Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Baebele e ka Tlhaloganngwa?

A Baebele e ka Tlhaloganngwa?

A Baebele e ka Tlhaloganngwa?

“Lelapa la rona le bala Baebele Sontaga nngwe le nngwe. Tota ke ne ke sa go itumelele. Ke ne ke dumela gore Baebele ke Lefoko la Modimo, mme gantsi se ke neng ke se bala mo go yone se ne se le thata go se tlhaloganya.”—Steven, Britain.

“Fa ke ne ke na le dingwaga di le 17, ke ne ka leka go bala Baebele. Ke ne ka tlogela go e bala ka gonne go ne go le thata go e tlhaloganya.”—Valvanera, Spain.

“Ke ne ke bala Baebele gangwe fela ka gonne ke ne ke akanya gore ke tshwanetse go e bala ka go bo ke le Mokatoliki. Go ne ga ntsaya dingwaga tse tharo gore ke e fetse! Mme ke ne ke e tlhaloganya go le gonnye fela.”—Jo-Anne, Australia.

BAEBELE e sa ntse e le buka e e itsegeng thata mo lefatsheng. Gape ke yone e e rekisiwang go gaisa dibuka tse dingwe tsotlhe, batho ba le bantsi ba na le yone e bile e gatisitswe ka dipuo tse dintsi le ka ditsela tse dintsi go gaisa le fa e le leng pele. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba nang le Baebele ba fitlhela go le thata go e tlhaloganya. A go ntse jalo le ka wena?

A Modimo o Batla Gore re Tlhaloganye Lefoko la Gagwe?

Baebele ya re: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Ee, Jehofa Modimo ke Mokwadi wa Baebele. A o batla gore re tlhaloganye Lefoko la gagwe? A kgotsa o dirile ka boomo gore batho botlhe ba se ka ba e tlhaloganya mme a bo a tlhopha ba le mmalwa fela gore ba e tlhaloganye, jaaka baruti le baithuti ba Baebele?

Sekaseka ditemana tse di latelang tse di tswang mo Baebeleng:

“Taelo eno e ke e go laelang gompieno ga e thata go le kalo mo go wena, e bile ga e kgakala.”—Duteronome 30:11.

“Go lotlega mafoko a gago go naya lesedi, go dira gore yo o se nang maitemogelo a tlhaloganye.”—Pesalema 119:130.

“Mo go yone nako eo [Jesu] a ipela thata mo moyeng o o boitshepo a ba a re: ‘Ke go baka phatlalatsa, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka gonne o fitlhetse ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno ka kelotlhoko, mme o di senoletse masea.’”—Luke 10:21.

Ruri Mokwadi wa Baebele o batla gore o tlhaloganye Lefoko la gagwe! Le fa go ntse jalo, le fa Modimo a batla gore batho ba tlhaloganye Lefoko la gagwe, batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go le tlhaloganya. Ke eng se se ka ba thusang? Ditlhogo tse di latelang di tlotla ka dikakantsho tse tharo tse di ka go thusang gore o tlhaloganye Baebele.