Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla Kgakololo e e Mosola

Go Batla Kgakololo e e Mosola

Go Batla Kgakololo e e Mosola

FA E le gore o batla kgakololo, e ntsi thata. Go naya batho kgakololo ke nngwe ya dikgwebo tse di golang thata mo lefatsheng lotlhe. Mo mafelong a a nang le batho ba ditso tse di sa tshwaneng a a jaaka Boritane, Latin America, Japane le United States, dibuka tse di nayang batho kgakololo di rekwa thata. Dibidio, diseminara le mananeo a thelebishene a a nayang batho kgakololo le one a tumile fela thata. Batho ba a di kgatlhegela ka gonne di ba naya kgopolo ya gore ba ka kgona go rarabolola mathata a bone ntle le go kopa thuso mo go moithutatlhaloganyo, mogakolodi wa manyalo kgotsa moruti. Dikgakololo tseo di bua ka eng?

Dingwe tsa dikgakololo tse gantsi ba buang ka tsone ke go atlega mo botshelong, mo thatanong le mo go godiseng bana. Go itshokela go tshwenyega thata mo maikutlong, khutsafalo le matswela a tlhalo ke dingwe tsa dilo tse go tlotliwang thata ka tsone. Gape batho ba le bantsi ba batla kgakololo ya go fenya mokgwa wa go ja bobe, go goga motsoko le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. A kgakololo eo e a dira? Ka dinako tse dingwe e a dira, mme gantsi ga e dire. Ka jalo, go botlhale go ela tlhoko tlhagiso eno ya Baebele: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”—Diane 14:15.

Dibuka tse di nayang kgakololo di farologane thata le dibukana tsa ditaelo tse di rutang motho go nna le bokgoni jwa go tsaya dinepe, go itse diakhaonto kgotsa go ithuta puo e e rileng. Dibukana tseo di ka go thusa e bile ga di je madi a mantsi go na le fa o ne o ka ithutela khoso nngwe e e kgethegileng. Dibuka tse di nayang kgakololo—e ka tswa e le tsa kgwebo, tsa lenyalo, tsa go godisa bana kgotsa tsa malwetse a tlhaloganyo—ga di tshwane. Gantsi di buelela tsela nngwe ya go dira dilo kgotsa ya go akanya. Ka jalo, go botlhale gore o ipotse jaana: ‘Ke mang yo o neelang kgakololo e e mo go tsone? O tsaya kae tshedimosetso eo?’

Ga se ka metlha dikgopolo tsa baitse di ikaegileng ka bosupi jo bo kgobokantsweng le jo bo sekasekilweng sentle. Bangwe ba bone ba naya kgakololo e e kgatlhegelwang ke batho ba le bantsi thata ka go bo ba itse gore ba ka dira madi a mantsi ka go ba bolelela dilo tse ba batlang go di utlwa. Tota e bile, mo nageng e le nngwe fela, kgwebo ya go naya batho kgakololo e dira diranta di ka nna dibilione di le 75 ngwaga le ngwaga!

Dibuka Tse di Nayang Batho Kgakololo di Mosola go le Kana Kang?

Fa o bala dibuka tse di nayang batho kgakololo, o lebeletse gore o bone kgakololo e e mosola. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe se o se fitlhelang ke kgakololo e e tlwaelegileng kgotsa e e ka se kang ya dira. Gantsi dibuka tseo di a re: ‘Fa o na le boikutlo jo bo siameng o ka kgona go rarabolola mathata a gago. Sengwe le sengwe se o se batlang, e ka tswa e le madi, botsogo jo bo siameng kgotsa go atlega mo go tsa marato, o ka nna le tsone fela fa o na le boikutlo jo bo siameng.’ A kgakololo eo e ka go thusa go rarabolola mathata a gago? A e tla go thusa go lebana le dilo tse di diregang mo botshelong le tse di kgobang marapo?

Ka sekai, akanya ka dingwe tsa dibuka tse di tumileng thata tse di buang ka go dirisana ga batho le go dirisana ga banyalani. A di thusa batho go nna le malapa a a itumetseng le a a nnelang ruri? Ga se ka metlha go leng jalo. Go ya ka mosadi mongwe, mokwadi wa dibuka tse di nayang batho kgakololo mo dikgannyeng tsa marato tse di neng tsa rekisiwa thata kwa Latin America o “bolelela babadi kafa ba ka atlegang ka gone mo thatanong le kafa ba ka itlotlang ka gone.” Mokwadi wa tsone a re go nna mo thatanong e batho ba teng ba sa dirisaneng sentle go tshwana le go itsietsa. Se a se buang ke gore selo sa botlhokwa ke gore motho a dire dilo tse di mo itumedisang go na le go akanya ka mathata a a nang le one le go leka go a rarabolola.

Gone ke boammaaruri gore dibuka tse di nayang batho kgakololo di ka nna le kgakololo e e molemo. Le fa go ntse jalo, gape di ka naya motho kgakololo e e kotsi. Moitse a ka naya motho kgakololo e e molemo mo kgannyeng nngwe mme mo go e nngwe a mo naya kgakololo e e ka dirang gore dilo di nne maswe le go feta. Go ka se nne motlhofo go bona kgakololo e e siameng mo go tse dintsi tse batho bano ba di nayang, tse gantsi di ikganetsang. O ka ikanya kgakololo ya ga mang? Ipotse jaana: ‘A kgakololo eno e sekasekilwe ka kelotlhoko kgotsa a ke kgopolo fela ya mokwadi? Go batla go huma kgotsa go tuma go tlhotlheleditse mokwadi yono gore a neele kgakololo e e boammaaruri go le kana kang?’

Buka nngwe e e itshupileng e le mosola thata ka dingwaga di le dintsi ke Baebele. E na le kgakololo e e mosola mo dikgannyeng tse dintsi tse dibuka tse di nayang kgakololo di buang ka tsone. E tlhotlheleditse batho ba le bantsi go dirisa kgakololo eno: “Lo dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa lona . . . Lo apare botho jo bosha.” (Baefeso 4:23, 24) Baebele e naya kgakololo e e botlhale malebana le gore mathata a rona a bakwa ke eng e bile e re ruta kafa re ka a rarabololang ka gone. Sa botlhokwa le go feta, e re naya mabaka a a utlwalang sentle a go dira se se siameng. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa kafa e dirang seo ka gone.