Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Itse se re Kgonang go se Dira

O Itse se re Kgonang go se Dira

Atamalana le Modimo

O Itse se re Kgonang go se Dira

Lefitiko 5:2-11

“KE NE ke dira ka natla mme ka metlha ke ne ke tsaya go sa lekana.” Go ne ga bua jalo mosadi mongwe yo o neng a leka go itumedisa Modimo. A Jehofa Modimo o amogela maiteko a baobamedi ba gagwe ba a dirang ka natla? A o lemoga gore bokgoni jwa bone le maemo a bone di ka dira gore ba se kgone go dira mo go oketsegileng? Go araba dipotso tseno, go botlhokwa gore re sekaseke se se umakilweng mo Molaong wa ga Moshe mabapi le ditlhabelo dingwe, jaaka go umakilwe mo go Lefitiko 5:2-11.

Go ya ka Molao wa ga Moshe, Modimo o ne a batla ditlhabelo tse di farologaneng go letlanya maleo. Mo maemong a go buiwang ka one mo go Lefitiko 5:1-11, motho o ne a ka leofa a sa ikaelela. (Temana 2-4) Fa a lemoga gore o leofile, o ne a tshwanetse go ipolela boleo jwa gagwe a bo a ntsha tshupelo ya molato—“kwanyana e namagadi kgotsa potsane e namagadi.” (Temana 5, 6) Mme go tweng fa e le gore o ne a humanegile mme a se na kwanyana kgotsa potsane e a neng a ka e ntsha? A Molao o ne o batla gore a adime phologolo eo, ka jalo a itsenya mo sekolotong? A o ne a tshwanetse go bereka go fitlhela a kgona go e reka, ka go dira jalo a diegisa tetlanyo ya gagwe ya maleo?

Molao o ne o bua jaana go bontsha tsela e Jehofa a neng a amega ka yone ka lorato: “Le fa go ntse jalo, fa a se na mo go lekaneng go bona nku, a a tlise maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi a mannye kwa go Jehofa e le tshupelo ya gagwe ya molato ya boleo jo a bo dirileng.” (Temana 7) Mafoko a a reng “fa a se na mo go lekaneng” a bontsha gore Modimo o ne a itumelela go amogela sengwe le sengwe se motho a neng a ka kgona go se ntsha setlhabelo. Fa e le gore Moiseraele o ne a humanegile thata mo a sa kgoneng go ntsha nku, Modimo o ne a itumelela go amogela sengwe se a neng a ka kgona go se ntsha—maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi.

Go tweng fa e le gore motho o ne a sa kgone go ntsha le e leng dinonyane tse pedi? Molao o ne o re: “Foo a tlise e le tshupelo ya gagwe ya boleo jo a bo dirileng, nngwesomeng ya ifa [dikopi di le robedi kgotsa di le robonngwe] ya bupi jo bo boleta ya tshupelo ya boleo.” (Temana 11) Jehofa o ne a dira gore batho ba ba humanegileng thata ba ntshe tshupelo ya boleo ba sa dirise madi. * Kwa Iseraele, go humanega go ne go sa thibele ope go bona masego a tetlanyo kgotsa tshiamelo ya go dira kagiso le Modimo.

Re ithuta eng ka Jehofa mo molaong o o malebana le ditshupelo tsa molato? Gore ke Modimo yo o kutlwelobotlhoko, yo o tlhaloganyang le yo o akanyetsang se baobamedi ba gagwe ba ka kgonang go se dira. (Pesalema 103:14) O batla gore re atamalane le ene le go nna le kamano e e molemo le ene le fa re lebana le maemo a a boima, a a jaaka bogodi, go lwala, maikarabelo a lelapa kgotsa a mangwe. Re ka gomodiwa ke go itse gore Jehofa Modimo o a itumela fa re dira sotlhe se re se kgonang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Botlhokwa jwa tetlanyo bo ne bo le mo mading a phologolo e e ntshiwang setlhabelo, a Modimo a neng a a leba a le boitshepo. (Lefitiko 17:11) A seo se raya gore bupi jo bahumanegi ba neng ba bo ntsha e le tshupelo bo ne bo se na mosola? Nnyaa. Jehofa o ne a tsaya go ntsha ditshupelo tse di ntseng jalo ga batho ba ba ikokobeditseng le ba ba ikemiseditseng go le botlhokwa. Mo godimo ga moo, maleo a setšhaba sotlhe—go akaretsa bahumanegi—a ne a bipiwa ka madi a diphologolo tse di ntshediwang Modimo ka Letsatsi la Tetlanyo ngwaga le ngwaga.—Lefitiko 16:29, 30.