Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tota Go na Le Mongwe yo o Amegang ka Nna?

A Tota Go na Le Mongwe yo o Amegang ka Nna?

A Tota Go na Le Mongwe yo o Amegang ka Nna?

A o kile wa ikutlwa e kete o esi e bile ga go na ope yo o tlhaloganyang mathata a o nang le one? Tota le fa ba ne ba a itse, o ne wa ikutlwa e kete ga ba kgathale.

FA RE tlhagelwa ke mathata, botshelo jwa rona bo ka tshwana le sefefo se se ka se feleng. Ka dinako tse dingwe, re ka diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko thata le tse di sa siamang mo e leng gore re ka swetsa ka gore re ka se kgone go di itshokela. Seno se diragala gantsi fa re lebana le dilo tse di utlwisang botlhoko mo maikutlong, go tshwenyega thata mo maikutlong, dikotsi tse di ka go koafatsang, malwetse a a sa foleng kgotsa sengwe se se tshwanang le seo. Re ka ikutlwa re kgobegile marapo e bile re se na tsholofelo, re ipotsa gore re ka bona kae kgomotso. A tota go na le mongwe yo o amegang?

“Modimo wa Kgomotso Yotlhe” o Amega ka Wena

Mo Baebeleng Modimo o tlhalosiwa e le “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe.” (2 Bakorintha 1:3) Modimo, yo leina la gagwe e leng Jehofa, o itse gore re tlhoka kgomotso. Baebele e dirisa lefoko “kgomotso” ka ditsela tse di farologaneng ka makgetlo a feta lekgolo, go re tlhomamisetsa gore Modimo ga a tlhaloganye fela se re lebanang le sone mme gape o batla go re gomotsa. Go itse seno go re tlhomamisetsa gore le fa batho ba bangwe ba sa lemoge, ba sa tlhaloganye kgotsa ba sa amege ka mathata a re lebanang le one, Jehofa Modimo ene ga a nna jalo.

Ntlha ya gore Jehofa o amega ka mongwe le mongwe wa rona e bonala sentle mo Baebeleng. Baebele ya re: “Matlho a ga Jehofa a mo lefelong lengwe le lengwe, a nna a lebeletse ba ba bosula le ba ba molemo.” (Diane 15:3) Ka tsela e e tshwanang re bala jaana mo go Jobe 34:21: “Matlho a gagwe a mo ditseleng tsa motho, mme o bona dikgato tsotlhe tsa gagwe.” Jehofa o bona se re se dirang—e ka tswa se le molemo kgotsa se le bosula—mme o itse maemo a re lebanang le one gore a dire se a bonang se siame. Seno se tlhomamisitswe ke mafoko a ga Hanani wa mmoni kgotsa moporofeti, a a neng a a raya Asa Kgosi ya Juda: “Fa e le Jehofa ene, matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.”—2 Ditiragalo 16:7, 9.

Go na le lebaka le lengwe la go bo Jehofa a nna a re lebile. Jesu o tlhalosa jaana: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Johane 6:44) Jehofa o amega thata ka batho mo a tlhatlhobang dipelo tsa bone go bona gore a ba kgatlhegela go mo itse botoka. Fa motho a kgatlhegela go mo itse botoka, a ka mo thusa ka tsela e e gakgamatsang. Ka sekai, kwa Dominican Republic, mosadi mongwe o ne a romelwa kwa bookelong go ya go dirwa karo ka ntlha ya kankere. O ne a kopa Modimo go mo thusa go bona bodumedi jwa boammaaruri. Ka nako eo, monna wa gagwe o ne a mo tlisetsa boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? * e a neng a e amogetse mo mosong oo mo Mosuping wa ga Jehofa yo o neng a mo etetse kwa legaeng la gagwe. Mosadi yono o ne a bala boroutšhara joo mme a lemoga gore Modimo o ne a arabile thapelo ya gagwe. O ne a dumela go ithuta Baebele le Basupi mme mo dikgweding tse thataro, o ne a neela botshelo jwa gagwe mo Modimong mme a kolobediwa.

Mo bukeng ya Baebele ya Dipesalema, re fitlhela mafoko a a gomotsang a bakwadi ba dipesalema ba Bahebera ba bogologolo, ba ba jaaka Kgosi Dafide, a a tlhalosang kafa Jehofa a amegang ka lorato ka gone ka batlhanka ba gagwe. Mo go Pesalema 56:8, Kgosi Dafide o kopa Modimo jaana: “A ko o tsenye dikeledi tsa me mo modutwaneng wa gago. A ga di mo bukeng ya gago?” Fela jaaka papiso eno e bontsha, Dafide o ne a itse gore Jehofa o ne a sa itse fela ka go boga ga gagwe mme le kafa seo se mo amang ka gone mo maikutlong. Jehofa o ne a itse kutlobotlhoko ya ga Dafide e bile a gakologelwa kafa a neng a amegile maikutlo ka gone mo a neng a lela. Ke boammaaruri gore Mmopi wa rona o nna a lebeletse botlhe ba ba lekang go dira thato ya gagwe, “ba pelo ya bone e feletseng mo go ene.”

Ditemana tse dingwe tsa Baebele tse di tlhalosang tsela e e lorato e Modimo a amegang ka yone ke Pesalema e e itsegeng ya 23. E simolola ka go bontsha kafa Modimo a tshwanang ka gone le modisa yo o lorato: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe.” Modisa wa kwa Botlhabagare o ne a amega ka nngwe le nngwe ya dinku tsa gagwe, mo a neng a naya nngwe le nngwe ya tsone leina. Letsatsi le letsatsi o ne a biletsa nku nngwe le nngwe kwa go ene a bo a e sola ka lorato go bona gore a ga go na mo e gobetseng gone. Fa go na le mo e gobetseng gone, o ne a e tshasa oli kgotsa setlolo gore e fole ka bonako. Fa nku e lwala, modisa o ne a ka e pateletsa go nwa molemo a bo a e tshwara gore e nne e eme gore e se ka ya robala e bo e swa. Ruri eo ke papiso e e molemo tota ya kafa Jehofa a amegang ka gone ka batho ba ba lebang kwa go ene gore a ba thuse.

Thapelo le Tsogo—Bosupi Jwa Gore Modimo o a Amega

Dipesalema tseno le tse dingwe tse di kgatlhang tse di mo Baebeleng ga di a kwalelwa fela gore re itumelele go di bala. Di re bontsha kafa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba mo nakong e e fetileng ba neng ba bolelela Jehofa sengwe le sengwe se ba neng ba se tlhoka ka gone le go mo lebogela go ba kaela le go ba segofatsa. Mafoko ao a bontsha sentle kafa batlhanka ba Modimo ba bogologolo ba neng ba dumela ka tlhomamo ka gone gore Modimo o amega ka bone. Go bala le go tlhatlhanya ka mafoko ano a bone a a tswang pelong go ka re thusa gore re ikutlwe ka tsela e e tshwanang ka Modimo. Ntlha ya gore Jehofa o re letla go mo rapela ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore Modimo o amega ka rona.

Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe re fekeediwa ke mathata mo e leng gore ga re itse le gore re ka rapela jang ka one. A seo se ka dira gore Jehofa a se ka a itse ka matshwenyego a rona? Baroma 8:26 e araba jaana: “Moya le one o tla ka thuso ya bokoa jwa rona; gonne bothata jwa se re tshwanetseng go se rapelela jaaka re tlhoka ga re bo itse, mme moya ka boone o a re rapelela ka go fegelwa mo go sa buiweng.” Temana eno e re bolelela gore dithapelo tse di tlhotlheleditsweng tsa batlhanka ba Modimo ba mo nakong e e fetileng di ka bontsha kafa re ikutlwang ka gone mme Jehofa “Moutlwi wa thapelo” o di amogela e le tse di tswang mo go rona.—Pesalema 65:2.

Tsholofelo ya tsogo ke bosupi jo bongwe jo bo nonofileng jwa kafa Modimo a kgatlhegelang mongwe le mongwe wa rona ka gone. Jesu Keresete o ne a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe [Jesu] ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano le ranotswe sentle e le ‘mabitla a kgakologelo’ e seng fela “mabitla.” Le tlhalosa kgopolo ya gore Modimo o gakologelwa tsela e motho a neng a le ka yone fa a ne a sa ntse a tshela.

Akanya fela, go tsosa motho mo baswing, Modimo o tshwanetse go itse sengwe le sengwe ka ene, go akaretsa le gore o ne a lebega jang, gore o gotsitse mang, mekgwa e a neng a na le yone le mogopolo wa gagwe o o feletseng! (Mareko 10:27) Tsela e Modimo a gakologelwang motho yoo ka yone ga e fele, tota le e leng morago ga dingwaga tse di sekete. (Jobe 14:13-15; Luke 20:38) Ka jalo, dibilione tsa batho ba ba suleng di mo mogopolong wa ga Jehofa Modimo ka tsela e e feletseng—bosupi jo bo nonofileng tota jwa gore Modimo o amega ka mongwe le mongwe wa rona!

Jehofa ke Moduedi

Re tshwanetse go dira eng gore Modimo a amege ka rona le go re tlhokomela? Sa ntlha, re tshwanetse go bontsha gore re a mo ikanya le go mo ikobela le gore re dumela mo go ene. Moaposetoloi Paulo o bontsha kafa go nna le tumelo le go itumelela go tlhokomelwa ke Modimo go amanang ka gone. O ne a kwala jaana: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go mo itumedisa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:6.

Ela tlhoko gore mofuta wa tumelo e e itumedisang Modimo o akaretsa dilo tse pedi. Sa ntlha, re tshwanetse “go dumela gore o gone,” ke gore, re tshwanetse go dumela gore Modimo o teng le gore ke Mmusi yo Mogolo wa rona, yo re tshwanetseng go mo ikobela le go mo obamela. Sa bobedi, re tshwanetse go dumela gore “o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” Tumelo ya boammaaruri e akaretsa go dumela gore Modimo o kgatlhegela botlhe ba ba batlang ka tlhoafalo go dira thato ya gagwe mme o a ba duela. Fa o ithuta Lefoko la Modimo le go kopanela le batho ba ba mo ikobelang, o ka nna le tumelo e e ka dirang gore Modimo a go duele le go amega ka lorato ka wena.

Batho ba bantsi gompieno ba dumela gore Modimo ga a kgatlhegele se batho ba se dirang. Mme jaaka re setse re bone, Baebele e bontsha sentle gore Modimo o amega fela thata ka batho ba ba nang le tumelo ya mmatota mo go ene. Tota le fa botshelo jwa gompieno bo tletse ka go ngomoga pelo, go tshwenyega, go swabisiwa le kutlobotlhoko ga re tlhoke go tlalelwa. Jehofa Modimo o amega ka rona. Tota e bile, o re laletsa ka lorato go leba kwa go ene gore a re thuse. Mopesalema a re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.”—Pesalema 55:22.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]

Dikwalo Tse di ka Nonotshang Tumelo ya Gago mo Loratong lo Modimo a go Ratang ka Lone

“Fa e le Jehofa ene, matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.”—2 DITIRAGALO 16:9

“A ko o tsenye dikeledi tsa me mo modutwaneng wa gago. A ga di mo bukeng ya gago?”—PESALEMA 56:8

“Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe.”—PESALEMA 23:1

“Wena Moutlwi wa thapelo, batho ba nama yotlhe ba tla tla kwa go wena.”—PESALEMA 65:2

“O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba. O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.”—JOBE 14:15

“Yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—BAHEBERA 11:6

“Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.”PESALEMA 55:22