Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Tshwanetse go Ntsha Moneelo wa Bokae?

Ke Tshwanetse go Ntsha Moneelo wa Bokae?

Babadi ba a Botsa

Ke Tshwanetse go Ntsha Moneelo wa Bokae?

“Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakorintha 9:7) Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba itse mafoko ano. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ba tsenang kereke ba ka ikutlwa ba patelediwa go ntsha moneelo o ba ka se kgoneng go o ntsha. Tota e bile, madumedi mangwe a batla gore maloko a one a ntshe moneelo o o rileng. Mokgwa ono o bidiwa go ntsha ditsabosome, e leng go naya kereke diperesente di le lesome tsa madi a o a amogelang.

A tota Baebele e laela gore re ntshe moneelo wa madi a a rileng? Mme gone ke tshwanetse go ntsha moneelo wa bokae?

Meneelo e e Neng e Tshwanetse go Ntshiwa Le e E Neng e Ntshiwa ka go Rata mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele

Baebele e na le ditaelo tse di utlwalang sentle tse Modimo a neng a di naya setšhaba sa Iseraele mabapi le moneelo o a neng a batla gore ba o ntshe. (Lefitiko 27:30-32; Dipalo 18:21, 24; Duteronome 12:4-7, 11, 17, 18; 14:22-27) Moneelo oo e ne e le o ba ka kgonang go o ntsha. Jehofa o ne a ba solofetsa gore fa ba ikobela melao ya gagwe o ne a tla dira gore setšhaba se “penologe ka katlego.”—Duteronome 28:1, 2, 11, 12.

Mo maemong a mangwe, Baiseraele ba ne ba ka ithaopela go ntsha moneelo o monnye kgotsa o montsi go ya kafa ba neng ba batla ka gone. Ka sekai, fa Kgosi Dafide a ne a rulaganya go aga tempele ya ga Jehofa, batho ba a neng a ba busa ba ne ba ntsha moneelo wa “gouta e e jang ditalenta di le dikete tse tlhano.” * (1 Ditiragalo 29:7) Bapisa ditalenta tseno tse di dikete tse tlhano le se Jesu a neng a se bona fa a ne a le mo lefatsheng. O ne a bona “motlholagadi mongwe wa motlhoki a latlhela madinyana a tshipi a mabedi a tlhwatlhwa e nnye fela thata” mo matloleng a matlotlo a tempele. Moneelo wa gagwe e ne e le bokae? E ne e le madi a a kwa tlase thata ga tuelo ya letsatsi. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re moneelo oo wa madi a mannye o ne o amogelesega.—Luke 21:1-4.

A Bakeresete ba Tshwanetse go Ntsha Moneelo wa Madi a a Rileng?

Bakeresete ga ba tlhole ba laolwa ke kgolagano ya Molao e e neng e neilwe Baiseraele. Ka jalo, ga ba patelesege go ntshetsa Modimo moneelo wa madi a a rileng. Le fa go ntse jalo, mo phuthegong ya Bokeresete re itumelela thata go aba. Jesu Keresete o ne a bua jaana: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Basupi ba ga Jehofa ba tshegetsa tiro ya bone ya go rera e e dirwang lefatshe lotlhe ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. Meneelo eno e dirisetswa go gatisa dikgatiso tse di jaaka makasine ono o o o balang, go aga le go tlhokomela mafelo a bone a kobamelo a a bidiwang Diholo Tsa Bogosi. Madi a a ntshiwang ga a dirisediwe go duela batho. Batho bangwe ba ba ithaopetseng go dirisa nako ya bone e ntsi mo tirong ya go ruta batho Baebele ba thusiwa ka madi gore ba kgone go duela dipalangwa le dilo tse ba di tlhokang. Mme ga go na ope yo o pateletsang gore a thusiwe. Tota e bile, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ga ba thusiwe ka madi go dira tiro ya go rera. Go na le moo, ba le bantsi ba bone ba na le tiro ya boitshediso gore ba kgone go itlamela, fela jaaka Paulo le ene a ne a na le yone, a dira ditente.—2 Bakorintha 11:9; 1 Bathesalonika 2:9.

Fa motho a batla go tshegetsa tiro e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa ka moneelo, o tshwanetse go ntsha bokae? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.”—2 Bakorintha 8:12; 9:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Ka 2008, tlhwatlhwa ya onse ya gauta e ne e le $871, seno se raya gore moneelo ono e ne e le madi a a kana ka R50 106 234 750.