Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

3. Amogela Thuso e e Tswang mo Bathong ba Bangwe

3. Amogela Thuso e e Tswang mo Bathong ba Bangwe

Kafa o ka Tlhaloganyang Baebele ka Gone

3. Amogela Thuso e e Tswang mo Bathong ba Bangwe

Fa mmatlisisi Edward John Eyre a ne a tsaya loeto lo loleele go kgabaganya Dipoa Tsa Nullarbor tse di se nang batho, Ba-Aborigine ba lefelo leo ba ne ba ruta Eyre go ga metsi mo dithoteng tsa moshawa le mo ditlhareng tsa eucalyptus. Go amogela thuso mo bathong ba ba neng ba tlhaloganya naga eo go ne ga sireletsa botshelo jwa ga Eyre.

FELA jaaka papiso eno e bontsha, gantsi go tlhokega thuso ya motho yo o nang le kitso e e fetang ya gago gore o fetse tiro e e boima ka katlego. Go ntse fela jalo le fa o simolola go bala Baebele.

Jesu o ne a sa lebelela gore balatedi ba gagwe ba tlhaloganye Baebele ba sa thusiwe ke batho ba bangwe. Mo lekgetlong lengwe o ne “a bula megopolo ya bone ka botlalo gore e tlhaloganye se se kaiwang ke Dikwalo.” (Luke 24:45) Jesu o ne a itse gore batho ba ba balang Baebele ba tshwanetse go thusiwa go tlhaloganya dithuto tsa Dikwalo.

Thuso e ka Bonwa Kae?

Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe ba boammaaruri gore ba thuse batho. Pele Jesu a tlhatlogela kwa legodimong o ne a ba laela jaana: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Tiro ya konokono e Bakeresete ba e dirang ke go ruta, e e akaretsang go tlhalosa kafa melaometheo ya Baebele e ka dirisiwang ka gone letsatsi le letsatsi. Bakeresete ba boammaaruri ba thusa batho ba bangwe go tlhaloganya Baebele.

Fa Jesu a sena go naya balatedi ba gagwe taelo eo, go ne ga direga sengwe se se kgatlhang. Baebele e re bolelela ka molaodimogolo wa kgosi ya kwa Ethiopia yo a neng a bala karolo nngwe ya boporofeti jwa ga Isaia mme a sa e tlhaloganye. Go ya ka pego ya Baebele temana e a neng a sa e tlhaloganye e ne e balega jaana: “Jaaka nku o ne a tlisiwa tlhabong, le jaaka kwanyana e e se nang lentswe fa pele ga mmeodi wa yone, jalo ga a bule molomo. Mo go kokobediweng ga gagwe katlholo e ne ya tsewa mo go ene. Ke mang yo o tla bolelang dintlha tsotlhe tsa kokomana ya gagwe? Ka gonne botshelo jwa gagwe bo tlositswe mo lefatsheng.”—Ditiro 8:32, 33; Isaia 53:7, 8.

Modiredimogolo yono o ne a botsa Filipo yo e neng e le Mokeresete yo o nang le kitso ya Dikwalo a re: “Moporofeti o bua seno kaga mang? Kaga gagwe kgotsa kaga motho mongwe o sele?” (Ditiro 8:34) Moithiopia yono yo o peloephepa o ne a tswa go rapela kwa Jerusalema, gongwe a ka tswa a ile a rapela Modimo gore a mo kaele. Go bonala a ne a bala ka tlhagafalo e bile a ikokobeditse. Le fa go ntse jalo, modiredimogolo yono o ne a sa ntse a sa tlhaloganye polelwana eno. Ka boikokobetso o ne a kopa Filipo gore a mo thuse. Tlhaloso ya ga Filipo e ne ya itumedisa monna yono thata mo e leng gore o ne a tlhotlheletsega go nna Mokeresete.—Ditiro 8:35-39.

Basupi ba ga Jehofa ba tswelela go dira tiro e e neng ya dirwa ke Filipo le Bakeresete ba bangwe ba bogologolo. Mo dinageng di feta 235, Basupi ba ithaopela go thusa batho ba bangwe go tlhaloganya se tota Baebele e se rutang. Ba tshwara thuto e mo go yone ba tlotlang ka ditlhogo tsa Dikwalo. Mokgwa ono o o atlegang wa go ithuta Baebele o akaretsa go sekaseka se Baebele e se buang ka kgang nngwe kgotsa setlhogo sengwe. *—Bona lebokose le le reng  “Dikarabo Tse di Kgotsofatsang Tsa Dipotso Tsa Baebele.”

“Dipotso Tsotlhe Tsa Me di Ne Tsa Arabiwa”

Steven, Valvanera le Jo-Anne, ba ba umakilweng pelenyana ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Steven a re: “Ke ne ke gakgamadiwa ke go bona dikarabo mo Baebeleng ka go bapisa melaometheo kgotsa dipego di le mmalwa tsa yone. Pele ke simolola go ithuta Baebele, ga go na motho ope yo o neng a nthuta go dira jalo. Ke ne ka ikutlwa ke nametsegile thata fa ke lemoga gore batho ga ba a tshwanela go ganetsana ka dithuto tse di tswang mo Baebeleng le ka dikgopolo tse di sa dumalaneng le boammaaruri ka Modimo le Baebele.”

Valvanera o dumalana le seno. A re: “Sengwe le sengwe se ke se ithutileng mo Basuping se a tlhaloganyesega e bile se a utlwala. Ke ne ka ithuta gore ga ke a tshwanela go dumela dilo tsotlhe tse di rutiwang kwa Kerekeng, mme ke ne nka dira jalo fela fa di tlhalosiwa sentle.” Jo-Anne a re: “Dipotso tsotlhe tsa me tse di neng tsa arabiwa ka Baebele di ne tsa dira gore ke tlotle Mokwadi wa yone fela thata—ka gonne o ne a itse gore batho ba tla nna le dipotso di le dintsi tse ba batlang dikarabo tsa tsone mme a tlhomamisa gore go kwalwa dikarabo tse di kgotsofatsang mo Baebeleng.”

A o itse mongwe wa Basupi ba ga Jehofa? Ke eng fa o sa mo kope gore a go bontshe gore thuto eno e tshwarwa jang? Fa o sa itse ope wa Basupi ba ga Jehofa, tsweetswee kwalela nngwe ya diaterese tse di mo lenaaneng le le mo go tsebe 4 ya makasine ono. Lefoko la Modimo ga le ka ke la nna buka e e thata go e tlhaloganya fa o thusiwa ke moya o o boitshepo wa Modimo, o bala ka boikaelelo jwa go amogela dikgopolo tse disha e bile o thusiwa ke morutisi wa Baebele yo o tshwanelegang. O ka kgona go tlhaloganya Baebele!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa e thusitse batho ba le bantsi go ithuta Baebele.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

 Dikarabo Tse di Kgotsofatsang Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dingwe tsa ditlhogo tse Basupi ba ga Jehofa ba tlotlang ka tsone fa ba ithuta Baebele le batho:

• Boikaelelo jwa Modimo ke bofe ka lefatshe?

• Baswi ba kae?

• A re tshela mo ‘metlheng ya bofelo”?

• Ke eng fa Modimo a letlelela pogo?

• Nka dira jang gore botshelo jwa lelapa la me bo itumedise?

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Gore o kgone go tlhaloganya Baebele . . . rapelela moya wa Modimo, bala ka boikaelelo jwa go amogela dikgopolo tse disha mme o amogele go thusiwa ke batho ba bangwe