeng ya thapelo ka gonne fa re rapela mo leineng la ga Jesu, ke gone fela re ka tlhomamisegang gore Rara o tla re naya sengwe le sengwe se re ka se kopang se se tsamaisanang le thato ya Gagwe. (Joh. 15:16) Le fa go ntse jalo, Jesu ke “tsela” le ka bokao jo bongwe gape. Boleo bo kgaogantse batho le Modimo. (Isa. 59:2) Jesu o ne a ntsha “moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Math. 20:28) Ke sone se Baebele e tlhalosang jaana: “Madi a ga Jesu . . . a re phepafatsa mo boleong jotlhe.” (1 Joh. 1:7) Ka jalo Morwa o re buletse tsela ya gore re letlane le Modimo. (Bar. 5:8-10) Re ka nna le kamano e e molemo le Modimo fa re nna le tumelo mo go Jesu re bo re mo ikobela.—Joh. 3:36.

14. Jesu ke “boammaaruri” ka tsela efe?

14 Jesu ke “boammaaruri” e seng fela ka gonne a ne a bua boammaaruri ka metlha e bile a tshela ka jone ka dinako tsotlhe, mme le ka gonne dipolelelopele tsotlhe tse dintsintsi tse di kwadilweng ka ga Mesia di ne tsa diragadiwa mo go ene. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Le fa ditsholofetso tsa Modimo di ka bo di le dintsi jang, di ntse Ee ka ene.” (2 Bakor. 1:20) Tota le “moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang” o o mo Molaong wa ga Moshe o ne wa diragadiwa mo go Keresete Jesu. (Baheb. 10:1; Bakol. 2:17) Jesu ke ene yo dipolelelopele tsotlhe di lebisang kwa go ene, mme di re thusa go tlhaloganya seabe sa gagwe se segolo mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa. (Tshen. 19:10) Re tshwanetse go latela Mesia gore re solegelwe molemo fa maikaelelo a Modimo ka rona a diragadiwa.

15. Jesu ke “botshelo” ka tsela efe?

15 Jesu ke “botshelo” ka gonne o rekile batho ka madi a gagwe, mme botshelo jo bo sa khutleng ke mpho e Modimo a e nayang “ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Bar. 6:23) Jesu ke “botshelo” le mo bathong ba ba suleng. (Joh. 5:28, 29) Mo godimo ga moo, akanya ka se a tla se dirang fa e setse e le Moperesiti yo Mogolo ka nako ya Puso ya gagwe ya Dingwaga Tse di Sekete. O tla golola babusiwa ba gagwe ba ba mo lefatsheng ka bosakhutleng mo boleong le mo losong!—Baheb. 9:11, 12, 28.

16. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go latela Jesu?

16 Ka jalo, karabo e Jesu a e neileng Thomase e botlhokwa thata mo go rona. Jesu ke tsela le boammaaruri le botshelo. Ke ene yo Modimo a neng a mo romela mo lefatsheng gore lefatshe le bolokwe ka ene. (Joh. 3:17) Mme ga go ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka ene. Baebele e bolela jaana ka tlhamalalo: “Ga go na poloko mo go ope o sele, gonne ga go na leina le lengwe kafa tlase ga legodimo le batho ba le neilweng le re tshwanetseng go bolokwa ka lone.” (Dit. 4:12) Ka jalo, go sa kgathalesege gore re ka tswa re ne re dumela eng pele, go botlhale gore re dumele mo go Jesu, re mo latele mme re bone botshelo.—Joh. 20:31.

Re Laelwa Gore re Reetse Keresete

17. Ke eng fa go le botlhokwa gore re reetse Morwa Modimo?

17 Petere, Johane le Jakobe ba ne ba bona fa Jesu a fetoga ponalo. Ka nako eo, ba ne ba utlwa lentswe le tswa kwa legodimong le re: “Yono ke Morwaake, ene yo o tlhophilweng. Mo reetseng.” (Luke 9:28, 29, 35) Go botlhokwa thata gore re ikobele taelo ya gore re reetse Mesia.—Bala Ditiro 3:22, 23.

18. Re ka reetsa Jesu Keresete jang?

18 Go reetsa Jesu go akaretsa ‘go leba ka tlhomamo kwa go ene le go akanya ka kelotlhoko ka sekao sa gagwe.’ (Baheb. 12:2, 3) Ka gone, re tshwanetse gore “re ele tlhoko thata dilo” tse re di balang ka ga gagwe mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” le tse re di utlwang ka ga gagwe kwa dipokanong tsa Bokeresete. (Baheb. 2:1; Math. 24:45) E re ka re le dinku tsa ga Jesu, a re tlhoafaleleng go mo reetsa le go mo sala morago.—Joh. 10:27.

19. Ke eng se se tla re thusang go latela Keresete ka metlha?

19 A re ka kgona go latela Keresete ka metlha, le fa re ka lebana le mathata afe? Ee, re ka kgona, fa re ‘nna re tshegeditse sekao sa mafoko a a itekanetseng’ ka go dirisa se re se ithutang “ka tumelo le lorato tse di ka ga Keresete Jesu.”—2 Tim. 1:13.

O Ithutile Eng?

• Ke ka ntlha yang fa go latela “Keresete” go ka dira gore re atamalane thata le Jehofa?

• Ke ka ntlha yang fa go etsa Jesu go tshwana le go etsa Jehofa?

• Jesu ke “tsela le boammaaruri le botshelo” ka tsela efe?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go reetsa Motlodiwa wa ga Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Dithuto tsa ga Jesu di ne di bontsha tsela ya maemo a a kwa godimo e Jehofa a akanyang ka yone

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Re tshwanetse go latela Motlodiwa wa ga Jehofa ka boikanyegi

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Jehofa o ne a re: “Yono ke Morwaake, . . . mo reetseng”