Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ke eng se se neng sa dira gore masole a Roma a batle seaparo sa ga Jesu sa kafa teng?

Masole a le manè a a neng a okametse go bolawa ga ga Jesu a ne a kgaoganya diaparo tsa gagwe. Johane 19:23 ya re: “Mme seaparo [sa ga Jesu] sa kafa teng se ne se se na moroko, se rarilwe go tswa kwa godimo go ya le boleele jwa sone.” Masole a ne a swetsa ka gore a se ka a se gagola mme a se laole ka bola. Seaparo seo se ne se dirilwe jang?

Go lebega seaparo sa kafa teng e ne e le tshuniki e e lebegang jaaka hempe e dirilwe ka leloba kgotsa wulu mme se fitlha mo mangoleng kgotsa mo magwejaneng. Gantsi diaparo tseno di ne di dirwa ka go kopanya matsela a mabedi a a khutlonne kgotsa a a khutlonne-tsepa, a bo a rokaganngwa mo matlhakoreng a le mararo. Go ne go tlogelwa phatlha ya mo tlhogo le matsogo di tla tsenang gone.

Buka ya Jesus and His World ya re tshuniki e e tlhwatlhwakgolo thata e ne e dirwa ka tsela e e tshwanang go dirisiwa “letsela le le lengwe fela le leleele, le bo le menwa gabedi mme go bo go segwa phatlha ya mo tlhogo e tla tsenang teng” le bo le direlwa momeno. Tshuniki e e ntseng jalo e ne e tlhoka go rokiwa mo matlhakoreng.

Diaparo tse di se nang meroko, tse di tshwanang le se Jesu a neng a se apere di ne di dirwa kwa Palesetina fela. Di ne di dirwa ka metšhine e e rokang e e dirisang ditlhale tse pedi tse di tlogang kwa godimo di ya kwa tlase, tse pedi di le kwa pele mme tse pedi di le kwa morago. Buka nngwe ya ditshupiso ya re moroki o ne a tla a fapaanya moroko wa gagwe, go tswa kwa pele go ya kwa morago “mme letsela leo le bo le nna le sebopego se se jaaka tšhupu.” Go ne go sa tlwaelega gore motho a nne le tshuniki e e se nang moroko, ka jalo mongwe le mongwe wa masole o ne a batla go nna le yone.

A go ne go na le batho ba ba neng ba rua dinotshe kwa Iseraele wa bogologolo?

Go ya ka Dikwalo Tsa Sehebera, Modimo o ne a solofetsa Baiseraele gore o tla ba tsenya mo “lefatsheng le le elang mashi le tswina ya dinotshe.” (Ekesodo 3:8) Go lebega gantsi fa ditemana tse di umakang tswina ya dinotshe di bua ka e e dirwang ke dinotshe tsa naga. Baebele ga e bue sepe ka go re kwa Iseraele wa bogologolo go ne go ruiwa dinotshe. Le fa go ntse jalo, selo se se fitlhetsweng bosheng jaana mo Mokgatšheng wa Bet She’an kwa Iseraele se senola gore mo motlheng wa bogologolo baagi ba teng ba ne ba “gweba ka go rua dinotshe.”

Kwa Tel Rehov, babatlisisi ba Yunibesithi ya Sehebera ya Institute of Archaeology ya Jerusalema ba ne ba bona lefelo le dinotshe di neng di bolokiwa kwa go lone go tloga ka lekgolo la bolesome go fitlha kwa tshimologong ya lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E.—kwa tshimologong ya nako ya bogosi jwa Iseraele. Leno e ne e le lekgetlo la ntlha go fitlhelwa lefelo la bogologolo la go boloka dinotshe kwa Botlhabagare. Go akanngwa gore lefelo leno la go boloka dinotshe le ne le na le mafelo a ka nna lekgolo a a neng a tlhatlhagane gararo.

Pego e e fitlhetsweng ya yunibesithi ya re lefelo lengwe le lengwe “e ne e le silendara e e dirilweng ka letsopa le le sa besiwang . . . mme mafelo ao a ne a ka nna boleele jwa disentimetara di le 80 [di-inch di le 30] le bophara jwa disentimetara di le 40 [di-inch di le 15]. . . . Batho ba ba ruang dinotshe ba ba nang le maitemogelo le bakanoki ba ba neng ba etela lefelo leo ba ne ba fopholetsa gore ngwaga le ngwaga go ne go ka ntshiwa halofo ya tone ya tswina ya dinotse mo mafelong ano.”

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Setsha se se kwa Tel Rehov

[Motswedi wa Setshwantsho]

Institute of Archaeology/Hebrew University © Tel Rehov Excavations