Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Duela Jehofa ka Eng?

Nka Duela Jehofa ka Eng?

Nka Duela Jehofa ka Eng?

Jaaka go boletse Ruth Danner

Mmè o ne a tle a dire motlae ka go bolela gore 1933 e ne e le ngwaga wa ditiragalo tseno tsa masetlapelo: Hitler o ne a simolola go busa, mopapa o ne a bolela Ngwaga oo o le Boitshepo, mme ke ne ka belegwa.

BATSADI ba me ba ne ba nna kwa toropong ya Yutz kwa Lorraine, kgaolo ya kwa Fora e e nnileng le seabe se segolo thata mo hisitoring, e e gaufi le molelwane wa Jeremane. Ka 1921, Mmè, Mokatoliki yo o ineetseng ka pelo yotlhe, o ne a nyalwa ke Rre yo e neng e le Moporotesetanta. Nkgonne e bong Helen o ne a belegwa ka 1922, mme batsadi ba me ba ne ba mo kolobetsa a sa le losea mo Kerekeng ya Katoliki.

Letsatsi lengwe ka 1925, Rre o ne a amogela buka ya Sejeremane ya The Harp of God. Go bala buka eo go ile ga mo tlhomamisetsa gore o ne a bone boammaaruri. O ne a kwalela bakwadi ba yone, ba ba ileng ba mo golaganya le Bibelforscher [Baithuti ba Baebele], jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo kwa Jeremane. Ka bonako, Rre o ne a simolola go rera ka se a se ithutileng. Mmè o ne a sa itumelela go bo a dira jalo. O ne a tle a bue ka tsela e e kgatlhang ya Sejeremane a re: “O ka dira sengwe le sengwe fela se o batlang go se dira, mme o se ka wa tsamaya le Baithuti bao ba Baebele!” Le fa go ntse jalo, Rre o ne a feditse mogopolo mme a kolobediwa go nna mongwe wa bone ka 1927.

Ka ntlha ya seo mmaagwe Mmè o ne a tlhotlheletsa Mmè gore a tlhale Rre. Letsatsi lengwe kwa kerekeng, moruti o ne a tlhagisa batho ba Kereke ya gagwe gore ba “katogele kgakala le moporofeti wa maaka e bong Danner.” Fa nkoko a tswa Kerekeng letsatsi leo, o ne a kolopa Rre ka nkgo ya dithunya a le kwa boalong jo bo kwa godimo jwa ntlo ya rona. Nkgo eo e e bokete e ne ya mo wela mo legetleng mme e ne e batlile e mo itaya mo tlhogong. Tiragalo eno e ne ya dira gore Mmè a akanye jaana: ‘Bodumedi jo bo dirang gore batho e nne babolai ga bo a siama.’ O ne a simolola go bala dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa. Go ise go ye kae, o ne a tlhatswega pelo gore o ne a bone boammaaruri, mme o ne a kolobediwa ka 1929.

Batsadi ba me ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go dira gore Jehofa e nne motho wa mmatota mo go nna le nkgonne. Ba ne ba re balela dipolelo tsa Baebele ba bo ba re botsa gore ke ka ntlha yang fa batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba itshwara ka tsela e ba neng ba itshwara ka yone. Ka nako eo, Rre o ne a gana go dira bosigo kgotsa maitseboa le fa tshwetso ya gagwe e ne ya dira gore lelapa le se ka la tlhola le nna le madi a mantsi a le neng le ka itshedisa ka one. O ne a batla go nna le nako ya go ya dipokanong tsa Bokeresete, go ya bodireding jwa tshimo le go ithuta le bana ba gagwe.

Dilo di Nna Maswe

Ka metlha batsadi ba me ba ne ba amogela balebedi ba ba etang le badiredi ba Bethele go tswa kwa Switzerland le Fora, ba ba neng ba re bolelela ka mathata a badumedi ka rona ba neng ba lebane le one kwa Jeremane, dikilometara di se kae fela go tswa kwa legaeng la rona. Puso ya Banasi e ne e isa Basupi ba ga Jehofa kwa dikampeng tsa pogisetso mme e kgaoganya bana le batsadi ba bone ba Basupi.

Batsadi ba rona ba ne ba re thusitse go ipaakanyetsa go lebana le mathata a a neng a larile kwa pele. Ba ne ba re thusitse go tshwara ka tlhogo ditemana tsa Baebele tse di neng di ka re thusa. Ba ne ba tle ba re: “Fa lo sa itse gore lo ka dirang, akanyang ka Diane 3:5, 6. Fa e le gore lo boifa diteko kwa sekolong, akanyang ka 1 Bakorintha 10:13. Fa lo kgaogane le rona, boeletsang Diane 18:10 ka tlhogo.” Ke ile ka tshwara Pesalema 23 le 91 ka tlhogo mme ka simolola go dumela gore Jehofa o tla ntshireletsa ka metlha.

Ka 1940, Jeremane ya Bonasi e ne ya gapa Alsace-Lorraine, mme puso e e neng e sa tswa go tlhongwa e ne e batla gore bagolo botlhe ba tsenele mokgatlho wa Bonasi. Rre o ne a gana, mme mapodise a Gestapo a ne a mo tshosetsa ka gore a tla mo tshwara. Fa Mmè a ne a gana go dira diaparo tsa masole, le ene Ba-Gestapo ba ne ba simolola go mo tshosetsa.

Sekolo se ne sa simolola go ntshulafalela. Letsatsi lengwe le lengwe pele ga re simolola dithuto, baithuti ba ne ba rapelela Hitler, ba dira tumediso ya “Heil Hitler,” ba bo ba opela pina ya setšhaba ba otlolotse letsogo la moja. Go na le gore batsadi ba me ba mpolelele gore ke se ka ka dumedisa Hitler, ba ne ba nthusa go thapisa segakolodi sa me. Ka jalo, ke ne ka itirela tshwetso ya gore ke se ka ka dira tumediso ya Bonasi. Barutabana ba ne ba ntitaya le go ntshosetsa ka gore ba tla nteleka mo sekolong. Nako nngwe fa ke le dingwaga di le supa, ke ne ka tshwanelwa ke go ema fa pele ga barutabana botlhe ba le 12 kwa sekolong. Ba ne ba leka go mpateletsa gore ke dire tumediso ya ga Hitler. Le fa go ntse jalo, ke ne ka ema ke nitame ka thuso ya ga Jehofa.

Morutabana mongwe o ne a leka go ntsietsa. O ne a mpolelela gore ke moithuti yo o molemo, le gore o ne a nthata fela thata, mme o ne a ka utlwa botlhoko fa nka lelekwa mo sekolong. O ne a re: “Ga o tlhoke go otlolola letsogo la gago. Le tsholetse go se kae fela. E bile ga o tlhoke go bua o re, ‘Heil Hitler!’ Bebentsha dipounama tsa gago fela o dira e kete o a bua.”

Fa ke bolelela Mmè se morutabana wa me a neng a se dira, o ne a nkgopotsa ka pego ya Baebele ya makawana a mararo a Bahebera a a neng a eme fa pele ga setshwantsho se se tlhomilweng ke kgosi ya Babelona. O ne a mpotsa gore, “Ke eng se ba neng ba tshwanetse go se dira?” Ke ne ka re, “Ba ne ba tshwanetse go obama.” Go tswa foo o ne a re: “Fa ba ka bo ba ile ba inama go bofa ditlhako tsa bone ka nako e ba neng ba tshwanetse go obamela setshwantsho ka yone, a seo se ne se tla bo se siame? Itirele tshwetso; dira se o akanyang gore se siame.” Fela jaaka Shaderake, Meshake le Abedenego, ke ne ka swetsa ka gore ke ikanyege mo go Jehofa fela.—Dan. 3:1, 13-18.

Barutabana ba ne ba nteleka kwa sekolong ka makgetlho a le mantsi le go ntshosetsa ba re ba tla nkgaoganya le batsadi ba me. Ke ne ke tlhobaela fela thata, mme batsadi ba me ba ne ba nna ba ntse ba nkgothatsa. Nako le nako fa ke tswa kwa gae ke ya sekolong, Mmè o ne a rapela le nna, a kopa Jehofa gore a ntshireletse. Ke ne ke itse gore Jehofa o ne a tla nnonotsha gore ke nne ke nitame mo boammaaruring. (2 Bakor. 4:7) Rre o ne a mpolelela gore fa ke ikutlwa ke gateletswe thata, ke se ka ka tshaba go tla gae. O ne a re: “Re a go rata. O tla nna o ntse o le mosetsanyana wa rona. Kgang e fa gare ga gago le Jehofa.” Mafoko ao a ne a nonotsha keletso ya me ya go boloka bothokgami.—Jobe 27:5.

Gangwe le gape Ba-Gestapo ba ne ba tla kwa legaeng la rona go tla go batla dikgatiso tsa Basupi le go tlhoma batsadi ba me dipotso. Ba ne ba tle ba tseye Mmè ba tsamaye le ene ka lobaka lo loleele mme ba ye go tsaya Rre le nkgonne kwa tirong. Ke ne ke se ke ke tlhomamisega gore ke tla fitlhela Mmè kwa gae fa ke tswa sekolong. Ka dinako tse dingwe moagelani wa rona o ne a tle a ntheye a re: “Ba tsere mmago.” Go tswa foo ke ne ke a tle ke iphitlhe mo ntlong, ke ipotsa gore: ‘A ba tlhokofatsa Mmè? A ke tla tsamaya ke mmona gape?’

Go Lelekwa

Ka January 28, 1943, Ba-Gestapo ba ne ba re tsosa mo mosong metsotso e le masome a mararo morago ga ura ya boraro. Ba ne ba re raya ba re fa nna le nkgonne le batsadi ba rona re ne re ka ikwadisa mo mokgatlhong wa Banasi, re ne re ka se lelekwe. Re ne ra newa diura di le tharo gore re ipaakanye. Mmè o ne a baakanyeditse maemo ano e bile o ne a setse a re tsenyeditse diaparo le Baebele mo dikgetsing tsa rona, ka jalo re ne ra dirisetsa nako eo go rapela le go kgothatsana. Rre o ne a re gopotsa gore ga go ‘sepe se se ka re kgaoganyang le lorato lwa Modimo.’—Bar. 8:35-39.

Ba-Gestapo ba ne ba boa. Nka se lebale Kgaitsadi Anglade yo o godileng, fa a ne a re tsamaisa sentle matlho a gagwe a itshekile dikeledi. Ba-Gestapo ba ne ba re isa kwa seteisheneng sa diterena kwa Metz. Morago ga malatsi a le mararo re le mo tereneng, re ne ra goroga kwa Kochlowice, kampa e e laolwang ke Auschwitz kwa Poland. Dikgwedi di le pedi moragonyana, re ne ra romelwa kwa Gliwice, bonno jwa baitlami jo bo neng bo fetotswe go nna kampa e go direlwang tiro e e bokete kwa go yone. Banasi ba ne ba re bolelela gore fa mongwe le mongwe wa rona a ne a ka saena lekwalo la go itatola tumelo, ba ne ba tla re golola mme ba re busetse dilwana tsa rona. Rre le Mmè ba ne ba gana, mme masole a ne a re, “Lo ka se tsoge lo boetse gae.”

Ka June re ne ra fudusediwa kwa Swietochlowice, kwa ke neng ka simolola go opiwa ke tlhogo e e sa ntseng e ntshwenya le gone jaanong. Ke ne ka tshwaediwa ke mogare mo menwaneng ya me ya diatla, mme ngaka e ne ya tlosa dinala tsa mengwe ya menwana ya me ya diatla ntle le go dirisa molemo o o okobatsang botlhoko. Sengwe se se neng se le molemo ke gore go le gantsi fa ke romiwa ke badisa ba ne ba nthoma kwa go bakwang marotho gone. Mmè mongwe koo o ne a tle a mphe sengwe se nka se jang.

Pele ga foo, re ne re nna mmogo jaaka lelapa re sa kopana le magolegwa a mangwe. Ka October 1943 re ne ra romelwa kwa kampeng nngwe kwa Ząbkowice. Re ne re robala mo malaong a a tlhatlaganeng a a neng a le mo kamoreng e e kwa godimo mmogo le banna, basadi le bana ba ka nna 60. Masole a Banasi a a bidiwang SS [Schutzstaffel] a ne a tlhomamisa gore dijo tse re di newang di ne di bodile e bile di sa jege.

Ga re ise re tsamaye re felelwe ke tsholofelo le fa go ne go le thata. Re ne re badile mo makasineng wa Tora ya Tebelo gore go na le tiro e kgolo ya go rera e e tshwanetseng go dirwa morago ga ntwa. Ka jalo, re ne re itse gore ke ka ntlha yang fa re ne re boga le gore go ise go ye kae mathata a rona a ne a tla fela.

Fa re ne re utlwa gore masole a dinaga tse di kopaneng a ne a ntse a atamela, re ne ra lemoga gore Banasi ba ne ba tlile go fenngwa. Mo masimologong a 1945, masole a SS a ne a swetsa ka gore a tswe mo kampeng ya rona. Ka February 19, re ne ra patelediwa go simolola mogwanto wa dikilometara di ka nna 240. Morago ga dibeke di le nnè, re ne ra goroga mo toropong ya Steinfels, kwa Jeremane, kwa badisa ba neng ba tsenya magolegwa kwa moepong gone. Ba le bantsi ba ne ba akanya gore re tlile go bolawa. Mme ka letsatsi leo masole a dinaga tse di kopaneng a ne a goroga, masole a SS a sia, mme matshwenyego a rona a ne a fela.

Ke Fitlhelela Mekgele ya Me

Ka May 5, 1945, morago ga dingwaga di ka nna pedi le sephatlo, re ne ra goroga kwa lapeng kwa Yutz, re le leswe e bile re tletse dinta. Re ne re sa le re apere diaparo di le dingwe fela fa e sa le ka February, ka jalo re ne ra swetsa ka gore re fise diaparo tseo tsa bogologolo. Ke gopola Mmè a re raya a re: “A leno e nne letsatsi le le monate go a gaisa otlhe mo botshelong jwa lona. Re iphotlhere fela. Tota le diaparo tse re di apereng ga se tsa rona. Le fa go ntse jalo, rotlhe ka bonè jwa rona re boile re ikanyega. Ga re a ka ra ineela.”

Morago ga go ikoka dikgwedi di le tharo kwa Switzerland, ke ne ka boela sekolong, ke sa tlhole ke boifa go lelekwa. Jaanong re ne re kgona go kopana le bakaulengwe ba rona le go rera re gololesegile. Ka August 28, 1947, fa ke ne ke na le dingwaga di le 13, ke ne ka bontsha phatlalatsa maikano a ke ileng ka a direla Jehofa dingwaga pele ga moo. Rre o ne a nkolobetsa mo Nokeng ya Moselle. Ke ne ke batla go nna mmulatsela gone fela foo, mme Rre o ne a nkgothaletsa gore ke ithute tiro nngwe ya diatla. Ka jalo ke ne ka ithuta go roka. Ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela ka 1951 ke na le dingwaga di le 17 mme ka direla kwa motseng o o fa gaufi wa Thionville.

Ke ne ka ya kopanong kwa Paris mo ngwageng oo mme ka ikwadisetsa tirelo ya borongwa. Dingwaga tsa me di ne di sa lekana gore nka amogelwa, mme Mokaulengwe Nathan Knorr o ne a re o tla tshwara diforomo tsa me “go fitlha nako e e siameng e goroga.” Ka June 1952, ke ne ka amogela taletso ya gore ke nne mo setlhopheng sa bo21 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade kwa South Lansing, New York, U.S.A.

Go ya Gileade le Botshelo Morago ga Moo

Go ne go se motlhofo le e seng! Gantsi ke ne ke fitlhela go le thata go bua mo pele ga batho ke bua puo ya me. Jaanong ke ne ke tshwanelwa ke go bua Seesemane. Le fa go ntse jalo, batlhatlheledi ba ne ba nthusa ka lorato. Mokaulengwe mongwe o ne a re ke na le “monyenyo wa Bogosi” ka gonne ke ne ke rata go nyenya fa ke tlhabiwa ke ditlhong.

Re ne ra aloga kwa Yankee Stadium kwa New York, ka July 19, 1953, mme ke ne ka abelwa go ya go direla kwa Paris mmogo le Ida Candusso (yo moragonyana a neng a fana ka Seignobos). Go rerela batho ba ba humileng ba Paris go ne go tshosa, mme ke ne ka kgona go ithuta Baebele le ba le mmalwa ba ba ikokobeditseng. Ida o ne a nyalwa a ba a ya Afrika ka 1956, mme nna ke ne ka sala kwa Paris.

Ka 1960, ke ne ka nyalwa ke mokaulengwe yo o tswang kwa Bethele, mme re ne ra nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa Chaumont le kwa Vichy. Dingwaga di le tlhano moragonyana, ke ne ka tshwarwa ke bolwetse jwa thiibi mme ka tshwanelwa ke go tlogela go bula tsela. Ke ne ka utlwa botlhoko ka gore go tloga ke sa le ngwana mokgele wa me e ne e le go tsenela tirelo ya nako e e tletseng le go nna mo go yone. Nako nngwe moragonyana, monna wa me o ne a ntlogela mme a tsaya mosadi yo mongwe. Tshegetso ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba me e ile ya nthusa mo dinakong tseo tse di thata, mme Jehofa o ne a tswelela go rwala morwalo wa me.—Pes. 68:19.

Gone jaanong ke nna kwa Louviers, Normandy, gaufi le ofisi ya lekala ya Fora. Le fa ke na le mathata a botsogo, ke itumelela kafa ke boneng Jehofa a ntshegetsa ka teng mo botshelong jwa me. Tota le gompieno tsela e ke godisitsweng ka yone e nthusa gore ke lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng. Batsadi ba me ba ile ba nthuta gore Jehofa ke Motho wa mmatota yo nka mo ratang, yo nka buang le ene le yo o arabang dithapelo tsa me. Tota “ke tla duela Jehofa ka eng ka ntlha ya melemo ya gagwe yotlhe mo go nna?”—Pes. 116:12.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Ke itumelela kafa ke boneng Jehofa a ntshegetsa ka teng mo botshelong jwa me”

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Ke tshotse selo se se sireletsang mo digaseng tse di botlhole fa ke ne ke na le dingwaga tse thataro

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Ke na le barongwa le babulatsela kwa Luxembourg mo letsholong le le kgethegileng la go rera fa ke ne ke na le dingwaga di le 16

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Ke na le Rre le Mmè kwa kopanong ya kgaolo ka 1953