Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

2. Bala ka Boikaelelo Jwa go Amogela Dikgopolo Tse Disha

2. Bala ka Boikaelelo Jwa go Amogela Dikgopolo Tse Disha

Kafa o ka Tlhaloganyang Baebele ka Gone

2. Bala ka Boikaelelo Jwa go Amogela Dikgopolo Tse Disha

A tsala ya gago e kile ya go bolelela dilo tse di sa siamang ka mongwe yo o iseng o kopane le ene? Fa la bofelo o kopana le motho yoo, a se tsala ya gago e go boleletseng sone se ne sa dira gore o se ka wa kgona go bona bokgoni le dinonofo tse di molemo tsa motho yoo? Go ka direga se se tshwanang le ka Baebele.

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a tlhagisa ka se se ka diregang fa re sa bale Baebele ka boikaelelo jwa go amogela dikgopolo tse disha. Paulo o ne a kwala jaana ka Bajuda ba mo motlheng wa gagwe: “Ke naya bosupi ka bone gore ba na le tlhoafalo ka Modimo; mme e seng go ya ka kitso ya boammaaruri.”—Baroma 10:2.

Bangwe ba Bajuda bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa batle go amogela boammaaruri jo Dikwalo Tsa Sehebera di neng di bo senola sentle: gore Jesu e ne e le Mesia. Jesu wa Nasaretha o ne a tshwana sentle le Mesia yo o tlhalositsweng mo Dikwalong Tsa Sehebera mme o ne a diragatsa boporofeti jotlhe jo bo tlhalosang se Mesia a neng a tla se dira. Le fa go ntse jalo, dikgopolo tse Bajuda ba motlha wa gagwe ba neng ba na le tsone e bile ba sa batle go di fetola di ne tsa dira gore ba se ka ba tlhaloganya Lefoko la Modimo.

Re ka ithuta eng mo go seo? Go botlhokwa go bala Baebele ka boikaelelo jwa go amogela dikgopolo tse disha. Dipelaelo di ka dira gore mmadi a se ka a tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele.

Ka sekai porofesa ya dithuto tsa bodumedi kwa North Carolina, U.S.A., a re Baebele ke “buka e e kwadilweng ke batho, e na le dikgopolo tsa batho tse bontsi jwa tsone di sa tshwaneng e bile ga go epe ya tsone e e nang le kgakololo e e siameng e e bontshang kafa re ka tshelang ka gone.” Fa motho a ne a ka leba Baebele e le “buka e e kwadilweng ke batho” e seng Modimo, o ne a ka itlhokomolosa kaelo le melaometheo e a sa e rateng mo go yone.

Go na le moo, Baebele e re kgothaletsa gore re e bale ka tlhoafalo. Dikwalo di bua jaana ka Baberea ba motlha wa ga Paulo: “Ba ne ba amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.” (Ditiro 17:11) Jaaka babadi bao, o ka nna wa tlhoka go tlosa dipelaelo kgotsa go tshwaya diphoso go o ka tswang o na le gone mo go ka dirang gore o se ka wa tlhaloganya Baebele. Bala Lefoko la Modimo ka mogopolo o o bulegileng o tlhoafaletse go bona molaetsa o o kgatlhang wa Mokwadi wa yone.