Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshelela Ruri mo Lefatsheng—A ke Tsholofelo ya Bokeresete?

Go Tshelela Ruri mo Lefatsheng—A ke Tsholofelo ya Bokeresete?

Go Tshelela Ruri mo Lefatsheng—A ke Tsholofelo ya Bokeresete?

“[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo.”—TSHEN. 21:4.

1, 2. Re itse jang gore Bajuda ba bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng?

LEKAWANA lengwe le le humileng le le le itsegeng le ne la tla kwa go Jesu, la wela ka mangole fa pele ga gagwe, mme la botsa jaana: “Moruti yo o Molemo, ke eng se ke tshwanetseng go se dira gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?” (Mar. 10:17) Lekawana leno le ne le botsa ka go rua botshelo jo bo sa khutleng kae? Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, makgolo a dingwaga pele ga foo Modimo o ne a neile Bajuda tsholofelo ya tsogo le ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Bajuda ba bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba sa ntse ba na le tsholofelo eo.

2 Go lebega tsala ya ga Jesu, Maratha, a ne a akantse ka tsogo mo lefatsheng fa a ne a bua jaana ka kgaitsadie yo o suleng: “Ke a itse gore o tla tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.” (Joh. 11:24) Ke boammaaruri gore Basadukae ba motlha oo bone ba ne ba sa dumele mo tsogong. (Mar. 12:18) Le fa go ntse jalo, George Foot Moore mo bukeng ya gagwe ya Judaism in the First Centuries of the Christian Era [Tsamaiso ya Sejuda mo Makgolong a Ntlha a Dingwaga a Motlha wa Bokeresete], a re: “Mekwalo . . . ya lekgolo la bobedi kana la ntlha la dingwaga pele ga motlha wa rona e tlhomamisa tumelo ya gore ka nako nngwe batho ba ba suleng mo nakong e e fetileng ba tla tsosiwa gore ba boe ba tshele gape mo lefatsheng.” Monna wa mohumi yo o neng a tla kwa go Jesu o ne a batla go tshelela ruri mo lefatsheng.

3. Go tla arabiwa dipotso dife mo setlhogong seno?

3 Gompieno, madumedi a mantsi le bakanoki ba Baebele ga ba dumele gore tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng ke thuto ya Bokeresete. Batho ba bantsi ba na le tsholofelo ya gore fa ba sena go swa ba tla tswelela ba tshela mo lefelong la meya. Ka jalo fa batho ba bantsi ba ba balang Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ba bona mafoko a a reng “botshelo jo bo sa khutleng,” ba akanya gore ka metlha a kaya go tshela kwa legodimong. A mme go ntse jalo? Jesu o ne a kaya eng fa a ne a bua ka botshelo jo bo sa khutleng? Barutwa ba gagwe ba ne ba dumela eng? A Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di ruta gore re ka nna le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng?

Botshelo Jo bo Sa Khutleng “mo Popong e Ntšha”

4. Ke eng se se tla diregang “mo popong e ntšha”?

4 Baebele e ruta gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba tla tsosediwa gore ba buse lefatshe ba le kwa legodimong. (Luke 12:32; Tshen. 5:9, 10; 14:1-3) Le fa go ntse jalo, fa Jesu a ne a bua ka botshelo jo bo sa khutleng, ga se ka metlha a neng a bua ka setlhopha seo fela. Akanya ka se a neng a se raya barutwa ba gagwe fa lekawana lengwe la mohumi le sena go tsamaya le hutsafetse fa le sena go lalediwa gore le tlogele dilo tsotlhe tse le nang le tsone gore le nne molatedi wa ga Keresete. (Bala Mathaio 19:28, 29.) Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe gore ba ne ba tla nna bangwe ba batho ba ba tla busang e le dikgosi mme ba atlhole “ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele,” ke gore, batho ba ba seng mo setlhopheng se se yang go busa kwa legodimong. (1 Bakor. 6:2) Gape o ne a bua ka tuelo e e neng e tla newa “mongwe le mongwe” yo o mo salang morago. Batho bao le bone ba “tla rua botshelo jo bo sa khutleng.” Seno sotlhe se tla direga “mo popong e ntšha.”

5. O ka tlhalosa jang ‘popo e ntšha’?

5 Jesu o ne a kaya eng fa a bua ka ‘popo e ntšha’? Mafoko ano a ranotswe go twe “lefatshe le lesha” mo thanolong ya The Bible—An American Translation. Mo Baebeleng ya The Jerusalem Bible, a ranotswe go twe “fa dilo tsotlhe di dirwa sesha” mme mo Baebeleng ya The Holy Bible—New International Version, a ranotswe go twe “go ntšhafadiwa ga dilo tsotlhe.” E re ka Jesu a sa tlhalosa mafoko ao fa a ne a a bua, go lebega a ne a bua ka se Bajuda ba neng ba sa bolo go se solofela ka makgolokgolo a dingwaga. Maemo a a mo lefatsheng a ne a tlile go dirwa sesha, gore dilo di nne jaaka di ne di ntse kwa tshimong ya Edene pele ga Adame le Efa ba leofa. Popo e ntšha e tla diragatsa tsholofetso ya Modimo ya go “bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha.”—Isa. 65:17.

6. Setshwantsho sa dinku le dipodi se re ruta eng ka tsholofelo ya go tshelela ruri?

6 Jesu o ne a umaka botshelo jo bo sa khutleng gape fa a ne a bua ka bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo. (Math. 24:1-3) O ne a re: “Fa Morwa motho a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe, le baengele botlhe ba na le ene, ka nako eo o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang. Mme ditšhaba tsotlhe di tla phuthelwa fa pele ga gagwe, mme o tla kgaoganya batho mongwe mo go yo mongwe, fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi.” Ba ba tla atlholwang “ba tla ya kwa go kgaolweng ga bosakhutleng, mme basiami kwa botshelong jo bo sa khutleng.” “Basiami” ba ba newang botshelo jo bo sa khutleng ke ba ka boikanyego ba emang ‘bomorwarraagwe’ Keresete ba ba tloditsweng ka moya nokeng. (Math. 25:31-34, 40, 41, 45, 46) E re ka batlodiwa ba tlhophiwa go nna babusi mo Bogosing jwa kwa legodimong, “basiami” e tshwanetse ya bo e le babusiwa ba Bogosi joo ba ba mo lefatsheng. Baebele e ne ya bolelela pele jaana: “[Kgosi ya ga Jehofa e] tla nna le babusiwa go tswa lewatleng go ya lewatleng le go tswa Nokeng go ya kwa mafelelong a lefatshe.” (Pes. 72:8) Babusiwa bano ba tla itumelela go tshelela ruri mo lefatsheng.

Efangele ya ga Johane e Tlhalosa Eng?

7, 8. Jesu o ne a bua le Nikodemo ka ditsholofelo dife tse pedi?

7 Jaaka go kwadilwe mo Diefangeleng tsa ga Mathaio, Mareko le Luke, Jesu o dirisa mafoko “botshelo jo bo sa khutleng” mo makgetlhong a a umakilweng fa godimo. Efangele ya ga Johane e nopola mafoko a ga Jesu a a ka ga botshelo jo bo sa khutleng makgetlho a ka nna 17. A re sekasekeng mangwe a makgetlho ao a mafoko ano a tlhagang mo go one mme re bone se Jesu a ileng a se bua ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng.

8 Go ya ka Johane, Jesu o ne a bua ka botshelo jo bo sa khutleng la ntlha fa a ne a bua le Mofarasai yo o bidiwang Nikodemo. O ne a raya Nikodemo a re: “Fa motho a sa tsalwe ka metsi le moya, ga a ka ke a tsena mo bogosing jwa Modimo.” Batho ba ba tsenang mo Bogosing jwa magodimo ba tshwanetse go ‘tsalwa gape.’ (Joh. 3:3-5) Jesu ga a ka a felela foo. Go tswa foo o ne a bua ka tsholofelo e batho botlhe ba ka nnang le yone. (Bala Johane 3:16.) Jesu o ne a bua ka tsholofelo ya go tshelela ruri kwa legodimong e balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba nang le yone le ya go tshela mo lefatsheng e batho ba bangwe ba nang le yone.

9. Jesu o ne a bua le mosadi wa Mosamarea ka tsholofelo efe?

9 Fa Jesu a sena go bua le Nikodemo kwa Jerusalema, o ne a tsamaela kwa bokone go ya ntlheng ya Galalea. Fa a le mo tseleng, o ne a kopana le mosadi mongwe fa motsweding wa ga Jakobe gaufi le motse wa Sikara kwa Samarea. O ne a raya mosadi yoo a re: “Le fa e le mang yo o nwang metsi a ke tla a mo nayang ga a kitla a nyorwa ka gope, mme metsi a ke tla a mo nayang a tla nna mo go ene motswedi wa metsi a a pomponyegang go naya botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 4:5, 6, 14) Metsi ano a emela thulaganyo e Modimo a e dirileng gore batho botlhe ba bone botshelo jo bo sa khutleng, go akaretsa le ba ba tlileng go tshela mo lefatsheng. Mo bukeng ya Tshenolo, Modimo ka boene o tlhalosiwa a re: “Le fa e le mang yo o nyorwang ke tla mo nosa mahala mo motsweding wa metsi a botshelo.” (Tshen. 21:5, 6; 22:17) Ka jalo, Jesu o ne a bua le mosadi wa Mosamarea ka botshelo jo bo sa khutleng jo bo tla bonwang ke baruaboswa ba ba tloditsweng ba Bogosi le jo bo tla bonwang ke batho ba ba dumelang ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng.

10. Fa Jesu a sena go fodisa monna mongwe kwa mogobeng wa Bethesatha, o ne a bolelela baganetsi eng ka botshelo jo bo sa khutleng?

10 Mo ngwageng o o latelang, Jesu o ne a boetse kwa Jerusalema gape. Fa a le koo o ne a fodisa monna mongwe yo o lwalang kwa mogobeng wa Bethesatha. Jesu o ne a tlhalosetsa Bajuda ba ba neng ba tshwaya se a neng a se dira phoso gore “Morwa ga a ka ke a dira selo le fa se le sengwe ka boene fela, fa e se fela se a bonang Rara a se dira.” Fa Jesu a sena go ba bolelela gore Rara “o neetse Morwa go atlhola gotlhe,” o ne a re: “Yo o utlwang lefoko la me mme a dumela yo o nthomileng o na le botshelo jo bo sa khutleng.” Gape o ne a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [Morwa motho] ka yone mme ba tla tswa, ba ba dirileng dilo tse di molemo ba tswela kwa tsogong ya botshelo, ba ba dirileng dilo tse di bosula ba tswela kwa tsogong ya katlholo.” (Joh. 5:1-9, 19, 22, 24-29) Jesu o ne a bolelela Bajuda ba ba neng ba mmogisa gore e ne e le ene yo Modimo a mo tlhomileng go diragatsa tsholofelo ya Bajuda ya go tshelela ruri mo lefatsheng, le gore o ne a tla dira jalo ka go tsosa baswi.

11. Re itse jang gore tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng e a akarediwa mo mafokong a Jesu a a buileng mo go Johane 6:48-51?

11 Kwa Galalea, batho ba le diketekete ba ba neng ba batla senkgwe se Jesu a neng a se dirile ka kgakgamatso ba ne ba simolola go mo sala morago. Jesu o ne a ba bolelela ka mofuta o mongwe wa senkgwe—“senkgwe sa botshelo.” (Bala Johane 6:40, 48-51.) O ne a re: “Senkgwe se ke tla se nayang ke nama ya me.” Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe a bo ntshetsa batho ba ba neng ba tlile go busa le ene mo Bogosing jwa gagwe kwa legodimong mmogo le “mo boemong jwa botshelo jwa lefatshe,” e leng batho ba ba rekololwang. “Fa mongwe a ka ja senkgwe seno,” ke gore, a nna le tumelo mo maatleng a a rekololang a setlhabelo sa ga Jesu, o tla nna le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. Ee, go umaka go “tshela ka bosaengkae” go ne go akaretsa tsholofelo e Bajuda ba neng ba sa bolo go nna le yone ya go tshelela ruri mo lefatsheng ka nako ya puso ya ga Mesia.

12. Jesu o ne a bua ka tsholofelo efe fa a ne a raya baganetsi a re ‘o tla naya dinku tsa gagwe botshelo jo bo sa khutleng’?

12 Moragonyana, kwa Moletlong wa go Neela kwa Jerusalema, Jesu o ne a raya baganetsi ba gagwe a re: “Ga lo dumele, ka gonne ga lo epe ya dinku tsa me. Dinku tsa me di reetsa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshala morago. Ke di naya botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 10:26-28) A Jesu o ne a bua fela ka go tshela kwa legodimong, kana gape o ne a bua ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise? Jesu o ne a sa tswa go gomotsa balatedi ba gagwe ka go ba raya a re: “Se boifeng, letsomanyane, ka gonne Rraalona o amogetse go lo naya bogosi.” (Luke 12:32) Le fa go ntse jalo, kwa go one Moletlo oo wa go Neela, Jesu o ne a re: “Ke na le dinku tse dingwe, tse e seng tsa lesaka leno; tseo le tsone ke tshwanetse go di tlisa.” (Joh. 10:16) Ka jalo, fa Jesu a ne a bua le baganetsi bao, mafoko a gagwe a ne a akaretsa tsholofelo ya “letsomanyane” ya go ya go tshela kwa legodimong mmogo le tsholofelo ya boidiidi jwa ba “dinku tse dingwe” ya go tshelela ruri mo lefatsheng.

Tsholofelo e e Neng e sa Tlhoke go Tlhalosiwa

13. Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re: “O tla nna le nna mo Paradaiseng”?

13 Ka nako ya fa Jesu a ne a utlwa botlhoko jo bo ngomolang pelo mo koteng ya tlhokofatso, o ne a tlhomamisa ka botlalo tsholofelo e batho ba nang le yone. Modirabosula yo o neng a bapotswe fa thoko ga gagwe o ne a re: “Jesu, o nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” Jesu o ne a mo solofetsa jaana: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Luke 23:42, 43) E re ka go lebega monna yono e ne e le Mojuda, o ne a sa tlhoke go tlhalosediwa ka Paradaise. O ne a itse ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng mo isagweng.

14. (a) Ke eng se se bontshang gore go ne go le thata gore baaposetoloi ba tlhaloganye fa go ne go buiwa ka tsholofelo ya go ya go tshela kwa legodimong? (b) Balatedi ba ga Jesu ba ne ba simolola leng go tlhaloganya sentle tsholofelo ya go ya go tshela kwa legodimong?

14 Le fa go ntse jalo, se se neng se tlhoka go tlhalosiwa e ne e le mafoko a ga Jesu fa a ne a bua ka tsholofelo ya go ya go tshela kwa legodimong. Fa a ne a bua le barutwa ba gagwe a re o ya legodimong o ya go ba baakanyetsa lefelo, ba ne ba sa tlhaloganye gore o raya jang. (Bala Johane 14:2-5.) Moragonyana o ne a ba raya a re: “Ke na le dilo di le dintsi tse ke sa ntseng ke tshwanetse go di bua le lona, mme ga lo kgone go di sikara mo nakong eno. Le fa go ntse jalo, fa ene yoo a goroga, moya wa boammaaruri, o tla lo kaela go ya mo boammaaruring jotlhe.” (Joh. 16:12, 13) Balatedi ba ga Jesu ba ne ba simolola go tlhaloganya gore ditulo tsa bone tsa bogosi di ne di tlile go nna kwa legodimong morago ga Pentekosete ya 33 C.E., fa ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo wa Modimo go nna dikgosi tsa mo isagweng. (1 Bakor. 15:49; Bakol. 1:5; 1 Pet. 1:3, 4) E ne e le la ntlha ba utlwa ka tsholofelo ya go newa boswa kwa legodimong, mme go ne ga buiwa thata ka tsholofelo eno mo makwalong a a tlhotlheleditsweng a a mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. A mme makwalo ano a tlhomamisa tsholofelo ya batho ya go tshelela ruri mo lefatsheng?

Makwalo a a Tlhotlheleditsweng a Reng?

15, 16. Lekwalo le le tlhotlheleditsweng le le kwaletsweng Bahebera mmogo le mafoko a ga Petere a lebisa jang kwa tsholofelong ya go tshelela ruri mo lefatsheng?

15 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bahebera, o ne a bitsa badumedi ka ene a re “bakaulengwe ba ba boitshepo, ba ba nang le seabe mo pitsong ya selegodimo.” Le fa go ntse jalo, gape o ne a re Modimo o dirile gore “lefatshe le le nang le banni le le tla tlang” le nne mo taolong ya ga Jesu. (Baheb. 2:3, 5; 3:1) Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, lefoko la ntlhantlha le le rayang “lefatshe le le nang le banni” ka metlha le kaya lefatshe le batho ba nnang mo go lone. Ka jalo “lefatshe le le nang le banni le le tla tlang” ke tsamaiso ya dilo e e tlang ya mo lefatsheng e e tla bong e eteletswe pele ke Jesu Keresete. Ka nako eo Jesu o tla diragatsa tsholofetso eno ya Modimo: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pes. 37:29.

16 Moaposetoloi Petere le ene o ne a tlhotlhelediwa go kwala ka isagwe ya batho. O ne a re: “Magodimo le lefatshe tse di gone jaanong di boloketswe molelo ka lone lefoko leo e bile di beilwe go ya letsatsing la katlholo le la go senngwa ga baikepi.” (2 Pet. 3:7) Ke eng se se tla emisetsang magodimo a a emelang dipuso le setšhaba se se boikepo sa batho tse di leng teng gone jaanong? (Bala 2 Petere 3:13.) Di tla emisediwa ke “magodimo a masha”—Bogosi jwa Modimo jwa ga Mesia—le “lefatshe le lesha”—setšhaba se se siameng sa batho ba e leng baobamedi ba boammaaruri.

17. Tsholofelo e batho ba nang le yone e tlhalosiwa jang mo go Tshenolo 21:1-4?

17 Buka ya bofelo ya Baebele e a re itumedisa fa e re batho ba tlile go itekanedisiwa gape. (Bala Tshenolo 21:1-4.) Batho ba ba dumelang ga ba bolo go nna le tsholofelo eno fa e sale batho ba ntlha ba leofa kwa tshimong ya Edene. Batho ba ba siameng ba tla tshela mo Paradaiseng mo lefatsheng ka bosakhutleng ba sa tsofale. Tsholofelo eno e theilwe ka botlalo mo Dikwalong Tsa Sehebera le mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, mme e ntse e nonotsha batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa le gompieno.—Tshen. 22:1, 2.

A o Ka Tlhalosa?

• Jesu o ne a kaya eng fa a ne a bua ka ‘popo e ntšha’?

• Jesu o ne a bua le Nikodemo ka eng?

• Jesu o ne a solofetsa modirabosula yo o neng a bapotswe fa thoko ga gagwe eng?

• Lekwalo le le kwaletsweng Bahebera mmogo le mafoko a ga Petere a tlhomamisa jang tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Batho ba sekadinku ba tla tshelela ruri mo lefatsheng

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Jesu o ne a bolelela ba bangwe ka botshelo jo bo sa khutleng