Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Banna ba ba Nyetseng, Etsang Lorato Lwa ga Keresete!

Banna ba ba Nyetseng, Etsang Lorato Lwa ga Keresete!

Banna ba ba Nyetseng, Etsang Lorato Lwa ga Keresete!

MO BOSIGONG jwa bofelo jwa botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng, o ne a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Joh. 13:34, 35) Eleruri, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go ratana.

Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka tlhamalalo le banna ba Bakeresete, fa a ne a kwala jaana: “Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone.” (Baef. 5:25) Monna yo o nyetseng wa Mokeresete a ka dirisa jang kgakololo eno ya Dikwalo mo lenyalong la gagwe, segolobogolo fa mosadi wa gagwe e le motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa?

Keresete O ne A Rata Phuthego

Baebele ya re: “Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela, jaaka Keresete le ene a dira phuthego jalo.” (Baef. 5:28, 29) Jesu o ne a rata barutwa ba gagwe tota. O ne a ba ngomaela. Le fa ba ne ba sa itekanela, o ne a le bonolo e bile a le pelonomi mo go bone. Ka go bo a ne a eletsa gore a “tlhagise phuthego kwa go ene ka boene e le mo bontlentleng jwa yone,” o ne a tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa barutwa ba gagwe.—Baef. 5:27.

Fela jaaka Keresete a ile a bontsha phuthego gore o a e rata, monna yo o nyetseng le ene o tshwanetse go bontsha mosadi wa gagwe gore o a mo rata, ka se a se buang le se a se dirang. Mosadi yo monna wa gagwe a mmolelelang ka metlha gore o a mo rata o ikutlwa a ratwa e bile a itumetse. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ka direga gore mosadi yo o nang le legae le le nang le dilo tsotlhe tse a di tlhokang a nne a sa itumela gotlhelele fa e le gore molekane wa gagwe wa lenyalo o a mo tlhokomologa.

Monna yo o nyetseng a ka bontsha jang gore o rata mosadi wa gagwe? Fa a na le batho, o mo itsise ba bangwe ka tsela e e nang le seriti le go mo akgolela tsela e a mo tshegetsang ka yone. Fa e le gore mosadi wa gagwe o ile a thusa gore ba atlege go fitlhelela sengwe sa botlhokwa e le lelapa, ga a okaoke go bolelela ba bangwe seo. Fa ba le bosi, mosadi wa gagwe o kgona go bona gore o a mo rata. Go mo tshwara ka seatla, go nyenya le ene, go mo tlamparela le go mo akgola e ka tswa e le dilo tse dinnye, mme di ka ama pelo ya mosadi fela thata.

O ne A sa “Tlhabiwe ke Ditlhong go ba Bitsa ‘Bomorwarre’”

Keresete Jesu o ne a sa ‘tlhabiwe ke ditlhong go bitsa [balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng] “bomorwarre.”’ (Baheb. 2:11, 12, 17) Fa e le gore o monna wa Mokeresete, gakologelwa gore gape o tshwanetse go tsaya mosadi wa gago e le kgaitsadi wa Mokeresete. Boineelo jwa gagwe mo go Jehofa bo botlhokwa go feta maikano a gagwe a lenyalo, go sa kgathalasege gore a o kolobeditswe morago kgotsa pele lo nyalana. Fa mokaulengwe yo o tshwereng pokano a tlhopha mosadi wa gago gore a arabe, go tla bo go tshwanela gore a mmitse “Kgaitsadi.” Le wena o tshwanetse go mo tsaya jaaka kgaitsadi, e seng fela kwa Holong ya Bogosi mme le kwa lapeng. Go botlhokwa gore o mo tshware sentle o bo o nne molemo mo go ene kwa lapeng fela jaaka o tshwanetse go dira jalo fa lo le kwa Holong ya Bogosi.

Fa o na le maikarabelo a mantsi mo phuthegong, o ka nna wa fitlhela go le thata go lekalekanya maikarabelo a phuthego le a lelapa. Go dirisana sentle ga bagolwane le batlhanka ba bodiredi le go thapisa ba bangwe go sikara maikarabelo a mangwe a phuthego go tla go naya nako ya go nna le kgaitsadi yo o go tlhokang thata e bong mosadi wa gago. Gakologelwa, go na le bakaulengwe ba bangwe ba kwantle ga pelaelo ba ka dirang ditiro tsa phuthego tse o di abetsweng, mme ke wena fela monna wa mosadi wa gago.

Mo godimo ga moo, o tlhogo ya mosadi wa gago. Baebele ya re: “Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna.” (1 Bakor. 11:3) O tshwanetse go dirisa jang botlhogo jono? Ka tsela e e lorato, e seng ka go nna o umaka temana e e nopotsweng fa godimo le go pateletsa mosadi wa gago gore a go tlotle. Tsela e e molemo ya go dirisa botlhogo sentle ke ka go etsa Jesu Keresete mo tseleng e o tshwarang mosadi wa gago ka yone.—1 Pet. 2:21.

“Lo Ditsala Tsa Me”

Jesu o ne a bitsa barutwa ba gagwe a re ke ditsala tsa gagwe. O ne a ba raya a re: “Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka, ka gonne motlhanka ga a itse se mong wa gagwe a se dirang. Mme ke lo biditse ditsala, ka gonne dilo tsotlhe tse ke di utlwileng mo go Rre ke lo di itsisitse.” (Joh. 15:14, 15) Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba buisana ka metlha. Gape ba ne ba dira dilo mmogo. “Jesu le barutwa ba gagwe” ba ne ba lalediwa kwa moketeng wa lenyalo kwa Kana. (Joh. 2:2) Ba ne ba na le mafelo a ba neng ba rata go ya kwa go one, a a jaaka tshimo ya Gethesemane. Baebele ya re “Jesu o ne a ile a kopanela koo le barutwa ba gagwe makgetlo a le mantsi.”—Joh. 18:2.

Ruri mosadi o tshwanetse go ikutlwa e le tsala e kgolo ya monna wa gagwe. A bo go le botlhokwa jang ne gore lona banna le basadi lo itumelele botshelo mmogo! Direlang Modimo mmogo. Itumeleleng go ithuta Baebele mmogo. Dirisang nako lo le mmogo—lo tsamaye mmogo, lo tlotle lo bo lo je mmogo. Lo se ka lwa nna banyalani fela; lo nne ditsala tse dikgolo.

O ne “A ba Rata go ya Bokhutlong”

Jesu o ne ‘a rata barutwa ba gagwe go ya bokhutlong.’ (Joh. 13:1) Banna ba bangwe ga ba etse Keresete fa go tliwa mo kgannyeng eno. Tota e bile ba ka tlogela ‘mosadi wa bosha jwa bone,’ gongwe ba tsaya mongwe yo mmotlana.—Mal. 2:14, 15.

Ba bangwe, ba ba jaaka Willi, ba etsa Keresete. Ka ntlha ya botsogo jo bo bokoa, mosadi wa ga Willi, o ne a tlhoka go tlhokomelwa ka metlha ka dingwaga tse dintsi. Willi o ne a ikutlwa jang ka seno? O ne a re: “Ka metlha ke ne ke tsaya mosadi wa me e le mpho e e tswang kwa Modimong e bile ke mo anaanela fela thata. Mo godimo ga moo, dingwaga di le 60 tse di fetileng ke ne ka solofetsa go mo tlhokomela fa go le monate le fa go le thata. Nka se tsoge ke lebetse tsholofetso eo.”

Banna ba Bakeresete, etsang lorato lwa ga Keresete. Rata mosadi wa gago yo o boifang Modimo—yo e leng kgaitsadi le tsala ya gago.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

A mosadi wa gago ke tsala ya gago e kgolo?

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

‘Tswelela o rata mosadi wa gago’