Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Latela “Tsela E e Di Gaisang Tsotlhe” ya Lorato?

A o Latela “Tsela E e Di Gaisang Tsotlhe” ya Lorato?

A o Latela “Tsela E e Di Gaisang Tsotlhe” ya Lorato?

“MODIMO ke lorato.” Mafoko ano a ga moaposetoloi Johane a tlhomolola nonofo ya konokono ya Modimo. (1 Joh. 4:8) Lorato lo Modimo a ratang batho ka lone ke lone lo dirang gore re kgone go atamalana le ene mme re nne le kamano e e gaufi le ene. Lorato lwa Modimo lo re ama ka tsela efe e nngwe? Go a tle go twe: “Re tlhotlhelediwa ke se re se ratang.” Seo se boammaaruri. Le fa go ntse jalo, gape go boammaaruri gore re tlhotlhelediwa ke batho ba re ba ratang le ba ba re ratang. E re ka re bopilwe mo setshwanong sa Modimo, re kgona go bontsha lorato lwa Modimo mo matshelong a rona. (Gen. 1:27) Ke gone ka moo moaposetoloi Johane a neng a re re rata Modimo “ka gonne a re ratile pele.”—1 Joh. 4:19.

Mafoko a Manè a a Tlhalosang Lorato

Moaposetoloi Paulo o ne a bitsa lorato a re ke “tsela e e di gaisang tsotlhe.” (1 Bakor. 12:31) Ke ka ntlha yang fa a ne a tlhalosa lorato ka tsela eno? Paulo o ne a bua ka mofuta ofe wa lorato? Gore re kgone go itse, a re sekasekeng ka kelotlhoko bokao jwa lefoko “lorato.”

Bagerika ba bogologolo ba ne ba na le mafoko a manè a motheo, a a dirisiwang ka ditsela tse di farologaneng go tlhalosa lorato: stor·geʹ, eʹros, phi·liʹa le a·gaʹpe. Mo mafokong ano, a·gaʹpe ke lone lefoko le le dirisiwang go tlhalosa Modimo yo e leng “lorato.” * Malebana le lorato lono, Porofesa William Barclay mo bukeng ya gagwe ya New Testament Words, a re: “Agapē e amana le tlhaloganyo: ga se fela maikutlo a a ka tsogang mo pelong go sa lebelelwa; ke tsela e tota re ikaeletseng go tshela ka yone. Agapē e amana thata le keletso.” Mo kgannyeng eno, a·gaʹpe ke lorato lo lo laolwang, kgotsa lo lo kaelwang ke melaometheo, mme gantsi lo tsamaisana le go nna le maikutlo a a tseneletseng. E re ka go na le melaometheo e e molemo le e e bosula, go bonala sentle gore Bakeresete ba tshwanetse go kaelwa ke melaometheo e e molemo, e e tlhomilweng ke Jehofa Modimo ka boene mo Baebeleng. Re tla tlhaloganya botoka gore re tshwanetse go bontsha lorato lwa mofuta ofe fa re bapisa tlhaloso ya Baebele ya a·gaʹpe le mafoko a mangwe a a dirisiwang mo Baebeleng go tlhalosa lorato.

Lorato mo Lelapeng

A bo go itumedisa jang ne go nna mo lelapeng le le lorato, le le seoposengwe! Stor·geʹ e ne e le lefoko la Segerika le gantsi le neng le dirisiwa fa go buiwa ka lorato lwa tlholego lo maloko a lelapa a ratanang ka lone. Bakeresete ba leka ka natla go bontsha maloko a malapa a bone lorato. Paulo o ne a porofeta gore mo metlheng ya bofelo, batho ka kakaretso ba tla bo ‘ba se na lorato lwa tlholego.’ *2 Tim. 3:1, 3.

Ka maswabi lorato lwa tlholego lo maloko a lelapa a tshwanetseng go ratana ka lone ga lo yo gompieno mo lefatsheng. Ke ka ntlha yang fa bommè ba bantsi ba ba imileng ba senya dimpa? Ke ka ntlha yang fa malapa a mantsi a sa tlhokomele batsadi ba ba godileng? Ke ka ntlha yang fa palo ya batho ba ba tlhalanang e ntse e oketsega thata jaana? Tota karabo ke: Go tlhoka lorato lwa tlholego.

Mo godimo ga moo, Baebele e ruta gore “pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe.” (Jer. 17:9) Lorato lo re ratang ba malapa a rona ka lone lo akaretsa pelo ya rona le maikutlo a rona. Le fa go ntse jalo, go a kgatlha go bona gore Paulo o ne a dirisa a·gaʹpe go tlhalosa lorato lo monna a tshwanetseng go rata mosadi wa gagwe ka lone. Paulo o ne a bapisa lorato loo le lorato lo Keresete a ratang phuthego ka lone. (Baef. 5:28, 29) Lorato lono lo theilwe mo melaometheong e e beilweng ke Jehofa, Mosimolodi wa thulaganyo ya lelapa.

Lorato lwa mmatota lo re lo bontshang maloko a malapa a rona lo re tlhotlheletsa gore re amege ka batsadi ba rona ba ba godileng kgotsa re sikare maikarabelo a go tlhokomela bana ba rona. Gape lo tlhotlheletsa batsadi go naya bana ba bone kotlhao e e lorato fa go tlhokega e bile lo thibela batsadi go dira dilo ka gonne ba tseega maikutlo, mo gantsi go felelang ka go repisa seatla thata mo baneng.—Baef. 6:1-4.

Fa Lorato Lo lo Fa Gare ga Monna le Mosadi lo Laolwa ke Melaometheo ya Baebele

Eleruri lorato lo monna le mosadi ba ba nyalaneng ba lo bontshanang ke mpho e e tswang kwa Modimong. (Dia. 5:15-17) Le fa go ntse jalo, bakwadi ba Baebele ba ba tlhotlheleditsweng ga ba dirise lefoko eʹros, le le kayang lorato lo lo fa gare ga monna le mosadi. Ka ntlha yang? Mo dingwageng tse di fetileng, makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa re: “Gompieno lefatshe lotlhe le lebega le dira phoso e e tshwanang le e Bagerika ba bogologolo ba ileng ba e dira. Ba ne ba obamela Eros e le modimo, ba obama fa sebesong sa gagwe le go mo ntshetsa ditlhabelo. . . . Mme ditiragalo tsa mo nakong e e fetileng di bontsha gore kobamelo e e ntseng jalo ya lorato lo lo amanang le tlhakanelodikobo e ne e baka matlhabisa ditlhong, ditlhapelo le dikgaogano fela. Gongwe ke lone lebaka la go bo bakwadi ba Baebele ba ne ba sa dirise lefoko leno.” Gore re kgone go tila go nna le dikamano tse di theilweng fela mo ditebegong, maikutlo a go ratana ga monna le mosadi a tshwanetse go laolwa ke melaometheo ya Baebele. Ka jalo, ipotse jaana, ‘A lorato lo ke ratang molekane wa me kgotsa motho yo ke ratanang le ene ka lone lo tsamaya mmogo le lorato lwa mmatota?’

Ka “nako ya bosha” fa keletso ya go tlhakanela dikobo gantsi e a bong e nonofile thata, basha ba ba ngaparelang melaometheo ya Baebele ba tla nna ba le phepa mo boitsholong. (1 Bakor. 7:36; Bakol. 3:5) Re leba lenyalo e le mpho e e boitshepo e e tswang kwa go Jehofa. Jesu o ne a bua jaana malebana le batho ba ba nyalaneng: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Math. 19:6) Go na le gore re nne mmogo fa fela go na le kgogedi ya tlhakanelodikobo, re leba lenyalo e le kgolagano e e masisi. Fa go tsoga mathata mo lenyalong, ga re leke go batla tsela e e motlhofo ya go tswa mme re leka ka natla go bontsha dinonofo tsa bomodimo go dira gore botshelo jwa lelapa la rona e nne jo bo itumedisang. Maiteko a a ntseng jalo a tla lere boitumelo jo bo nnelang ruri.—Baef. 5:33; Baheb. 13:4.

Lorato fa Gare ga Ditsala

Botshelo bo ka bo bo le bosula fa re ka bo re se na ditsala! Seane sengwe sa Baebele sa re: “Go na le tsala e e ngaparelang go gaisa morwarra motho.” (Dia. 18:24) Jehofa o batla gore re nne le ditsala tsa mmatota. Go a itsege gore Dafide le Jonathane e ne e le ditsala tse di atamalaneng thata. (1 Sam. 18:1) E bile Baebele ya re Jesu o ne a “rata” moaposetoloi Johane. (Joh. 20:2) Lefoko la Segerika le le kayang “lorato” kgotsa “botsala” ke phi·liʹa. Ga go na sepe se se phoso ka go nna le tsala e o ntshanang seinong le yone mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, mo go 2 Petere 1:7, re kgothalediwa go tsenya lorato (a·gaʹpe) mo “loratong lwa rona lwa bokaulengwe” (phi·la·del·phiʹa, lefoko le le dirilweng ka go kopanya mafoko a mabedi e leng phiʹlos, lefoko la Segerika le le rayang “tsala,” le a·del·phosʹ, le e leng lefoko la Segerika le le kayang “mokaulengwe”). Gore re kgone go nna le botsala jo bo nnelang ruri, re tlhoka go dirisa kgakololo eno. Go tla bo go le molemo gore re ipotse jaana, ‘A ke bontsha ditsala tsa me lorato lo lo tsamaisanang le melaometheo ya Baebele?’

Lefoko la Modimo le re thusa gore re tshware ditsala tsa rona ka tsela e e tshwanang re sa tlhaole. Ga re dirise ditekanyetso tse di sa tshwaneng ka go nna bonolo fa re dirisana le ditsala tsa rona mme re gagamatsa letsogo fa re dirisana le batho ba e seng ditsala tsa rona. Mo godimo ga moo, ga re dirise mafoko a a borethe go dira gore re nne le ditsala. Sa botlhokwa le go feta, go dirisa melaometheo ya Baebele go re naya temogo e re e tlhokang gore re nne kelotlhoko fa re tlhopha ditsala le go tila ‘go itlwaelanya le ba ba bosula ba ba senyang mekgwa e e molemo.’—1 Bakor. 15:33.

Sebofo se se Tlhomologileng sa Lorato!

Eleruri lorato lo lo kopanyang Bakeresete lo tlhomologile! Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A lorato lwa lona lo nne lo lo se nang boitimokanyo. . . . Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi.” (Bar. 12:9, 10) Eleruri, Bakeresete ba na le ‘lorato (a·gaʹpe) lo lo se nang boitimokanyo.’ Lorato lono ga se go tseega maikutlo fela. Go na le moo, lo ikaegile ka botlalo ka melaometheo ya Baebele. Le fa go ntse jalo, gape Paulo o bua ka ‘lorato lwa bokaulengwe’ (phi·la·del·phiʹa) le “lorato lwa bopelonomi” (phi·loʹstor·gos, lefoko le le dirilweng ka go kopanya phiʹlos le stor·geʹ). Go ya ka mokanoki mongwe, “lorato lwa bokaulengwe” ke “go bontsha ba bangwe lorato, go nna pelonomi, go nna kutlwelobotlhoko le go thusa ba bangwe.” Fa lorato lono lo kopanngwa le a·gaʹpe, lo dira gore baobamedi ba ga Jehofa ba atamalane thata. (1 Bathes. 4:9, 10) Polelwana e nngwe, e e ranotsweng go twe “lorato lwa bopelonomi,” e tlhaga gangwe fela fela mo Baebeleng mme e kaya go atamalana thata, jaaka go direga mo lelapeng. *

Sebofo se se kopanyang Bakeresete ba boammaaruri ke lorato lo ba ratang ba malapa a bone ka lone le lo ba ratang ditsala tsa bone tsa boammaaruri ka lone, mme mo maemong otlhe ba bontsha lorato lo lo theilweng mo melaometheong ya Baebele. Phuthego ya Bokeresete ga se kwa go kopanelwang teng go dira ditsala e bile ga se mokgatlho mongwe wa lefatshe, mme ke lelapa le le obamelang Jehofa Modimo le le seoposengwe. Re tsaya badumedi ka rona e le maloko a lelapa mme re ba bitsa bakaulengwe le bokgaitsadi. Ke karolo ya lelapa la rona la semoya, re ba rata jaaka ditsala tsa rona, mme ka metlha re ba tshwara ka tsela e e dumalanang le melaometheo ya Baebele. E kete rotlhe re ka tswelela pele ka go thusa go nonotsha sebofo sa lorato se se kopanyang le go tlhaola phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete.—Joh. 13:35.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Gape a·gaʹpe e dirisiwa fa go buiwa ka dilo tse di sa siamang.—Joh. 3:19; 12:43; 2 Tim. 4:10; 1 Joh. 2:15-17.

^ ser. 7 Polelwana e e reng “se nang lorato lwa tlholego” ke thanolo ya lefoko stor·geʹ mme le na le noko e e bontshang kganetso e leng a, e e kayang “se nang.”—Gape bona Baroma 1:31.

^ ser. 18 Mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha, mafoko a mangwe a Segerika le one a ranotswe go twe “lorato lwa bopelonomi.” Ka jalo, mo Baebeleng eo, polelwana eno ga e tlhage fela mo go Baroma 12:10, mme gape e tlhaga mo go Bafilipi 1:8 le mo go 1 Bathesalonika 2:8.

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

Ke eng se o se dirang go thusa go nonotsha sebofo sa lorato se se re kopanyang?