Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhoafalela Ntlo ya ga Jehofa!

Tlhoafalela Ntlo ya ga Jehofa!

Tlhoafalela Ntlo ya ga Jehofa!

“Tlhoafalo ya ntlo ya gago e tla nja e mphetsa.”—JOH. 2:17.

1, 2. Jesu o ne a dirang kwa tempeleng ka 30 C.E., mme ka ntlha yang?

A KO o akanye fela ka tiragalo eno. Ke nako ya Tlolaganyo, ka 30 C.E. Jesu o setse a na le dikgwedi di le thataro a simolotse bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng. Jaanong o ya kwa Jerusalema. Fa a tsena kwa tempeleng mo Lolwapeng lwa Baditšhaba, o fitlhela batho “ba ba rekisang dikgomo le dinku le maphoi le baananyi ba madi mo ditulong tsa bone.” O kgatikanya seme sa megala a bo a koba diphologolo tsotlhe, mme barekisi le bone ba di sala morago. Gape Jesu o tsholola madi a tshipi a baananyi ba madi a bo a pitikolola ditafole tsa bone. O laela ba ba rekisang maphoi gore ba tseye ditsabone ba tsamaye.—Joh. 2:13-16.

2 Se Jesu a se dirang se bontsha sentle gore o amega ka tempele. O laela jaana: “Tlogelang go dira ntlo ya ga Rre ntlo ya thekisetso!” Fa barutwa ba ga Jesu ba bona ditiragalo tseno, ba gopola mafoko a a kwadilweng makgolo a dingwaga pele ga foo ke mopesalema Dafide: “Tlhoafalo ya ntlo ya gago e tla nja e mphetsa.”—Joh. 2:16, 17; Pes. 69:9.

3. (a) Tlhoafalo ke eng? (b) Re ka ipotsa potso efe?

3 Se se neng sa tlhotlheletsa Jesu gore a tseye kgato ke gore o ne a amega ka ntlo ya Modimo kgotsa a e tlhoafaletse. Tlhoafalo ke go tlhagafalela go dira sengwe ka gonne o se rata e bile o se kgatlhegela. Mo lekgolong leno la bo21 la dingwaga, Bakeresete ba feta dimilione di le supa ba bontsha gore ba amega ka ntlo ya Modimo. Mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa jaana, ‘Nka dirang gore ke oketse tlhoafalo e nna ke nang le yone ka ntlo ya ga Jehofa?’ Go re thusa go araba potso eo, a re simololeng ka go sekaseka gore ntlo ya Modimo gompieno ke eng. Go tswa foo re tla tlotla ka dikai tse di mo Baebeleng tsa banna ba ba ikanyegang ba ba neng ba tlhoafaletse ntlo ya Modimo. Dikai tsa bone di ne tsa kwalelwa “go re laya” e bile di ka re rotloetsa gore re dire ka tlhoafalo le go feta.—Bar. 15:4.

Ntlo ya Modimo—Bogologolo le Gompieno

4. Tempele e Solomone a neng a e aga e ne e dirisediwa eng?

4 Kwa Iseraele wa bogologolo, ntlo ya Modimo e ne e le tempele e e kwa Jerusalema. Gone ke boammaaruri gore Jehofa o ne a sa nne koo ka tsela ya mmatota. O ne a re: “Magodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa me sa dinao. Ka jalo e kae ntlo e lo ka e nkagelang, mme le kae lefelo le e tla nnang lefelo la me la boikhutso?” (Isa. 66:1) Le fa go ntse jalo, tempele e e neng ya agiwa ka nako ya puso ya ga Solomone e ne e le lefelo la konokono la kobamelo ya ga Jehofa, kwa go neng go rapelwa teng.—1 Dikg. 8:27-30.

5. Kobamelo e e neng e dirwa kwa tempeleng ya ga Solomone e ne e tshwantshetsa thulaganyo efe gompieno?

5 Gompieno ntlo ya ga Jehofa ga se kago epe ya mmatota e e kwa Jerusalema kgotsa gope go sele. Go na le moo, ke thulaganyo e re e dirisang go mo obamela mo motheong wa setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo. Batlhanka botlhe ba ba ikanyegang ba Modimo mo lefatsheng ba obamela Jehofa mo tempeleng eno ya semoya ba le seoposengwe.—Isa. 60:4, 8, 13; Dit. 17:24; Baheb. 8:5; 9:24.

6. Ke dikgosi dife tsa kwa Juda tse di neng tsa bontsha gore di tlhoafaletse kobamelo ya boammaaruri ka tsela e e tlhomologileng?

6 Fa bogosi jwa Iseraele bo sena go kgaoganngwa sebedi ka 997 B.C.E., mo dikgosing tse 19 tse di neng di busa kwa Juda, e e neng e le karolo e e kwa borwa, di le 4 tsa tsone di ne tsa bontsha gore di tlhoafaletse kobamelo ya boammaaruri ka tsela e e tlhomologileng. Dikgosi tseno e ne e le Asa, Jehoshafate, Hesekia le Josia. Re ka ithuta dithuto dife tsa botlhokwa mo dikaong tsa bone?

Go Direla ka Pelo Yotlhe go Tlisa Masego

7, 8. (a) Jehofa o segofatsa tirelo ya mofuta ofe? (b) Sekai sa ga Kgosi Asa se re ruta thuto efe e e ka re tlhagisang?

7 Ka nako ya fa go ne go busa Kgosi Asa, Jehofa o ne a romela baporofeti gore ba kaele setšhaba sa Gagwe gore se tswelele se ikanyega. Ka sekai, Baebele e re bolelela gore Asa o ne a reetsa moporofeti Asaria, morwa Odede. (Bala 2 Ditiragalo 15:1-8.) Diphetogo tse Asa a neng a di dira di ne tsa dira gore batho ba Juda ba nne seoposengwe le batho ba bantsintsi ba bogosi jwa Iseraele ba ba neng ba tla phuthegong e kgolo e e neng e tshwaretswe mo Jerusalema. Botlhe ba ne ba bolela kafa ba ikemiseditseng ka teng go obamela Jehofa ka boikanyegi. Go kwadilwe jaana: “Ba ikanela Jehofa ka lentswe le le kwa godimo le ka mokgosi wa boipelo le ka diterompeta le ka dinaka. Mme Juda yotlhe ya ipelela selo se se ikanetsweng; gonne ba ne ba ikanne ka pelo yotlhe ya bone ba bo ba mmatla ka boipelo jo bo tletseng, mo a neng a dira gore ba mmone; mme Jehofa a tswelela go ba naya boikhutso mo tikologong yotlhe.” (2 Ditir. 15:9-15) Ruri le rona Jehofa o tla re segofatsa fela jalo fa re mo direla ka pelo yotlhe.—Mar. 12:30.

8 Ka maswabi, moragonyana Asa o ne a kgopisega fa Hanani wa mmoni a ne a mo gakolola. (2 Ditir. 16:7-10) Re itshwara jang fa Jehofa a re naya kgakololo kgotsa kaelo a dirisa bagolwane ba Bakeresete? A re bofefo go tsaya kgakololo ya bone e e tswang mo Dikwalong tsia re bo re tila go wela mo serung sa go kgopisega?

9. Jehoshafate le Juda yotlhe ba ne ba gomagomelwa ke eng, mme ba ne ba itshwara jang?

9 Jehoshafate o ne a busa e le kgosi mo Juda ka lekgolo la bolesome la dingwaga B.C.E. Ene le botlhe ba Juda ba ne ba gomagomelwa ke go tlhaselwa ke masole a a kopaneng a Amona, Moabe le batho ba kgaolo e e dithaba ya Seire. Le fa kgosi eno e ne e boifa, e ne ya dirang? Ene le banna ba gagwe botlhe, mmogo le basadi le bana ba bone, ba ne ba phuthegela mo ntlong ya ga Jehofa go tla go rapela. (Bala 2 Ditiragalo 20:3-6.) Go dumalana le mafoko a ga Solomone ao a a buileng pelenyana fa go ne go neelwa tempele, Jehoshafate o ne a rapela Jehofa jaana go tswa pelong: “Ao tlhe Modimo wa rona, a ga o kitla o diragatsa katlholo mo go bone? Gonne mo go rona ga go na maatla fa pele ga boidiidi jo bogolo jono jo bo re tsogologelang; mme rona ka borona ga re itse gore re dire eng, mme matlho a rona a kwa go wena.” (2 Ditir. 20:12, 13) Fa Jehoshafate a sena go rapela, gone foo “mo gare ga phuthego,” moya wa ga Jehofa o ne wa tlhotlheletsa Jahasiele wa Molefi gore a bue mafoko a kgomotso a a neng a dira gore batho ba nne le tsholofelo.—Bala 2 Ditiragalo 20:14-17.

10. (a) Jehoshafate le batho ba Juda ba ne ba newa kaelo jang? (b) Re ka bontsha jang gore re anaanela kaelo e Jehofa a re e nayang gompieno?

10 Ee, ka nako eo, Jehofa o ne a dirisa Jahasiele go naya Jehoshafate le batho ba bogosi jwa Juda kaelo. Gompieno re newa kgomotso le kaelo ka setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Ee ruri, ka dinako tsotlhe re tshwanetse go dirisana sentle le bagolwane ba ba tlhomilweng le go ba tlotla, e re ka ba dira ka natla go re tlhokomela le go latela kaelo ya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”—Math. 24:45; 1 Bathes. 5:12, 13.

11, 12. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Jehoshafate le batho ba Juda?

11 Fela jaaka Jehoshafate le batho ba gagwe ba ile ba phuthega mmogo ba batla kaelo ya ga Jehofa, a re tlhomamiseng gore re nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa phuthego mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Fa ka dinako tse dingwe re iphitlhela re le mo dipharagobeng, re sa bone kgoro ya botso, a re lateleng sekao se se molemo se se tlhomilweng ke Jehoshafate le batho ba Juda mme re rapele Jehofa re mo ikantse ka botlalo. (Dia. 3:5, 6; Bafil. 4:6, 7) Tota le fa re rapela Jehofa kwa bothokong, dikopo tsa rona di dira gore re nne seoposengwe le “bakaulengwe botlhe ba [rona] mo lefatsheng.”—1 Pet. 5:9.

12 Jehoshafate le batho ba gagwe ba ne ba latela kaelo ya ga Jahasiele e e neng e tswa kwa Modimong. Seo se ne sa felela ka eng? Ba ne ba fenya ntwa e e neng ya latela mme ba boela kwa Jerusalema “ka boipelo” le “ka diletswa tsa megala le ka diharepa le ka diterompeta kwa ntlong ya ga Jehofa.” (2 Ditir. 20:27, 28) Le rona fela jalo re tlotla kaelo e Jehofa a re e nayang ka thulaganyo ya gagwe mme re a mmaka.

Tlhokomelang Mafelo a re Kopanelang mo go One

13. Hesekia o ne a simolola tiro efe fa a ne a simolola go busa?

13 Mo kgweding ya ntlha ya puso ya ga Hesekia, o ne a bontsha gore o tlhoafaletse kobamelo ya ga Jehofa ka go bula tempele sesha le go e baakanya. O ne a rulaganya baperesiti le Balefi gore ba ntlafatse ntlo ya Modimo. Go ne ga ba tsaya malatsi a le 16 go dira jalo. (Bala 2 Ditiragalo 29:16-18.) Matsapa ao a ba a tsereng a re gopotsa tiro e e dirwang go tlhokomela le go baakanya mafelo a re kopanelang mo go one gore a nne a le mo seemong se se bontshang gore re obamela Jehofa ka tlhoafalo. A ga o ise o ke o utlwe maitemogelo a a bontshang gore batho ba kgatlhiwa ke tlhoafalo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nnang le seabe mo tirong eno? Ee, matsapa a ba a tsayang a tlisetsa Jehofa pako fela thata.

14, 15. Ke tiro efe gompieno e e tliseditseng Jehofa pako thata? Naya dikai.

14 Kwa toropong nngwe kwa bokone jwa Engelane, monna mongwe o ne a sa dumalane le tiro e kgolo e e neng e tlile go dirwa ya go baakanya Holo ya Bogosi e e bapileng le jarata ya gagwe. Bakaulengwe ba lefelo leo ba ne ba nna pelonomi mo go ene. Fa ba lemoga gore lobota lo lo fa gare ga Holo ya Bogosi le jarata ya moagelani yono lo ne lo tlhoka go baakanngwa, ba ne ba ithaopa go lo baakanya mahala. Ba ne ba dira ka natla mme ba aga sesha mo e batlileng e le lobota loo lotlhe. Ba ne ba dirisana le moagelani yono ka bopelontle mo a ileng a fetola maikutlo a gagwe. Jaanong o thusa ka go nna a beile jarata ya Holo ya Bogosi leitlho.

15 Batho ba ga Jehofa ba dira tiro ya go aga mo lefatsheng lotlhe. Baithaopi ba ba dirang ka go rata mo dinageng tsa gabone ba dira mmogo le batlhanka ba nako e e tletseng ba ba tswang kwa dinageng di sele mo tirong ya go aga Diholo Tsa Bogosi, Diholo Tsa Dikopano mmogo le magae a Bethele. Sam ke moenjiniri yo o nang le bokgoni jwa go tsenya le go baakanya metšhine e e thuthafatsang matlo, e e fetlhang phefo le e e fetlhang moya o o tsididi. Ene le mosadi wa gagwe e bong Ruth, ba ile ba ya kwa dinageng tse di farologaneng kwa Yuropa le Afrika go ya go thusa mo ditirong tsa go aga. Kae le kae kwa ba yang teng, ba itumelela le go rera mmogo le batho ba diphuthego tsa mafelo ao. Sam o tlhalosa gore ke eng se se neng sa mo tlhotlheletsa go nna le seabe mo ditirong tseno tse di dirwang kwa dinageng tse di farologaneng: “Ke kgothaditswe ke ba bangwe ba ba neng ba direla mo magaeng a Bethele mono le kwa dinageng di sele. Go bona fela kafa ba tlhoafetseng le kafa ba itumetseng ka teng go ne ga nkgothaletsa gore ke batle go dira tiro eno.”

Ikobele Ditaelo Tsa Modimo

16, 17. Batho ba Modimo ba ile ba nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong efe e e kgethegileng, mme ga felela ka eng?

16 Kwantle ga go baakanya tempele, Hesekia o ne a tsosolosa moletlo wa ngwaga le ngwaga wa Tlolaganyo o Jehofa a neng a laetse gore o tshwarwe. (Bala 2 Ditiragalo 30:1, 4, 5.) Hesekia le banni ba Jerusalema ba ne ba laletsa setšhaba sotlhe gore se nne teng—tota le batho ba bogosi jwa bokone. Barongwa ba ne ba taboga mo nageng eo yotlhe ba tshotse makwalo a taletso.—2 Ditir. 30:6-9.

17 Mo dingwageng tsa bosheng jaana, re ile ra dira tiro e e batlileng e tshwana le eo. Re ile ra dirisa ditaletso tse dintle tse di gatisitsweng re laletsa batho mo tshimong ya rona gore ba kopanele le rona mo Sejong sa Morena sa Maitseboa fela jaaka Jesu a laetse. (Luke 22:19, 20) Re ile ra newa ditaelo kwa Dipokanong tsa rona tsa Tirelo mme ra nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong eno. A bo Jehofa a segofaditse maiteko a rona jang ne! E bile ngogola baboledi ba ka nna dimilione di le supa ba ne ba tsamaisa ditaletso, mme ga tla batho ba le 17 790 631!

18. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana gore o tlhoafalele kobamelo ya boammaaruri?

18 Go ne ga bolelwa jaana ka Hesekia: “O ne a ikanya Jehofa Modimo wa Iseraele; mme morago ga gagwe ga itshupa go se na ope yo o tshwanang le ene mo dikgosing tsotlhe tsa Juda, le eleng ba ba neng ba nnile teng pele ga gagwe. Mme a nna a ngaparela Jehofa. A se ka a fapoga mo go mo saleng morago, mme a tswelela a boloka ditaelo tsa gagwe tse Jehofa a neng a di laetse Moshe.” (2 Dikg. 18:5, 6) E kete le rona re ka dira fela jalo. Go tlhoafalela ntlo ya Modimo go tla re thusa gore re ‘nne re ngaparetse Jehofa’ re na le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Dute. 30:16.

Ikobele Kaelo Ntle le go Senya Nako

19. Ke matsapa afe a a tsewang ka tlhoafalo ka nako ya Segopotso?

19 Fa Josia a ne a busa e le kgosi, le ene o ne a rulaganya ka kelotlhoko gore go ketekiwe Tlolaganyo. (2 Dikg. 23:21-23; 2 Ditir. 35:1-19) Le rona re tlhomamisa gore re baakanyetsa ka kelotlhoko gore re nne teng kwa dikopanong tsa kgaolo, tsa potologo, tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe le kwa Segopotsong. E bile bakaulengwe kwa dinageng dingwe ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba phuthege mmogo go tla go gopola loso lwa ga Keresete. Bagolwane ba ba tlhoafetseng ba tlhomamisa gore ga go lebalwe ope mo phuthegong. Ba ba godileng le ba ba bokoa ba thusiwa gore ba nne teng mo tiragalong eo.

20. (a) Go ne ga diragala eng ka nako ya puso ya ga Kgosi Josia, mme ene o ne a dira eng? (b) Re tshwanetse go tsaya thuto efe tsia?

20 Ka nako ya fa go ne go dirwa tiro ya go aga sesha e Kgosi Josia a neng a e rulagantse, Moperesiti yo Mogolo Hilekia o ne “a bona buka ya molao wa ga Jehofa o o neetsweng ka seatla sa ga Moshe.” O ne a e naya Shafane mokwaledi wa kgosi, mme ene a simolola go e balela Josia. (Bala 2 Ditiragalo 34:14-18.) Diphelelo e ne ya nna dife? Gone fela foo kgosi e ne ya ikgagola diaparo ka ntlha ya kutlobotlhoko mme ya laela banna ba yone gore ba ye go botsa Jehofa. Modimo o ne a dirisa moporofeti wa mosadi Huleda go bolela molaetsa o o neng o kgala dingwe tsa ditiro tsa bodumedi tse di neng di dirilwe kwa Juda. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a lemoga maiteko a a molemo a Josia a neng a a dirile go fedisa mekgwa ya kobamelo ya medingwana, mme a nna a amogela Josia le fa go ne go boletswe gore setšhaba ka kakaretso se tlile go welwa ke masetlapelo. (2 Ditir. 34:19-28) Seno se re ruta eng? Kwantle ga pelaelo re na le keletso e e tshwanang le ya ga Josia. Re tshwanetse go ikobela kaelo ya ga Jehofa ntle le go senya nako, re tsaya tsia sekai se se tlhagisang sa gore go ka diragalang fa re letla botlhanogi le go sa ikanyege di kgoreletsa kobamelo ya rona. Gape re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla itumelela go tlhoafala ga rona mo kobamelong ya boammaaruri, fela jaaka a ile a itumela fa Josia a dira jalo.

21, 22. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhoafalela ntlo ya ga Jehofa? (b) Re tla ithuta eng mo setlhogong se se latelang?

21 Dikgosi tseo tse nnè tsa Juda—Asa, Jehoshafate, Hesekia le Josia—di ne tsa re tlhomela dikao tse di molemo gore re tlhoafalele ntlo ya Modimo le kobamelo ya gagwe. Tlhoafalo ya rona e tshwanetse ya re tlhotlheletsa fela jalo gore re ikanye Jehofa mme re dire ka natla mo kobamelong ya gagwe. Ruri go botlhale e bile go a itumedisa go ikobela ditaelo tsa Modimo le go anaanela tlhokomelo e e lorato le kgalemo e re e newang ka phuthego le bagolwane ba yone.

22 Setlhogo se se latelang se tla bua thata ka go nna le tlhoafalo mo bodireding jwa tshimo mme se tla kgothaletsa basha gore ba direle Rraarona yo o lorato ka tlhoafalo. Gape re tla tlotla ka se re ka se dirang go tila sengwe sa dilo tse Satane a di dirisang thata go re gogela mo bosuleng. Fa re ntse re latela dikgakololo tsotlhe tse di ntseng jalo tse di tswang kwa go Jehofa ka tlhoafalo, re tla bo re latela sekao sa Morwa wa ga Jehofa ka boene e bong Jesu, yo go neng ga bolelwa jaana ka ga gagwe: “Tlhoafalo ya ntlo ya gago e njele.”—Pes. 69:9; 119:111, 129; 1 Pet. 2:21.

A o A Gakologelwa?

• Jehofa o segofatsa tirelo e e ntseng jang, mme ka ntlha yang?

• Re ka bontsha jang gore re ikanya Jehofa?

• Tlhoafalo e ka re tlhotlheletsa jang gore re ikobele ditaelo tsa Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Asa, Jehoshafate, Hesekia le Josia ba ne ba bontsha jang gore ba tlhoafaletse ntlo ya ga Jehofa?