Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

1. Kopa Mokwadi wa Yone Gore a go Thuse

1. Kopa Mokwadi wa Yone Gore a go Thuse

Kafa o ka Tlhaloganyang Baebele ka Gone

1. Kopa Mokwadi wa Yone Gore a go Thuse

Ninfa, yo o nnang kwa Italy o bolela jaana: “Go na le nako e ke neng ke tle ke bale Baebele ka yone pele ga ke robala. Ke ne ke dira jalo ka gonne ke ne ke itse gore ke Lefoko la Modimo, mme le fa tota ke ne ke sa itumelele go e bala, ke ne ke batla go itse se Modimo a se kwadileng mo go yone. Ke ne ke ikaeletse go e bala yotlhe. Kwa tshimologong ke ne ke e tlhaloganya, mme ke ne ka fitlha mo dikgaolong tse ke neng ka fitlhela go le thata go di tlhaloganya mme ka kgaotsa go e bala.”

A LE wena o kile wa diragalelwa ke se se diragaletseng Ninfa? Se diragaletse batho ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, Mokwadi wa Baebele e bong Jehofa Modimo, o batla gore o tlhaloganye Lefoko la gagwe. Mme gone, o ka le tlhaloganya jang? Selo sa ntlha se o ka se dirang ke go kopa Mokwadi wa yone gore a go thuse.

Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba lebiwa e le batho ba “ba sa rutegang e bile e le batho fela” ka gonne ba ne ba sa ya dikolong tsa baruti gore ba rutiwe ka bodumedi. (Ditiro 4:13) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba tlhomamisetsa gore ba ne ba ka kgona go tlhaloganya Lefoko la Modimo. Jang? Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Mothusi, e leng moya o o boitshepo, o Rara a tla o romang ka leina la me, ene yoo o tla lo ruta dilo tsotlhe a bo a busetse mo megopolong ya lona dilo tsotlhe.” (Johane 14:26) Modimo o ne a dirisa moya ono o o boitshepo kgotsa maatla a a dirang go bopa lefatshe le dilo tsotlhe tse di tshelang mo go lone. (Genesise 1:2) Mme gape o ne a o dirisa go tlhotlheletsa bakwadi ba ka nna 40 go kwala megopolo ya gagwe mo Baebeleng. (2 Petere 1:20, 21) Moya oo o sa ntse o le gone go thusa batho ba ba batlang go tlhaloganya Baebele.

O ka amogela jang moya wa Modimo o o boitshepo? O tshwanetse go o kopa ka tumelo. Tota e bile, o tshwanetse go o kopa o sa kgaotse. Jesu o ne a re: “Nnang lo kope, mme lo tla newa. Fa lona . . . lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!” (Luke 11:9, 13) Jehofa o ikeetleeditse go o naya ba ba o kopang ka tlhoafalo. Maatla a a dirang a ka go thusa go tlhaloganya bokao jwa mafoko a a tlhotlheleditsweng a a kwadilweng mo Baebeleng dingwaga di le diketekete tse di fetileng. Mme gape moya wa Modimo o ka go thusa go itse kafa o ka dirisang ka gone molaetsa o o maatla wa Baebele mo botshelong jwa gago.—Bahebera 4:12; Jakobe 1:5, 6.

Ka jalo, nako le nako fa o bala Baebele rapela Modimo, o mo kope moya o o boitshepo gore o go thuse go tlhaloganya Lefoko la gagwe.