Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bua Boammaaruri le Moagelani wa Gago

Bua Boammaaruri le Moagelani wa Gago

Bua Boammaaruri le Moagelani wa Gago

“E re ka jaanong lo latlhile maaka, a mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.”—BAEF. 4:25.

1, 2. Batho ba bantsi ba leba boammaaruri jang?

BOAMMAARURI ga e bolo go nna kgang ya moruthutha ka dingwagangwaga. Mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., mmoki mongwe wa Mogerika Alcaeus o ne a re: “Beine e na le boammaaruri.” Seno se ne se kaya gore motho o bua boammaaruri fela fa a sena go nwa beine thata, gongwe jaanong a setse a bua bobe. Mmusi wa Roma wa lekgolo la ntlha la dingwaga Ponto Pilato le ene o ne a bontsha gore ga a lebe boammaaruri ka tsela e e tshwanetseng fa a ne a botsa Jesu jaana ka lenyatso: “Boammaaruri ke eng?”—Joh. 18:38.

2 Mo motlheng wa rona batho ba leba boammaaruri ka ditsela tse dintsi tse di sa tshwaneng. Batho ba bantsi ba re lefoko “boammaaruri” le kaya dilo tse di farologaneng e bile batho ba ba farologaneng ga ba lebe boammaaruri ka go tshwana. Ba bangwe ba bua boammaaruri fela fa go ba siametse kana go ba tlhofofaletsa dilo. Buka ya The Importance of Lying [Botlhokwa Jwa go Bua Maaka] ya re: “Go ikanyega go ka tswa go le molemo tota, mme ga go thuse thata mo botshelong. Ga go na se motho a ka se dirang, fa e se fela gore a bue maaka gore a tshele.”

3. Ke eng fa Jesu e ne e le sekao se se tlhomologileng sa go bua boammaaruri?

3 Barutwa ba ga Keresete bone ga ba lebe dilo jalo gotlhelele! Jesu o ne a sa lebe boammaaruri jaaka batho ba bantsi gompieno ba bo leba. Ka metlha o ne a bua boammaaruri. Le baba ba gagwe tota ba ne ba re: “Moruti, re a itse gore o na le boammaaruri e bile o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri.” (Math. 22:16) Ka tsela e e tshwanang gompieno, Bakeresete ba boammaaruri ba etsa sekao sa ga Jesu. Ba bua boammaaruri ba sa okaoke. Ba dumalana ka pelo yotlhe le moaposetoloi Paulo, yo o neng a kgothatsa badumedi mmogo le ene jaana: “E re ka jaanong lo latlhile maaka, a mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.” (Baef. 4:25) A re sekasekeng dintlha tse tharo malebana le mafoko a ga Paulo. Sa ntlha, moagelani wa rona ke mang? Sa bobedi, go bua boammaaruri go kaya eng? Sa boraro, re ka dirisa temana eno jang mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi?

Moagelani wa Rona ke Mang?

4. Go farologana le baeteledipele ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga, Jesu o ne a bontsha jang gore Jehofa o tsaya moagelani wa rona e le mang?

4 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., baeteledipele bangwe ba Bajuda ba ne ba ruta gore Bajuda kana ditsala tsa bone ke bone fela ba ba neng ba tshwanelwa ke go bidiwa “moagelani.” Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a etsa ka botlalo botho jwa ga Rraagwe le tsela e a akanyang ka yone. (Joh. 14:9) O ne a bontsha barutwa ba gagwe sentle gore Modimo ga a tseye setšhaba kana morafe ope o le botoka mo go o mongwe. (Joh. 4:5-26) Gape, moya o o boitshepo o ne wa senolela moaposetoloi Petere gore “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Dit. 10:28, 34, 35) Ka jalo, re tshwanetse go tsaya batho botlhe e le baagelani ba rona, re rate le batho ba ba itshwarang jaaka baba ba rona.—Math. 5:43-45.

5. Go bua boammaaruri le moagelani wa rona go kaya eng?

5 Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a kaya eng fa a ne a re re tshwanetse go bua boammaaruri le moagelani wa rona? Go bua boammaaruri go akaretsa go bolelela ba bangwe tshedimosetso e e boammaaruri, re sa ba aketse. Bakeresete ba mmatota ga ba sokamise boammaaruri e bile ga ba beye dilo ka tsela e di sa nnang ka yone gore ba latlhe ba bangwe. Ba ‘tlhoa se se boikepo’ mme ba ‘ngaparela se se molemo.’ (Bar. 12:9) Re tshwanetse go etsa “Modimo wa boammaaruri” ka go leka ka natla go ikanyega le go nna boammaaruri mo go sengwe le sengwe se re se dirang le se re se buang. (Pes. 15:1, 2; 31:5) Fa re tlhopha mafoko a rona ka kelotlhoko le e leng maemo a a tlhabisang ditlhong kana a a kokonelang a ka baakanngwa ka botlhale kwa ntle ga go bua maaka.—Bala Bakolosa 3:9, 10.

6, 7. (a) A go bua boammaaruri go raya gore re tshwanetse go bolelela mongwe le mongwe yo o re botsang potso sengwe le sengwe? Tlhalosa. (b) Ke bomang ba ba tshwanelwang ke gore re ba bolelele boammaaruri?

6 A go bua boammaaruri le ba bangwe go raya gore re tshwanetse go bolelela mongwe le mongwe fela yo o re botsang potso sengwe le sengwe? Ga go reye jalo. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha gore batho ba bangwe ga ba tshwanelwe ke go newa karabo e e tlhamaletseng kana go newa tshedimosetso e e rileng. Fa baeteledipele ba bodumedi ba baitimokanyi ba ne ba botsa Jesu gore o ne a dira ditshupo le dikgakgamatso ka maatla kana taolo ya ga mang, o ne a re: “Ke tla lo botsa potso e le nngwe. Lo nkarabe, mme ruri le nna ke tla lo bolelela gore ke dira dilo tseno ka taolo efe.” Fa bakwadi le banna ba bagolwane ba ne ba gana go araba, Jesu o ne a re: “Le nna ga ke lo bolelele gore ke dira dilo tseno ka taolo efe.” (Mar. 11:27-33) O ne a sa ikutlwe a patelesega go araba potso eo ka gonne ba ne ba na le mekgwa e e bosula e bile ba se na tumelo. (Math. 12:10-13; 23:27, 28) Ka tsela e e tshwanang gompieno, batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna ba itlhokometse mo batlhanoging le mo bathong ba bangwe ba ba boikepo ba ba dirisang tsietso kana boferefere gore ba solegelwe molemo.—Math. 10:16; Baef. 4:14.

7 Paulo le ene o ne a bontsha gore batho bangwe ba ka tswa ba sa tshwanelwe ke go newa karabo e e feletseng. O ne a re “basebi le ba ba itsenyatsenyang mo mererong ya batho ba bangwe” ba “bua ka dilo tse ba sa tshwanelang go di bua.” (1 Tim. 5:13) Ee, batho ba ba ratang go itshunya mo dikgannyeng tsa ba bangwe le ba ba ka se ikanngweng gore ba ka boloka khupamarama ba ka fitlhela gore ba bangwe ga ba batle go ba bolelela dikgang tsa bone tsa botho. Go molemo go tlhwaela tsebe kgakololo eno ya ga Paulo e e tlhotlheleditsweng: “Lo go dire boikaelelo jwa lona go tshela ka tidimalo le go tlhokomela dikgang tsa lona.” (1 Bathes. 4:11) Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe bagolwane ba phuthego ba ka nna ba tlhoka go botsa motho ka dikgang tsa botho gore ba kgone go diragatsa maikarabelo a ba a neilweng. Fa go le jalo, go ka thusa thata gore re dirisane sentle le bone ka go bua boammaaruri.—1 Pet. 5:2.

Bua Boammaaruri mo Dikgannyeng Tsa Lelapa

8. Go bua boammaaruri go ka thusa maloko a lelapa jang gore a atamalane?

8 Go tlwaelegile gore batho ba atamalane thata le ba malapa a bone. Gore re nonotshe kamano eo, go botlhokwa gore re bolelelane boammaaruri. Mathata a mantsi le dikgotlhang di ka fokotsega kana tsa fedisiwa ka go bua re phuthologile, re bua boammaaruri e bile re bua ka bopelonomi. Ka sekai, fa re dira phoso, a re okaoka go bolelela molekane wa rona, bana ba rona kana ba bangwe mo lapeng ka phoso eo? Go ikopa maitshwarelo go tswa pelong go thusa gore go rene kagiso le kutlwano mo lapeng.—Bala 1 Petere 3:8-10.

9. Ke eng fa go bua boammaaruri go sa reye gore re phatloge fela kana re bue ka go tlhoka maitseo?

9 Go bua boammaaruri ga go reye gore re phatloge, re bue fela re sa akanye. Go bua ka go tlhoka maitseo ga go dire gore boammaaruri jo re bo buang bo utlwale thata. Paulo o ne a re: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe. Mme nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le ene a ne a lo itshwarela ka Keresete a gololesegile.” (Baef. 4:31, 32) Fa re bua ka bopelonomi le ka tsela e e nang le seriti, se re se buang se nna le boleng e bile se bontsha gore re tlotla batho ba re buang le bone.—Math. 23:12.

Bua Boammaaruri mo Dikgannyeng Tsa Phuthego

10. Bagolwane ba Bakeresete ba ka ithuta eng mo sekaong se se molemolemo sa ga Jesu sa go bua boammaaruri?

10 Jesu o ne a bua le barutwa ba gagwe ka tsela e e utlwalang sentle, e e tlhamaletseng. Ka metlha o ne a naya kgakololo ka lorato, mme o ne a sa tshabe go bua boammaaruri fela ka gonne a batla go itumedisa bareetsi ba gagwe. (Joh. 15:9-12) Ka sekai, fa baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba ngangisana gangwe le gape ka gore ke mang yo mogolo mo go bone, o ne a bua a tiisitse mme a le pelotelele a ba thusa go tlhaloganya gore ba tshwanetse go ikokobetsa. (Mar. 9:33-37; Luke 9:46-48; 22:24-27; Joh. 13:14) Ka tsela e e tshwanang, le fa bagolwane ba Bakeresete gompieno ba gagamalela gore dilo di dirwe ka tsela e e siameng, ga ba rene mo letsomaneng la Modimo. (Mar. 10:42-44) Ba etsa Keresete ka go nna “pelonomi mongwe go yo mongwe” le ka go nna “pelotlhomogi ka bonolo” fa ba dirisana le ba bangwe.

11. Go rata bakaulengwe ba rona go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dirisa loleme jang?

11 Fa re baya dilo jaaka di ntse fa re bua le bakaulengwe ba rona mme re sa phatloge fela, re ka kgona go ntsha se se mo mafatlheng mme re sa ba kgopise. Eleruri, le ka motlha ga re batle gore loleme lwa rona lo ‘loodiwe jaaka legare,’ re lo dirisa go utlwisa ba bangwe botlhoko ka go bua mafoko a a tlhabang kana a a bontshang lenyatso. (Pes. 52:2; Dia. 12:18) Fa re rata bakaulengwe ba rona, re tla tlhotlheletsega go “dibela loleme lwa [rona] mo go se se bosula, le dipounama tsa [rona] mo go bueng tsietso.” (Pes. 34:13) Fa re dira jalo, re tlotla Modimo e bile re dira gore phuthego e nne seoposengwe.

12. Ke leng go bua maaka go tlhokang go tseelwa kgato ke komiti ya boatlhodi? Tlhalosa.

12 Bagolwane ba dira ka natla go sireletsa phuthego mo bathong ba ba buang maaka ka bopelotlhoi. (Bala Jakobe 3:14-16.) Motho o bua maaka ka bopelotlhoi fa a batla go utlwisa yo mongwe botlhoko; maikaelelo e a bo e le go dira gore motho yoo a boge kana a ngomoge pelo ka tsela nngwe. Maaka ga se fela go bua mafoko a a sa reng sepe, a a tsietsang, kana go feteletsa dilo. Gone ke boammaaruri gore maaka otlhe a phoso, mme ga se ka dinako tsotlhe motho yo o sa buang boammaaruri a tlhokang go tseelwa kgato ke komiti ya boatlhodi. Ka jalo, bagolwane ba nna tekatekano e bile ba akanyetsa dilo sentle fa ba dira tshwetso ya gore a motho yo o buileng sengwe se se seng boammaaruri o itlwaeditse go bua maaka ka boomo e bile e le ka bopelotlhoi ka tsela e e ka tlhokang gore a tseelwe kgato ke komiti ya boatlhodi. Kana go naya motho yoo kgakololo e e gagametseng ya Dikwalo ka lorato go tla bo go lekane?

Bua Boammaaruri mo Dikgannyeng Tsa Kgwebo

13, 14. (a) Batho bangwe ga ba ikanyege mo mothaping wa bone ka go dira eng? (b) Go ikanyega le go bua boammaaruri kwa tirong go ka nna le matswela afe a a molemo?

13 Re tshela mo nakong e go sa ikanyegeng go anameng thata ka yone, ka jalo go ka nna ga nna thata gore o fenye thaelo ya go se ikanyege mo mothaping wa gago. Batho ba bantsi ba bua maaka ka tlhamalalo fa ba batla tiro. Ka sekai, ba ka nna ba feteletsa bokgoni jo ba nang le jone jwa tiro kana thutego ya bone mo lekwalong la go itlhalosa la go batla tiro gore ba bone tiro e e botoka kana e e duelang madi a mantsi. Gape bathapiwa ba bantsi ba ka nna ba re ba a bereka mme tota ba itirela dilo tsa bone tsa botho, le fa seo se sa tsamaisane le melao ya khampani. Ba ka tswa ba bala dilo tse di sa amaneng le tiro ya bone, ba founa ba bua ka dikgang tsa botho, ba romela melaetsa e e sa amaneng le tiro ka khomputara kana ba batla tshedimosetso mo Internet.

14 Bakeresete ba boammaaruri ga ba tseye go ikanyega kana go bua boammaaruri e le sengwe se ba ka se dirang fela fa ba rata. (Bala Diane 6:16-19.) Paulo o ne a re: “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Baheb. 13:18) Ka jalo, Bakeresete ba direla mothapi wa bone letsatsi lotlhe ka gonne ba duelelwa tiro ya letsatsi lotlhe. (Baef. 6:5-8) Go nna modiri yo o dirang ka natla gape go ka tlisetsa Rraarona yo o kwa legodimong pako. (1 Pet. 2:12) Ka sekai, mothapi wa ga Roberto kwa Spain o ne a mo akgolela go nna modiri yo o ikanyegang le yo o dirang ka natla. Ka ntlha ya boitshwaro jwa ga Roberto jo bo molemo, khampani eo e ne ya hira Basupi ba bangwe gape. Le bone ba ne ba dira ka natla. Fa dingwaga di ntse di feta, Roberto o ne a batlela bakaulengwe ba le 23 ba ba kolobeditsweng tiro mmogo le baithuti ba Baebele ba le 8!

15. Rakgwebo wa Mokeresete a ka bontsha jang gore o bua boammaaruri?

15 Fa e le gore re a ipereka, a re a ikanyega mo dikgannyeng tsotlhe tsa kgwebo, kana ka dinako tse dingwe ga re bue boammaaruri le moagelani wa rona? Rakgwebo wa Mokeresete ga a tshwanela go bua maaka ka selo se a se rekisang kana ka tiro e a e dirang e le fela gore a rekise ka bonako; e bile ga a tshwanela go naya batho pipamolomo kana go e amogela. Re batla go tshwara ba bangwe ka tsela e le rona re batlang gore ba re tshware ka yone.—Dia. 11:1; Luke 6:31.

Bua Boammaaruri le Balaodi ba Puso

16. (a) Bakeresete ba naya balaodi ba puso eng? (b) Bakeresete ba naya Jehofa eng?

16 Jesu o ne a re: “Jalo, duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Math. 22:21) Re kolota Kaesara, ke gore balaodi ba puso, “dilo” tsa mofuta ofe? Fa Jesu a ne a bua mafoko ao, o ne a bua ka makgetho. Ka jalo, gore Bakeresete ba nne ba na le segakolodi se se molemo fa pele ga Modimo le batho, ba ikobela melao ya naga, go akaretsa e e amanang le go duela makgetho. (Bar. 13:5, 6) Mme re dumela gore Jehofa ke Molaodimogolo, Modimo yo o esi wa boammaaruri yo re mo ratang ka pelo yotlhe, moya otlhe, tlhaloganyo yotlhe le nonofo yotlhe. (Mar. 12:30; Tshen. 4:11) Ka jalo, re ikobela Jehofa Modimo ka botlalo.—Bala Pesalema 86:11, 12.

17. Batho ba ga Jehofa ba leba jang thuso e e newang ke puso?

17 Kwa dinageng tse dintsi go na le dithulaganyo tsa go thusa batlhoki. Ga go na sepe se se phoso fa Mokeresete a newa thuso eo—fa fela a tshwanelega. Go bua boammaaruri le moagelani wa rona go raya gore re ka se neye balaodi ba puso tshedimosetso ya maaka gore puso e tle e re thuse.

Melemo ya go Bua Boammaaruri

18-20. Re bona melemo efe fa re bua boammaaruri le moagelani wa rona?

18 Re bona melemo e mentsi fa re bua boammaaruri. Re nna le segakolodi se se phepa, se se dirang gore re nne le kagiso ya mogopolo le pelo e e ritibetseng. (Dia. 14:30; Bafil. 4:6, 7) Go nna le segakolodi se se phepa go botlhokwa thata mo matlhong a Modimo. Gape, fa re bua boammaaruri mo dilong tsotlhe, ga re tlhoke go tshwenyega ka gore re tla tshwarwa kana re tla senoga.—1 Tim. 5:24.

19 Akanya ka molemo o mongwe. Paulo o ne a re: “Ka tsela nngwe le nngwe re itshupa re le badiredi ba Modimo, . . . ka puo e e boammaaruri.” (2 Bakor. 6:4, 7) Go ile ga nna fela jalo ka Mosupi mongwe yo o nnang kwa Boritane. Fa a ne a batla go rekisa koloi ya gagwe, o ne a tlhalosetsa motho yo o neng a batla go e reka dilo tsotlhe tse di siameng mo go yone mmogo le tse di senyegileng, go akaretsa le tse di neng di sa bonale. Fa motho yo o neng a e reka a sena go e kgweetsa gore a utlwe gore e tsamaya jang, o ne a botsa mokaulengwe yono gore a ke Mosupi wa ga Jehofa. Ke eng se se neng se dira gore a bue jalo? Monna yono o ne a bone kafa mokaulengwe yono a ikanyegang ka teng le kafa a lebegang sentle ka teng. Motlotlo wa bone o ne wa naya mokaulengwe sebaka sa gore a rerele monna yono.

20 A le rona ka tsela e e tshwanang re tlisetsa Mmopi wa rona pako ka boitshwaro jwa rona jo bo molemo? Paulo o ne a re: “Re baketse dilo tsa boferefere tse di tshwanetseng go re tlhabisa ditlhong, re sa tsamaye ka tsietso.” (2 Bakor. 4:2) Ka jalo, a re direng bojotlhe jwa rona go bua boammaaruri le moagelani wa rona. Fa re dira jalo, re tla tlisetsa Rraarona yo o kwa legodimong le batho ba gagwe pako.

O ka Araba Jang?

• Moagelani wa rona ke mang?

• Go bua boammaaruri le moagelani wa rona go kaya eng?

• Go bua boammaaruri go ka tlisetsa Modimo pako jang?

• Re bona melemo efe fa re bua boammaaruri?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

A o dumela o sa okaoke fa o dirile diphoso tse dinnye?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

A o bua boammaaruri fa o batla tiro?