Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bodumedi jo bo Siameng bo Kgothaletsa Melao e e Kwa Godimo ya Boitsholo

Bodumedi jo bo Siameng bo Kgothaletsa Melao e e Kwa Godimo ya Boitsholo

BODUMEDI jo bo siameng bo re ruta go akanya ka dilo tse di molemo le go re bontsha kafa re ka tokafatsang boitshwaro jwa rona ka gone. Bo a re thusa fa re ntse re leka go dira se se siameng le go re thusa go bontsha dinonofo tse di molemo. Re itse jang gore bodumedi jo bo siameng bo dira seo?

Ela tlhoko se moaposetoloi Paulo a ileng a se kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba nna kwa Korintha, kwa Gerika. Motse oo wa bogologolo o ne o itsege ka boitsholo jo bo sa siamang. Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Go le batho ba boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le fa e le baobamedi ba medingwana le fa e le baakafadi le fa e le banna ba ba rekisang mmele le fa e le basodoma le fa e le magodu le fa e le batho ba ba bogagaru le fa e le matagwa le fa e le basebi le fa e le batsietsi ga ba kitla ba rua bogosi jwa Modimo.” Morago ga moo Paulo o ne a oketsa jaana: “Mme bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo. Mme lo ne lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lo ne lwa siamisiwa mo leineng la Morena Jesu Keresete le ka Moya wa Modimo wa rona.” (1 Bakorintha 6:9-11, The Holy Bible—New International Version) Akanya fela—bodumedi jo bo siameng bo thusitse batho ba pele ba neng ba sa tshele ka melao ya boitsholo gore ba nne batlhanka ba ba phepa le ba ba siameng ba Modimo!

Go farologana le moo, Baebele e tlhagisa jaana: “Nako e etla e batho ba se kitlang ba reetsa dithuto tse di utlwalang, mme ba tla latela dikeletso tsa bone e bile ba tla ikokoanyetsa barutisi ba le bantsi ba ba tla ba bolelelang dilo tse di tla ba tsikitlang fa ba di utlwa.”—2 Timotheo 4:3, Today’s English Version.

Madumedi a o a itseng a dira jang mo ntlheng eno? A a latela melaometheo ya Baebele malebana le se se siameng le se se sa siamang? Kgotsa a a tlhofofatsa kgakololo e e utlwalang sentle e e mo Lefokong la Modimo, a bolelela batho “dilo tse di tla ba tsikitlang fa ba di utlwa”?

Go go thusa go lemoga gore a bodumedi jo bo rileng bo tlhagisa maungo a a siameng, ke eng fa o sa iphe nako go araba dipotso tse di latelang?

KGANG: Lenyalo.

SE BAEBELE E SE RUTANG: “Lenyalo le tshwanetse go tlotliwa ke mongwe le mongwe mme monna le mosadi ba tshwanetse go boloka lenyalo la bone le itshekile. Modimo o tla atlhola batho ba ba dirang maleo a tlhakanelodikobo.”—Bahebera 13:4, New Century Version.

POTSO: A bodumedi jono bo batla gore batho ba e leng maloko a jone ba ba nnang mmogo ba nyalane go ya ka molao?

KGANG: Tlhalo.

SE BAEBELE E SE RUTANG: Fa Jesu a ne a bodiwa gore a go na le mabaka a a ka dirang gore motho a tlhale, o ne a re: “Le fa e le mang yo o tlogelang mosadi wa gagwe, e se ka ntlha ya boitsholo jo bo sa siamang, a bo a nyala yo mongwe, o dira boaka.”—Mathaio 19:9, New Catholic Edition of the Holy Bible.

POTSO: A bodumedi jono bo tlotla taelo ya ga Jesu ka go letla tlhalo le go nyala gape—fela fa motho a dirile boitsholo jo bo sa siamang?

KGANG: Boitsholo jwa tlhakanelodikobo.

SE BAEBELE E SE RUTANG: “Tshabang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Maleo a mangwe otlhe a motho a a dirang a kwa ntle ga mmele wa gagwe, mme yo o leofang ka go tlhakanela dikobo o leofela mmele wa gagwe.”—1 Bakorintha 6:18, NIV.

“Gonne mokgwa o e leng wa tlholego, basadi ba bone ba o fetola o e seng wa tlholego. Fela jalo banna le bone ba khutlela mosadi go tlhola ba dira ka ene jaaka mokgwa wa tlholego, mme ba gakalelana mo dikgatlhegong tsa bone, banna ba dira le banna ba bangwe mo go tlhabisang ditlhong, ba iponela mo go bone tuelo e e tshwanetseng timelo ya bone.”—Baroma 1:26, 27, Baebele e e Boitshepo.

POTSO: A bodumedi jono bo ruta gore boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo fa gare ga monna kgotsa mosadi kgotsa batho ba bong jo bo tshwanang ke boleo?

KGANG: Bo kgothaletsa maloko a jone ka bopelokgale go dira tumalanong le melaometheo ya Baebele.

SE BAEBELE E SE RUTANG: “O se ka wa itsalanya le batho ba ba reng ba dumela mo go Keresete mme ba leofa ka ntlha ya go tlhakanela dikobo kgotsa ba le pelotshetlha kgotsa ba obamela medingwana kgotsa ba sotla batho ba bangwe ka mafoko kgotsa ba tagwa kgotsa ba tsietsa batho. O se ka wa bo wa ja le batho ba ba ntseng jalo.” (1 Bakorintha 5:11, NCV) Go tshwanetse ga dirwa eng ka batho ba ba reng ke Bakeresete mme e le baleofi ba ba sa ikwatlhayeng? Lefoko la Modimo la re: “Lelekang motho yo o boikepo mo gare ga lona.”—1 Bakorintha 5:13, NIV.

POTSO: A bodumedi joo bo tlosa maloko a jone a a itlhokomolosang melaometheo ya Baebele mme a sa ikwatlhaye?

Ke bodumedi bofe jo bo itsegeng ka go dira tumalanong le melaometheo e e kwa godimo ya Baebele?