Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”

“Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”

“Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”

“Ipolokeng mo loratong lwa Modimo, lo ntse lo letetse kutlwelobotlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete lo solofetse botshelo jo bo sa khutleng.”—JUDE 21.

1, 2. Jehofa o bontshitse jang gore o a re rata, mme re itse jang gore ga a re boloke re le mo loratong lwa gagwe fela go sa kgathalesege se re se dirang?

JEHOFA MODIMO o re bontshitse lorato ka ditsela tse dintsintsi. Mme kwantle ga pelaelo, tsela e kgolo go gaisa tsotlhe e e bontshang gore Jehofa o a re rata ke thulaganyo ya setlhabelo sa thekololo. O rata batho thata mo a ileng a romela Morwawe yo o rategang mo lefatsheng gore a tle go re swela. (Joh. 3:16) Jehofa o ne a dira jalo ka gonne o batla gore re tshelele ruri, e bile o batla gore re solegelwe molemo ke lorato lwa gagwe ka bosakhutleng!

2 Le fa go ntse jalo, a re ka swetsa ka gore Jehofa o tla re boloka re le mo loratong lwa gagwe fela go sa kgathalesege gore rona re tlhopha go dira eng? Nnyaa. Ka gonne mo go Jude temana 21 re kgothadiwa jaana: “Ipolokeng mo loratong lwa Modimo, lo ntse lo letetse kutlwelobotlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete lo solofetse botshelo jo bo sa khutleng.” Mafoko a a reng “ipolokeng mo loratong lwa Modimo” a bontsha gore re tshwanetse go dira sengwe. Ka jalo, re tlhoka go dira eng gore re nne re le mo loratong lwa Modimo?

Re ka Nna Jang Re le Mo Loratong Lwa Modimo?

3. Jesu o ne a re ke eng se a tshwanetseng go se dira gore a nne a le mo loratong lwa ga Rraagwe?

3 Re ka bona karabo ya potso eo mo mafokong a ga Jesu ka boene, ao a a buileng mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo a le mo lefatsheng. O ne a re: “Fa lo boloka ditaelo tsa me, lo tla nnela ruri mo loratong lwa me, fela jaaka ke bolokile ditaelo tsa ga Rara mme ka nnela ruri mo loratong lwa gagwe.” (Joh. 15:10) Go bonala sentle gore Jesu o ne a itse gore o ne a tshwanetse go latela ditaelo tsa ga Jehofa e le gore a amogelwe ke Rraagwe. Mme fa Morwa yo o itekanetseng wa Modimo a ne a dira jalo, a le rona ga re a tshwanela go dira jalo?

4, 5. (a) Ke tsela efe ya konokono e re ka bontshang ka yone gore re rata Jehofa? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go gana go ikobela ditaelo tsa ga Jehofa?

4 Tsela ya konokono e re bontshang gore re rata Jehofa ka yone ke ka go mo ikobela. Moaposetoloi Johane o ne a tlhalosa jaana: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Joh. 5:3) Gone ke boammaaruri gore kgang ya go nna kutlo ga e ratege go le kalo gompieno. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko polelwana eno: “Mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” Jehofa ga a re kope gore re dire sengwe se se tla nnang boima thata mo go rona.

5 Ka sekai: A o ne o ka kopa tsala e o e ratang gore e sikare sengwe se o itseng gore se bokete thata gore e ka se tsholetsa? Nnyaa le eseng! Jehofa o pelonomi thata go re feta e bile o tlhaloganya makoa a rona. Baebele e re tlhomamisetsa gore Jehofa o “gakologelwa gore re lorole.” (Pes. 103:14) A ka se batle gore re dire dilo tse re ka se kang ra di kgona. Ka jalo ga re a tshwanela go gana go ikobela ditaelo tsa ga Jehofa. Mo boemong jwa moo, re tsaya gore go ikobela Rraarona yo o kwa legodimong go re naya sebaka se se molemo sa go bontsha gore ruri re a mo rata e bile re batla go nna re le mo loratong lwa gagwe.

Mpho e e Kgethegileng e e Tswang Kwa go Jehofa

6, 7. (a) Segakolodi ke eng? (b) Tshwantsha kafa segakolodi se ka re thusang ka teng gore re nne re le mo loratong lwa Modimo.

6 Mo lefatsheng le le raraaneng le re tshelang mo go lone, re tshwanetse go dira ditshwetso tse dintsi malebana le go ikobela Modimo. Re ka tlhomamisa jang gore ditshwetso tseno di tsamaisana le thato ya Modimo? Jehofa o re neile mpho e e ka re thusang thata mo kgannyeng eno ya go nna kutlo. O re neile segakolodi. Segakolodi ke eng? Ke bokgoni jo bo kgethegileng jwa go sekaseka maikutlo a rona le ditiro tsa rona. Se tshwana le moatlhodi yo o mo teng ga rona, yo o re thusang go sekaseka dilo tse re di tlhophang mo botshelong kgotsa go akanya ka ditiro tse re setseng re di dirile le go di sekaseka gore a di molemo kgotsa di bosula, a di siame kgotsa di phoso.—Bala Baroma 2:14, 15.

7 Re ka dirisa segakolodi sentle jang? Akanya ka sekai seno. Motho yo o tsamayang ka dinao o ralala naga e kgolo. Ga go na ditselana, ga go na ditsela tse dikgolo e bile ga go na matshwao a tsela. Le fa go ntse jalo, o tsamaya ka iketlo mme kgabagare o goroga kwa a yang teng. O kgona jang? O na le mmapa o o mo kaelang. Ditlhaka tsa one di bonala sentle e bile lefelo le a yang kwa go lone le bonala sentle mo go one. Fa a sa latele mmapa ono, a ka latlhega gotlhelele. Ka tsela e e tshwanang, gantsi motho yo o se nang segakolodi a ka latlhega gotlhelele fa a leka go dira ditshwetso tse di amang boitsholo, tse di amanang le go dira dilo ka tsela e e tshwanetseng, le go dira ditshwetso tse di siameng.

8, 9. (a) Re tshwanetse go gopola ditsela dife tse segakolodi sa rona se tlhaelang mo go tsone? (b) Ke eng se re ka se dirang go tlhomamisa gore segakolodi sa rona se re solegela molemo tota?

8 Mme fela jaaka mmapa, segakolodi se na le mo se tlhaelang teng. Fa motho yo o tsamayang ka dinao a ka latela mmapa o o sa bonaleng sentle a ka latlhega. Ka tsela e e tshwanang, go ne go ka diragalang fa re ne re ka letlelela gore dikeletso tsa pelo ya rona e nne tsone tsa botlhokwa thata mo botshelong? Dikeletso tsa rona tsa bogagapa di ka latlha segakolodi sa rona. Baebele e re tlhagisa gore “pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jer. 17:9; Dia. 4:23) Mo godimo ga moo, fa motho yo o tsamayang ka dinao a sa latele mmapa a bo a tsaya tsela e ene a bonang e siame, a ka latlhega. Ka tsela e e tshwanang, fa re sa ikaege ka kaelo e e tlhomameng e e sa fetogeng ya Lefoko la Modimo, Baebele, segakolodi sa rona se ka se re thuse ka sepe. (Pes. 119:105) Ka maswabi, batho ba le bantsi mo lefatsheng leno ba tseela dikeletso tsa pelo kwa godimo thata mme ga ba na sepe le melao e e beilweng mo Lefokong la Modimo. (Bala Baefeso 4:17-19.) Ke sone se batho ba le bantsi jaana ba dirang dilo tse di maswe, ba ntse ba na le segakolodi.—1 Tim. 4:2.

9 Re tshwanetse ra ititaya sehuba gore re se ka ra dira jalo! Go na le moo, a re tsweleleng re letla gore Lefoko la Modimo le rute le go thapisa segakolodi sa rona gore se tle se re solegele molemo tota. Re tshwanetse go latela segakolodi sa rona se se thapisitsweng ka Baebele mo boemong jwa go itetla go laolwa ke dikeletso tsa bogagapa. Go ntse go le jalo, re tshwanetse go leka go tlotla digakolodi tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang ba ba mo phuthegong. Re leka ka natla gore re se ka ra ba kgopisa, re ntse re gopotse gore segakolodi sa mokaulengwe wa rona se ka tswa se mo thibela go dira dilo dingwe tse rona re kgonang go di dira.—1 Bakor. 8:12; 2 Bakor. 4:2; 1 Pet. 3:16.

10. Jaanong re tla tlotla ka maemo afe a mararo mo botshelong?

10 Jaanong a re sekasekeng maemo a mararo mo botshelong a re ka bontshang gore re rata Jehofa ka go nna kutlo mo go one. Gone ke boammaaruri gore segakolodi se tla bereka mo maemong ano otlhe, mme se tshwanetse go kaelwa thata ke melao ya Modimo ya boitsholo e e theilweng mo Baebeleng. Ditsela tse tharo tse re ka ikobelang Jehofa ka lorato ka tsone ke tseno: (1) Re rata ba Jehofa a ba ratang, (2) re bontsha gore re tlotla batho ba ba nang le taolo e bile re (3) leka go nna re le phepa mo matlhong a Modimo.

Rata Batho ba Jehofa a ba Ratang

11. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rata batho ba Jehofa a ba ratang?

11 Sa ntlha, re tshwanetse go rata batho ba Jehofa a ba ratang. Fa go tliwa mo go dirisaneng le ba bangwe, batho ba tshwana le dipontšhe. Re monya sengwe le sengwe se se gaufi le rona. Mmopi wa rona o itse kafa go dirisana le batho ba bangwe go ka nnang kotsi—kgotsa ga thusa—ka teng mo bathong ba ba sa itekanelang. Ka jalo, o re naya kgakololo eno e e botlhale: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Dia. 13:20; 1 Bakor. 15:33) Ga go na ope wa rona yo o batlang gore dilo ‘di se ka tsa mo tsamaela sentle.’ Mongwe le mongwe wa rona o batla go “nna botlhale.” Ga go na ope yo o ka dirang gore Jehofa a nne botlhale go feta kafa a leng botlhale ka teng, e bile a ka se tsamaye a tlhotlheleditswe ke ope go dira bosula. Le fa go ntse jalo, o re tlhomela sekao se se molemo thata mo kgannyeng ya ditsala. Akanya fela—ke batho ba mofuta ofe ba ba sa itekanelang ba Jehofa a ba tlhophang gore e nne ditsala tsa gagwe?

12. Jehofa o tlhopha ditsala tse di ntseng jang?

12 Jehofa o ne a bitsa tlhogo ya lotso e bong Aborahame a re “tsala ya me.” (Isa. 41:8) Monna yono e ne e le sekao se se molemo thata sa go ikanyega, go nna tshiamo le go nna kutlo—e ne e le monna wa tumelo. (Jak. 2:21-23) Jehofa o tlhopha tsala e e ntseng jalo. Le gompieno o tlhopha batho ba ba ntseng jalo gore e nne ditsala tsa gagwe. Fa Jehofa a tlhopha ditsala tse di ntseng jalo, a ga go botlhokwa gore le rona re tlhophe sentle, re bue le batho ba ba botlhale gore re nne botlhale?

13. Fa go tliwa mo kgannyeng ya go tlhopha ditsala, ke eng se se ka re thusang go tlhopha sentle?

13 Ke eng se se ka go thusang go tlhopha sentle mo ntlheng eno? Go ithuta ka dikai tse di mo Baebeleng go ka re rotloetsa. Akanya ka botsala jwa ga Ruthe le Naomi matsalaagwe, jwa ga Dafide le Jonathane, le jwa ga Timotheo le Paulo. (Ruthe 1:16, 17; 1 Sam. 23:16-18; Bafil. 2:19-22) Batho bano e ne e le ditsala tse di utlwanang ka ntlha ya lebaka leno la konokono: Ba ne ba rata Jehofa ka lorato lwa mmatota. A o ka bona ditsala tse di ratang Jehofa fela jaaka wena? Tlhomamisega gore phuthego ya Bokeresete e tletse ka batho ba ba ntseng jalo ba e ka nnang ditsala tsa gago. Ditsala tse di ntseng jalo di ka se go gogele mo ditirong dipe tse di ka senyang kamano ya gago le Modimo. Go na le moo, di tla go thusa gore o ikobele Jehofa, o gole semoyeng, mme o jalele moya. (Bala Bagalatia 6:7, 8.) Di tla go thusa gore o nne o le mo loratong lwa Modimo.

Tlotla Taolo

14. Ke dilo dife tse gantsi di dirang gore go nne boima gore re tlotle batho ba ba nang le taolo?

14 Tsela ya bobedi e re bontshang gore re rata Jehofa ka yone e amana le taolo. Re tshwanetse go tlotla batho ba ba nang le taolo. Ke ka ntlha yang fa go a tle go nne bokete gore re dire jalo? Sa ntlha, batho ba ba neilweng taolo ga ba a itekanela. Mo godimo ga moo, rona ka borona ga re a itekanela. Re lwa le maikutlo a go tsuologa a re tsalwang re na le one.

15, 16. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re tlotle batho ba Jehofa a ba neileng maikarabelo a go tlhokomela batho ba gagwe? (b) Re ithuta eng sa botlhokwa mo tseleng e Jehofa a neng a leba go tsuologa ga Baiseraele ka yone fa ba ne ba tsuologela Moshe?

15 Mme o ka ipotsa gore, ‘Fa e le gore go tlotla taolo go boima jaana, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go go dira?’ Karabo e amana thata le kgang ya bolaodi. Ke mang yo o tla mo tlhophang gore e nne molaodimogolo le mmusi wa gago? Fa re tlhopha Jehofa gore e nne ene Molaodimogolo wa rona, re tshwanetse go tlotla taolo ya gagwe. Fa re sa dire jalo, a tota re ka mmitsa Mmusi wa rona? Mo godimo ga moo, gantsi Jehofa o dirisa batho ba ba sa itekanelang go diragatsa taolo ya gagwe, a ba naya maikarabelo a gore ba tlhokomele batho ba gagwe. Fa re ne re ka tsuologela batho bao, Jehofa o ne a ka leba ditiro tsa rona jang?—Bala 1 Bathesalonika 5:12, 13.

16 Ka sekai, fa Baiseraele ba ne ba ngongorega ba bo ba tsuologela Moshe, Jehofa o ne a tsaya gore ba ne ba ngongoregela ene e bile ba tsuologela ene. (Dipa. 14:26, 27) Modimo ga a fetoga. Fa re ne re ka tsuologela batho bao a ba neileng taolo, re ne re tla bo re tsuologela ene!

17. Re tshwanetse go leka go nna le boikutlo bofe jo bo siameng ka batho ba ba nang le taolo mo phuthegong?

17 Moaposetoloi Paulo o senola boikutlo jo bo siameng jo re tshwanetseng go nna le jone ka batho ba ba nang le taolo mo phuthegong ya Bokeresete. O ne a kwala jaana: “Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe, gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona jaaka ba ba tla ikarabelelang; gore ba dire jalo ka boipelo mme e seng ka go fegelwa, gonne seno se ne se tla lo gobatsa.” (Baheb. 13:17) Gone ke boammaaruri gore re tshwanetse go tsaya matsapa tota gore re nne le moya wa go nna kutlo le wa go ikoba. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore re leka go nna re le mo loratong lwa Modimo. A oo ga se mokgele o re tshwanetseng go o tseela matsapa fela thata?

Nna o le Phepa mo Matlhong a ga Jehofa

18. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a batla gore re nne re le phepa?

18 Tsela ya boraro e re bontshang ka yone gore re rata Jehofa ke gore re leka go nna re le phepa mo matlhong a gagwe. Gantsi batsadi ba dira ka natla go tlhomamisa gore bana ba bone ba nna ba le phepa. Ka ntlha yang? Sa ntlha, go botlhokwa gore ngwana a nne phepa gore a tle a nne le botsogo jo bo molemo. Mo godimo ga moo, fa ngwana a le phepa, seo se bontsha gore o na le batsadi ba ba lorato le ba ba mo tlhokomelang. Fela jalo, Jehofa le ene o batla gore re nne phepa. O itse gore bophepa bo tla re thusa gore re nne le botsogo jo bo siameng. Gape Rraarona yo o kwa legodimong o itse gore bophepa jwa rona bo dira gore batho ba mo tlotle. Seo se botlhokwa thata ka gonne batho ba ka rata go direla Modimo yo re mo direlang, ka gonne ba lemoga kafa re farologaneng thata ka teng le lefatshe leno le le leswe.

19. Re itse jang gore go nna phepa mo mmeleng go botlhokwa?

19 Re tshwanetse go nna re le phepa ka ditsela dife? Mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa rona. Kwa Iseraele wa bogologolo, Jehofa o ne a tlhalosetsa batho ba gagwe sentle gore bophepa jwa mo mmeleng bo botlhokwa. (Lefi. 15:31) Molao wa ga Moshe o ne o bua ka dilo tse di jaaka go latlha leswe, go ntlafatsa dijana le go tlhapa diatla le maoto le go tlhatswa diaparo. (Ekes. 30:17-21; Lefi. 11:32; Dipa. 19:17-20; Dute. 23:13, 14) Baiseraele ba ne ba gopodiwa gore Modimo wa bone, Jehofa, o boitshepo—ke gore o “phepa” e bile o “itshekile.” Batlhanka ba Modimo yo o boitshepo le bone ba tshwanetse go nna boitshepo.—Bala Lefitiko 11:44, 45.

20. Re tshwanetse go nna re le phepa ka ditsela dife?

20 Ka jalo, re tshwanetse go nna phepa mo teng le kafa ntle. Re leka go boloka megopolo ya rona e le phepa. Ka metlha re latela ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa go nna phepa mo boitsholong, le fa lefatshe le re leng mo go lone le na le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Sa botlhokwa le go feta, re tlhomamisa gore kobamelo ya rona e nna e le phepa, re sa kgotlelwe ka gope ke bodumedi jwa maaka. Re nna re gopotse tlhagiso eno e e tlhotlheleditsweng e e mo go Isaia 52:11: “Retologang, retologang, tswang koo, lo se ka lwa ama sepe se se seng phepa; tswang mo gare ga gagwe, ipolokeng lo le phepa.” Gompieno re nna re le phepa semoyeng ka go tila go ikamanya le sepe se Rraarona yo o kwa legodimong a se tsayang e le bodumedi jwa maaka. Ka sekai, ke gone ka moo re tilang mekete le malatsi a boikhutso a a amanang le bodumedi jwa maaka a a rategang thata mo lefatsheng gompieno. Ke boammaaruri gore go nna re le phepa go tlhoka go tseelwa matsapa. Mme batho ba ga Jehofa ba leka go nna ba le phepa ka gonne go dira jalo go ba thusa gore ba nne ba le mo loratong lwa Modimo.

21. Re ka dira jang go tlhomamisa gore re tla nna re le mo loratong lwa Modimo?

21 Jehofa o batla gore re nne re le mo loratong lwa gagwe ka bosakhutleng. Mme rotlhe re tshwanetse go tlhomamisa gore re dira bojotlhe jwa rona gore re nne re le mo loratong lwa Modimo. Re ka dira seno ka go latela sekao sa ga Jesu le ka go supa gore re rata Jehofa ka go ikobela ditaelo tsa Gagwe. Fa re dira jalo re ka tlhomamisega gore ‘ga go sepe se se tla re kgaoganyang le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.’—Bar. 8:38, 39.

A o A Gakologelwa?

• Segakolodi sa rona se ka re thusa jang gore re nne re le mo loratong lwa Modimo?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rata batho ba Jehofa a ba ratang?

• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go tlotla batho ba ba nang le taolo?

• Bophepa bo botlhokwa go le kana kang mo bathong ba Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

BUKA E E KGOTHALETSANG BOITSHWARO JO BO MOLEMO

Ka kopano ya kgaolo ya 2008/2009 go ne ga gololwa buka ya ditsebe tse 224 ya setlhogo se se reng “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo.” Boikaelelo jwa buka eno e ntšha ke bofe? E diretswe go thusa Bakeresete gore ba itse melao ya ga Jehofa ba bo ba e rate, mme e remeletse thata mo boitshwarong jwa Bokeresete. Go ithuta buka ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo” ka kelotlhoko go tla nonotsha tumelo ya rona ya gore go tshela go dumalana le melao ya ga Jehofa ke yone tsela e e molemolemo ya go tshela gone jaanong mme go isa kwa botshelong jo bo sa khutleng mo isagweng.

Mo godimo ga moo, buka eno e diretswe go re thusa go bona gore go ikobela Jehofa ga se mokgweleo. Go na le moo, ke tsela ya go bontsha Jehofa ka fa re mo ratang thata ka teng. Ka jalo, buka eno e tla re tlhotlheletsa go ipotsa jaana, ‘Ke ka ntlha yang fa ke ikobela Jehofa?’

Fa bangwe ba dira phoso e e utlwisang botlhoko ya go tlogela lorato lwa ga Jehofa, gantsi bothata e a bo e le boitshwaro, e se dithuto. Ka jalo, a bo go le botlhokwa jang ne gore re nonotshe tsela e re ratang le go anaanela ka yone melao le melaometheo ya ga Jehofa e e re kaelang mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi! Re tlhomamisegile gore kgatiso eno e ntšha e tla thusa batho ba ga Jehofa ba sekadinku mo lefatsheng lotlhe gore ba eme ba nitame ba emela se se siameng, ba supe fa Satane e le moaki, mme sa botlhokwa le go feta, ba nne ba le mo loratong lwa Modimo!—Jude 21.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

“Fa lo boloka ditaelo tsa me, lo tla nnela ruri mo loratong lwa me, fela jaaka ke bolokile ditaelo tsa ga Rara mme ka nnela ruri mo loratong lwa gagwe”