Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Rata Batho ba ba Ikokobeditseng

Jehofa o Rata Batho ba ba Ikokobeditseng

Atamalana le Modimo

Jehofa o Rata Batho ba ba Ikokobeditseng

Dipalo 12:1-15

BOIKGODISO, lefufa, go rata maemo. Eno ke mekgwa e e tlwaelegileng e batho ba ba atlegileng mo lefatsheng leno ba nang le yone. A mme gone mekgwa eno e ka dira gore re nne le kamano e e molemo le Jehofa Modimo? Nnyaa, go na le moo Jehofa o rata fa baobamedi ba gagwe ba ikokobetsa. Seno se bonala mo pegong e e mo go Dipalo kgaolo 12. E bua ka se se neng sa direga kwa nageng ya Sinai morago ga gore Baiseraele ba gololwe kwa Egepeto.

Miriame le Arone, e bong bomogolowe Moshe, ba ne “ba simolola go bua kgatlhanong” le monnaabone. (Temana 1) Go na le gore ba bue fela le Moshe, ba ne ba bua kgatlhanong le ene, gongwe ba bolelela batho ba bangwe mo bothibelelong se ba ngongoregang ka sone. Go bonala Miriame e ne e le ene a di gogang kwa pele ka gonne ke ene yo leina la gagwe le umakiwang pele. Lebaka la ntlha le le neng le dira gore ba ngongorege ke ka gonne Moshe a ne a nyetse mosadi wa Mokushe. A Miriame o ne a fufegela mosadi yono yo e neng e se Moiseraele, a akanya gore o ne a tla ratiwa ke setšhaba go mo feta?

Go ne go na le mabaka a mangwe a a neng a dira gore ba ngongorege. Miriame le Arone ba ne ba tle ba re: “A Jehofa o buile ka Moshe a le nosi fela?” A ga a bua le ka rona?” (Temana 2) A selo se se neng se dira gore ba ngongorege e ne e le go batla maemo le go batla go tlhagelela?

Mo pegong eno, Moshe ga a ka a araba fa ba ngongorega jalo. Go bonala a ile a itshokela tshotlo eo. Lebaka la gore o ne a le pelotelele le gore ga a ka a ngongorega le tlhomamisa tsela e Baebele e mo tlhalosang ka yone fa e re o ne a le “boikokobetso thata go gaisa batho botlhe” mo lefatsheng. * (Temana 3) Go ne go sa tlhokege gore Moshe a tlhalosetse batho gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a mo dirisa. Jehofa o ne a reeditse, mme o ne a thusa Moshe.

Jehofa o ne a tsaya go ngongorega ga bone ka Moshe go tshwana le fa ba ngongoregela ene. Tota e bile, ke ene a neng a tlhopha Moshe. Fa Modimo a ne a kgalema bangongoregi bano, o ne a ba gakolola gore o ne a na le kamano e e tlhomologileng le Moshe: “Ke bua le ene molomo le molomo.” Mme Jehofa a botsa Miriame le Arone jaana: “Ke ka ntlha yang, he, fa lo ne lwa se ka lwa boifa go bua kgatlhanong . . . le Moshe?” (Temana 8) Fa ba ne ba bua kgatlhanong le Moshe, tota ba ne ba le molato wa go bua kgatlhanong le Modimo. Ka ntlha ya go bua ka go tlhoka tlotlo jalo, Jehofa o ne a tla ba galefela.

Miriame, yo go bonalang e ne e le motlhotlheletsi yo mogolo o ne a itewa ka lepero. Ka bonako fela Arone o ne a kopa Moshe gore a mmuelele mo go Jehofa. Akanya fela—jaanong Miriame o tlhoka thuso ya ga Moshe, motho yo a neng a ngongorega ka ene! Ka boikokobetso Moshe o ne a dira fela jaaka a ne a mo kopa. Lekgetlo la ntlha fa Moshe a ne a bua mo pegong eno, ke fa a ne a rapela Jehofa a buelela kgaitsadie. Miriame o ne a fodisiwa, mme o ne a tshwanelwa ke go itshokela matlhabisaditlhong a go nna a le esi malatsi a le supa a sa kopane le batho.

Pego eno e re lemotsha dinonofo tse Jehofa a di ratang le mekgwa e a e tlhoileng. Fa re batla go atamalana le Modimo, re tshwanetse go lwela go tlogela mekgwa epe fela e re ka tswang re na le yone ya boikgodiso, lefufa le go rata maemo. Jehofa o rata batho ba ba pelonolo. O solofetsa jaana: “Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11; Jakobe 4:6.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Boikokobetso ke nonofo e e maatla e e dirang gore motho a nne pelotelele go itshokela go direlwa tshiamololo a sa ipusolosetse.