Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Monna yo o Neng a Ikanya Ditsholofetso Tsa Modimo

Monna yo o Neng a Ikanya Ditsholofetso Tsa Modimo

Tsa Basha

Monna yo o Neng a Ikanya Ditsholofetso Tsa Modimo

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone.

AKANYA KA KELOTLHOKO KA LEFELO LE TIRAGALO EO E DIREGANG MO GO LONE.—BALA GENESISE 12:1-4; 18:1-15; 21:1-5; 22:15-18.

Tlhalosa kafa Aborahame a ka tswang a ile a ikutlwa ka gone fa a utlwa tsholofetso ya Modimo ya gore o tla nna mogologolwane wa “losika” lo lo neng lo tla solegela lefatshe lotlhe molemo.

․․․․․

O akanya gore baeti ba bararo ba ba tlhalositsweng mo go Genesise 18:2 ba ne ba lebega jang?

․․․․․

O akanya gore tiragalo e e tlhalosiwang mo go Genesise 18:6-8 e ne e ntse jang? (Se lebale gore Aborahame o ne a tloga a tshwara dingwaga di le 100 ka nako eo.)

․․․․․

DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Go ne ga feta nako e kana kang go simolola ka nako e Jehofa a neng a solofetsa Aborahame gore o tla nna le morwa ka yone go fitlha ka nako e Isake a neng a tsholwa ka yone? (Bala gape Genesise 12:4 le 21:5.)

․․․․․

Jehofa o ne a raya Aborahame a reng ka nako ya fa a ne a letetse go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo? (Bala Genesise 12:7; 13:14-17; 15:1-5, 12-21; 17:1, 2, 7, 8, 15, 16.)

․․․․․

Jehofa o ne a direla Aborahame eng fa go ne go bonala e kete Aborahame o ne a belaela gore o tla nna le ngwana? (Bala Genesise 15:3-5, 12-21.)

․․․․․

Jehofa o ne a senola jang kgato ka kgato dintlha ka ga “losika”?

․․․․․

DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Go bontsha tumelo mo ditsholofetsong tsa Modimo.

․․․․․

Kafa Jehofa a neng a senola boikaelelo jwa gagwe kgato ka kgato ka gone.

․․․․․

KE KAROLO EFE YA PEGO ENO E E LENG BOTLHOKWA MO GO WENA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․