Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Go tlile jang gore monna yo o simolotseng go goga marijuana le motsoko a sa le monnye a kgone go fenya mokgwa oo? Ke eng se se dirileng gore leloko lengwe la segongwana le le ratang thubakanyo le kgone go laola bogale jwa lone le go fenya letlhoo la bomorafe? Ela tlhoko se mongwe le mongwe wa bone a se buileng.

DINTLHA KA GA GAGWE

LEINA: HEINRICH MAAR

DINGWAGA: 38

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: KAZAKHSTAN

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A TSHWAKGOTSWE KE MARIJUANA LE MOTSOKO

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke tsholetswe kwa borwa jwa Kazakhstan e e dikilometara di ka nna 120 go tswa kwa toropong ya Tashkent. Lefelo leo le ne le omeletse e bile le le mogote ka selemo, mme dithemperetšha tsa lone di fitlha go didikirii di le 45, mme mariga didikirii di fitlha go −10—e leng maemo a a neng a siametse go jala diterebe le marijuana.

Batsadi ba me ba tsholetswe kwa Jeremane. Bobedi jwa bone e ne e le Bakeresete ba ba neng ba tsaya Baebele e le botlhokwa mme ba ne ba sa dire se bodumedi jwa bone bo neng bo se ruta. Le fa go ntse jalo, ba ne ba nthuta go bua thapelo ya Morena ka tlhogo. Fa ke ne ke le dingwaga di le 14, mmè le kgaitsadiake ba ne ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ka nakwana. Nako nngwe, ke ne ka utlwa fa Basupi ba babedi ba ba neng ba ithuta le mmè ba mmontsha leina la Modimo e bong Jehofa, mo Baebeleng ya gagwe ya bogologolo. Seo se ne sa nkgatlha. Mmè o ne a emisa go ithuta, ka jalo ga ke a ka ka dira sepe gore ke ithute ka Modimo. Mme fa nako e ntse e ile, morutabana wa rona kwa sekolong o ne a re tlotlela dilo tsotlhe tse a di utlwileng tse di seng boammaaruri ka lekoko le le bidiwang Basupi ba ga Jehofa. E re ka ke ne ke tle ke ye dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa le kgaitsadiake, ke ne ka bolelela morutabana wa me gore dilo tse a neng a di bua di ne di se boammaaruri.

Fa ke ne ke le dingwaga di le 15, ke ne ka romelwa kwa Leningrad, e gone jaanong e leng St. Petersburg kwa Russia go ya go ithutela tiro ya diatla. Ke ne ka tlotlela batho ba ke neng ke nna le bone dilo di se kae tse ke neng ke di ithutile ka Jehofa. Le fa go ntse jalo, ke ne ka simolola go goga. Fa ke etetse gae kwa Kazakhstan, go ne go le motlhofo gore ke reke marijuana le fa go ne go se kafa molaong. Gape ke ne ke nwa bojalwa jo bo bogale thata (vodka) le beine e e dirilweng mo gae.

Ke ne ka fetsa sekolo mme ka tsenela bosole dingwaga di le pedi. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke gakologelwa dilo dingwe tse ke neng ke di ithutile mo Baebeleng fa ke ne ke sa le monnye. Fa ke ne ke nna le tshono, ke ne ke bolelela masole a mangwe ka Jehofa mme ke ne ke buelela Basupi fa ke ne ke utlwa batho ba bua maaka ka bone.

Fa ke sena go thapisediwa bosole, ke ne ka ya go nna kwa Jeremane. Fa ke ne ke le mo kampeng ya batho ba ba tswang dinageng di sele, ke ne ka newa buka ya go ithuta Baebele e e neng e gatisitswe ke Basupi. Ke ne ka e bala ka tlhoafalo mme ka bona gore se e neng e se bua se boammaaruri. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa kgone go tlogela go goga motsoko le marijuana. Moragonyana, ke ne ka fudugela gaufi le toropo ya Karlsruhe. Ke ne ka kopana le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme o ne a simolola go ithuta Baebele le nna.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Ga ke bolo go tsaya Baebele e le Lefoko la Modimo. Mme morago ga go bala buka ya go ithuta Baebele e ke neng ka e newa, ke ne ka tlhatswega pelo gore Baebele e araba dipotso tsotlhe tsa botlhokwa mo botshelong. Le fa go ntse jalo, go ne ga ntsaya nako e telele gore ke tlogele mekgwa ya me. Kgabagare, ke ne ka amiwa pelo ke kgakololo ya Baebele e e mo go 2 Bakorintha 7:1 mme ka swetsa gore ke intlafatse “leswe lengwe le lengwe la nama le moya,” mme seo se ne sa raya gore ke tlogele go goga marijuana le motsoko.

Ke ne ka kgona go tlogela go goga marijuana ka bonako. Mme go ne ga ntsaya dikgwedi tse thataro go tlogela go goga motsoko. Letsatsi lengwe Mosupi yo o neng a ithuta Baebele le nna o ne a mpotsa jaana, “O ikaeletse eng mo botshelong?” Potso eo e ne ya dira gore ke akanye ka go tshwakgolwa ga me ke motsoko. Ke ne ke lekile ka makgetlo go o tlogela. Mme jaanong ke ne ke sweditse ka gore ke rapele pele ke leka go goga go na le go rapela Modimo gore a intshwarele morago ga go goga. Ka ngwaga wa 1993, ke ne ka ipeela letsatsi le ke neng ke tla tlogela go goga ka lone. Ka ntlha ya thuso ya ga Jehofa, fa e sa le ka letsatsi leo ga ke ise ke tsamaye ke goge.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: E re ka jaanong ke tlogetse go tshwakgolwa ke marijuana le motsoko tse di jang madi a mantsi le tse di lwatsang, botsogo jwa me bo botoka. Gompieno ke moithaopi kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane. Gape ke itumelela gore ke kgonne go dirisa kgakololo ya Baebele mo botshelong jwa me! Go itse se Baebele e se rutang go dirile gore botshelo jwa me bo nne le bokao.

DINTLHA KA GA GAGWE

LEINA: TITUS SHANGADI

DINGWAGA: 43

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: NAMIBIA

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: LELOKO LA SEGONGWANA LE LE RATANG THUBAKANYO

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse kwa motseselegaeng wa Ohangwena o o mo kgaolong e e kwa bokone jwa Namibia. Batho ba motse wa rona ba ne ba itewa le go bolawa ka nako ya ntwa e e neng e le mo kgaolong eno ka bo1980. Mo motseng wa rona, mosimane o ne a tsewa e le monna fa a ne a itse go lwa le go betsa basimane ba bangwe. Ka jalo ke ne ka ithuta go lwa!

Fa ke fetsa sekolo ke ne ka ya go nna le malome kwa toropong ya Swakopmund e e fa gaufi le lotshitshi lwa lewatle. Ka bonako fela fa ke sena go goroga, ke ne ka nna mongwe wa segongwana sa makawana a diganana. Re ne re ya kwa toropong mme re tsena mo mafelong a batho ba bantsho ba neng ba sa letlelelwa go tsena mo go one a a jaaka dihotele le dibara e le fela gore re tsose ntwa. Mo makgetlong a le mmalwa, re ne ra lwa le batlhokomedi le mapodise. Bosigo bongwe le bongwe ke ne ke tsamaya ke tshotse thipa e telele gore ke tlhasele ope fela yo o neng a ka ntshwenya.

Bosigo bongwe ke ne ka batla ke bolawa fa re ne re lwa le segongwana sengwe. Mongwe mo segongwaneng se re neng re lwa le sone o ne a tla kwa morago ga me ke sa mmone, o ne a re o nkgaola tlhogo fa mongwe wa segongwana sa rona a mo itaya gore a bo a idibale. Le fa ke ile ka batla ke swa jalo, ke ne ka tswelela ke rata ntwa. Fa ke ne ke ngangisana le mongwe, e ka tswa e le monna kgotsa mosadi, ka metlha e ne e le nna wa ntlha go mo itaya.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Lekgetlo la ntlha fa ke kopana le mosadi mongwe yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa, o ne a mpalela ditemana tsa Pesalema 37 mme a mpolelela gore buka ya Baebele ya Tshenolo e na le ditsholofetso tse dingwe tse di molemo ka isagwe. E re ka a ne a sa tlhalosa gore ke mo kae mo bukeng ya Tshenolo, ke ne ka tsaya Baebele mme ka bala dikgaolo tsotlhe tsa Tshenolo mo bosigong joo. Ke ne ka rata tsholofetso e ke neng ka e bala mo go Tshenolo 21:3, 4 ya go re “loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” Fa Basupi bao ba boa, ke ne ka dumela go ithuta Baebele.

Go ne go le boima tota gore ke fetole tsela e ke neng ke tshela ka yone le e ke neng ke akanya ka yone. Mme mo go Ditiro 10:34, 35 ke ne ka ithuta go re “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” Gape ke ne ka dira ka natla go dirisa Baroma 12:18 e e reng: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”

Mo godimo ga go ithuta go laola bogale jwa me, gape ke ne ka tshwanela ke go tlogela go goga motsoko o o neng o setse o ntshwakgotse. Gangwe le gape, ke ne ke rapela Jehofa ke itshekile dikeledi ke mo kopa gore a nthuse. Kwa tshimologong ke ne ke sa dire dilo sentle, ka gonne ke ne ke tle ke re sekerete se ke neng ke se goga ke sa “bofelo” ke bo ke rapela morago ga moo. Mosupi yo ke neng ke ithuta Baebele le ene o ne a nthusa go bona botlhokwa jwa go rapela pele ke leka go goga. Ke ne ka tshwanelwa ke go tila go nna mo gare ga batho ba ba gogang. Gape ke ne ka dirisa kakantsho ya go bua le badirikanna ka kotsi ya go goga motsoko. Seno se ne sa nthusa tota ka gonne se ne sa dira gore ke se ka ka tlhola ke newa disekerete mahala—le batho ba ba gogang kwa tirong ba ne ba se ka ba tlhola ba di nnaya.

Kgabagare ke ne ka kgona go tlogela go goga motsoko le go tlogela tsela e ke neng ke tshela ka yone pele. Morago ga dikgwedi tse thataro ke ithuta le go dirisa melaometheo ya Baebele, ke ne ka tshwanelega go kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Ke ne ka tlhatswega pelo gore bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa ke jwa boammaaruri fa ke bona kafa ba ratanang ka gone, go sa kgathalesege lotso kgotsa mmala wa bone. Tota le pele ke kolobediwa go nna Mosupi, monna mongwe wa mosweu yo e neng e le leloko la phuthego o ne a ntaletsa go ya go ja kwa legaeng la gagwe. E ne e kete ke a lora. Ke ne ke ise ke dule mmogo ka kagiso le motho yo mosweu le fa e le go ja le ene kwa legaeng la gagwe. Mme jaanong ke ne ke le mongwe wa bakaulengwe ba ba ratanang ba mo lefatsheng lotlhe.

Mo nakong e e fetileng batlhokomedi le mapodise ba ne ba leka go mpateletsa go fetola tsela e ke neng ke dira dilo ka yone le e ke neng ke akanya ka yone mme ba ne ba palelwa. Baebele ke yone fela e neng e na le maatla a go nthusa go fetola botho jwa me le go nna motho yo o itumetseng.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

“Gangwe le gape, ke ne ke rapela Jehofa ke itshekile dikeledi ke mo kopa gore a nthuse”