Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Jehofa o Dirile Gore Sefatlhego sa Gagwe se ba Phatsimele’

‘Jehofa o Dirile Gore Sefatlhego sa Gagwe se ba Phatsimele’

‘Jehofa o Dirile Gore Sefatlhego sa Gagwe se ba Phatsimele’

SEFATLHEGO sa motho se na le mesifa e feta 30. Fa o nyenya, o dirisa mesifa e le 14! Akanya fela gore o ne o tla tlotla jang ntle le mesifa eno. A o ne o tla tlotla monate? Le e seng. Le fa go ntse jalo, mo bathong ba ba sa utlweng mo ditsebeng, mesifa ya sefatlhego ga e natetshe metlotlo fela. Fa e dirisiwa mmogo le go itshikinya mmele, e thusa thata gore motho a tlhalose dikakanyo le dikgopolo tsa gagwe. Batho ba bantsi ba ne ba gakgamadiwa ke go bona kafa puo ya diatla e kgonang go tlhalosa le e leng dikgopolo tse di raraaneng ka teng mmogo le bokao bongwe le bongwe fela jwa se se buiwang.

Bosheng jaana, batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng mo lefatsheng lotlhe ba kgonne go bona sefatlhego se se kgonang go bontsha maikutlo a a farologaneng go feta sa motho le fa e le ope. Fa re bua ka tsela ya tshwantshetso re ka re, ba bone “sefatlhego sa ga Jehofa.” (Dikhu. 2:19) Mme seo ga se a itiragalela fela. Jehofa ga a bolo go bontsha gore o rata batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. O ne a dira seo le e leng mo nakong e e fetileng mo setšhabeng sa bogologolo sa Iseraele. (Lefi. 19:14) Gape lorato lwa gagwe lo ile lwa bonala sentle mo bathong ba ba sa utlweng mo ditsebeng le mo metlheng ya gompieno. “Thato ya [Modimo ke] gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Ka go nna le kitso e e leng yone e e boammaaruri ka Modimo, batho ba le bantsi ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ile ba kgona go bona sefatlhego sa gagwe ka tsela ya tshwantshetso. Ba kgonne go dira seno jang ba sa utlwe? Pele re araba potso eo, a re sekasekeng gore ke ka ntlha yang fa puo ya diatla e le botlhokwa mo bathong ba ba sa utlweng mo ditsebeng.

Ba Utlwa ka go Bona

Go na le dilo tse dintsi tse di phoso tse batho ba di dumelang ka puo ya diatla le ka batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Mma re tlhamaletseng dingwe tsa tsone. Batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba kgona go kgweetsa dikoloi. Go thata gore ba tlhaloganye motho ka go mo leba molomo fa a bua. Puo ya diatla ga e tshwane ka gope le mokwalo wa difofu, e bile ga se go tsamaisa diatla fela. Ga go na puo ya diatla e e tlhaloganngwang mo lefatsheng lotlhe. Mo godimo ga moo, batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba dirisa dipuo tse di farologaneng go se kae le tsa ba bangwe go ya ka mafelo a ba tswang kwa go one.

A batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba kgona go bala? Le fa ba bangwe ba kgona go bala sentle, boammaaruri ke gore bontsi jwa bone ba tshwara bothata fa ba bala. Ka ntlha yang? Ka gonne se se kwadilweng mo pampiring se tswa mo puong e e buiwang. Akanya kafa ngwana yo o kgonang go utlwa a ithutang puo ka teng. Go tloga fa ngwana a tsholwa, o a bo a dikologilwe ke batho ba ba buang puo ya lefelo leo. Go ise go ye kae, o tla bo a setse a itse go kopanya mafoko a bopa diele. Seno se itlela fela ka gonne a utlwa puo e e buiwang. Ka jalo, fa bana ba ba utlwang mo ditsebeng ba simolola go ithuta go bala, ba ithuta fela gore ditlhaka tse di mo pampiring di tsamaisana le medumo le mafoko a ba setseng ba a itse.

Jaanong akanya fela o le kwa nageng e sele o le mo phaposing ya galase e e diretsweng gore o se ka wa utlwa medumo epe e e kwa ntle fa o le mo go yone. Ga o ise o ko o utlwe puo ya lefelo leo e buiwa. Letsatsi le letsatsi, batho ba lefelo leo ba tla kwa go wena ba bo ba leka go bua le wena ba le ka kwa ga galase. Ga o kgone go utlwa gore ba reng. O bona fela ka go tshikinyega ga dipounama tsa bone gore ba a bua. Fa ba lemoga gore ga o ba tlhaloganye, ba kwala mafoko one ao mo pampiring ba bo ba e baya mo galaseng gore o bone se ba se kwadileng. Ba akanya gore o tla kgona go tlhaloganya se ba se kwadileng. O akanya gore o ne o tla tlhaloganya go le kana kang? Go ne go tla nna thata go buisana le bone mo seemong seno. Ka ntlha yang? Ka gonne go kwadilwe puo e o iseng o tsamaye o utlwe e buiwa. Jono ke jone boemo jo batho ba bantsi ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba iphitlhelang ba le mo go jone.

Puo ya diatla ke tsela e e molemo thata ya go bua ya batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Motho o dira matshwao ka diatla go tlhalosa se a batlang go se bua. Tsela e a tsamaisang matsogo, diatla le mmele wa gagwe ka yone mmogo le tebego ya sefatlhego sa gagwe di latela melao ya thutapuo ya puo ya diatla. Eo ke puo e e kgonang go bonwa ka matlho e e dirang gore motho a kgone go fetisetsa tshedimosetso mo go yo o mo lebileng.

Tota e bile, mo e batlang e nna sengwe le sengwe se motho yo o sa utlweng mo ditsebeng a se dirang ka diatla, ka mmele, le ka sefatlhego fa a ntse a bua ka diatla, se na le bokao. Tebego ya sefatlhego ga e fetolwe fela go kgatlha batho. Ke karolo ya botlhokwa ya thutapuo ya puo ya diatla. Ka sekai: Fa motho a botsa potso a tsholeditse dintshi seo se ka bontsha gore ke potso e e batlang gore motho a akanye mme e sa batle karabo, kgotsa ke potso e e batlang gore motho a arabe ka ee kgotsa nnyaa. Fa a botsa a digile dintshi, seno se ka kaya dipotso tse di jaaka mang, eng, kae, leng, ka ntlha yang, kgotsa jang. Tsela e e rileng ya go tshikinya molomo e ka kaya bogolo jwa sengwe kgotsa selekanyo se tiro nngwe e dirwang ka sone. Tsela e motho yo o sa utlweng mo ditsebeng a tsamaisang tlhogo ka yone, kafa a tsholetsang magetla a gagwe ka teng, kafa a tsamaisang marama le kafa a bonyang ka teng, tsotlhe di tsenya bokao jo bo rileng mo go se a se tlhalosang.

Dilo tseno tsotlhe fa di kopane di thusa motho yo o lebileng go tlhaloganya kgang ka tsela e e monate. Fa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba itseng puo ya diatla sentle ba dirisa mofuta ono wa puisano, ba ka kgona go tlhalosa kgang le fa e le efe—e ka tswa e le poko kgotsa kgang nngwe ya botegeniki, e ka tswa e le kgang ya marato kgotsa metlae, e ka tswa e le dilo tse o kgonang go di bona kgotsa go di tshwara, kgotsa e le dilo tse o ka se kgoneng go di bona kgotsa go di tshwara.

Dikgatiso Tsa Puo ya Diatla di a Thusa

Fa kitso ya ga Jehofa e tlhalosiwa ka puo ya diatla, tota motho yo o sa utlweng mo ditsebeng a ka kgona go utlwa molaetsa mme a bo a “dumela” mo go yo tota molaetsa o tswang kwa go ene. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba tsere matsapa go rerela batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng lefatshe ka bophara le go ba naya dikgatiso tse di ka ba solegelang molemo. (Bar. 10:14) Gone jaanong, go na le ditlhopha di le 58 tsa baranodi ba puo ya diatla mo lefatsheng lotlhe, mme dikgatiso tsa puo ya diatla ka DVD jaanong di teng ka dipuo di le 40 tsa diatla. A tiro eno yotlhe e nnile le matswela a a molemo?

Jeremy, yo batsadi ba gagwe ka bobedi ba sa utlweng mo ditsebeng, a re: “Ke gopola Rre a fetsa nako e ntsi a le mo kamoreng a leka ka natla go tlhaloganya dirapa di se kae fela mo makasineng wa Tora ya Tebelo. O ne a tswa ka lobelo mo kamoreng mme a bua ka diatla a itumetse a re: ‘Ke tlhalogantse! Ke tlhalogantse!’ Go tswa foo o ne a ntlhalosetsa se a se badileng. Ke ne ke na le dingwaga di le 12 fela ka nako eo. Ke ne ka bala dirapa tseo ka bonako mme ka mmolelela ka puo ya diatla ka re: ‘Papa, ga ke akanye gore go tewa jalo. Go tewa gore . . . ’ O ne a nkaela gore ke eme pele a bo a boela mo kamoreng a ya go leka go bona ka boene gore tota se se kwadilweng se kaya eng. Nka se lebale tsela e a neng a lebega a kgobegile marapo ka yone le tsela e ke neng ke ikutlwa ke mo anaanela ka yone fa ke ne ke mo lebile a boela mo kamoreng. Le fa go ntse jalo, go nna le dikgatiso tsa puo ya diatla tsa DVD go dirile gore jaanong a kgone go tlhaloganya tshedimosetso botoka thata. Ke itumedisiwa thata ke go bona sefatlhego sa gagwe se phatsima ka boitumelo fa a tlhalosa kafa a ikutlwang ka teng ka Jehofa.”

Akanya gape ka se se diragaletseng banyalani bangwe ba Basupi ba ba neng ba bua le Jessenia, morweetsana yo o sa utlweng mo ditsebeng wa kwa Chile. Morago ga gore mmaagwe a ba letle go bontsha Jessenia My Book of Bible Stories—On DVD [DVD ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela] ka Puo ya Diatla ya kwa Chile, ba ne ba bega jaana: “Fa Jessenia a simolola go leba DVD eno, o ne a simolola go tshega a bo a tsholola dikeledi. Fa mmaagwe a mmotsa gore o lelela eng, o ne a re o rata se a se lebileng. Mme mmaagwe o ne a lemoga gore o ne a kgona go tlhaloganya sengwe le sengwe se a neng a se bona mo kgatisong eo ya DVD.”

Mosadi mongwe yo o sa utlweng mo ditsebeng yo o nnang kwa metseselegaeng ya kwa Venezuela o ne a na le ngwana a le mongwe, mme o ne a imile wa bobedi. Ene le monna wa gagwe ba ne ba akanya gore ba ka se kgone go godisa ngwana wa bobedi ka ntlha ya maemo a itsholelo, ka jalo ba ne ba akanyetsa go senya mpa. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba etela banyalani bano, mme le fa ba ne ba sa itse gore banyalani bano ba ne ba akanyetsa go senya mpa, ba ne ba ba bontsha thuto 12 ya bidio ya Modimo o Batla Gore re Direng? ka Puo ya Diatla ya Venezuela. Thuto eno e tlhalosa kafa Modimo a lebang go senya mpa le go bolaya ka teng. Moragonyana, mosadi yono o ne a bolelela Basupi bao gore o lebogela go bo a ithutile thuto eo. O ne a re ka ntlha ya seo ba ne ba sweditse ka gore ba se ka ba senya mpa. Botshelo jwa ngwana yo o iseng a tsholwe bo ne jwa bolokwa ka thuso ya DVD ya puo ya diatla!

Mosupi mongwe yo o sa utlweng mo ditsebeng e bong Lorraine a re: “Fa ke simolola go ithuta Baebele go ne go na le dilo tse dintsi tse ke neng ke sa di tlhaloganye ka botlalo. Le fa go ntse jalo, fa boammaaruri jwa Baebele bo ntse bo gatisiwa ka puo ya diatla ke ne ka simolola go tlhaloganya dilo sentle.” George, yo o sa utlweng mo ditsebeng e bile a na le dingwaga di le 38 e le Mosupi, a re: “Ga go pelaelo gore fa o kgona go tlhaloganya kgang ka bowena, seo se dira gore o itlotle mme o itshepe. Ke dumela gore di-DVD tsa puo ya diatla di nthusitse thata gore ke gole semoyeng.”

“Dipokano Di ne Di Tshwarwa ka Puo ya Me!”

Mo godimo ga dikgatiso tse di leng teng tsa puo ya diatla, Basupi ba ga Jehofa ba rulagantse gore go nne le diphuthego tse di tla tshwarang dipokano ka puo ya diatla fela. Gompieno go na le diphuthego tsa puo ya diatla di feta 1 100 mo lefatsheng lotlhe. Batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba beelwa dipuo ka puo ya bone, mme boammaaruri jwa Baebele bo rutiwa ka tsela e motho yo o sa utlweng mo ditsebeng a akanyang ka yone—ka puo ya gagwe. Bo tlhalosiwa ka tsela e e bontshang go tlotla tsela e a tlwaetseng go dira dilo ka yone le maitemogelo a gagwe mo botshelong.

A go tlhomiwa ga diphuthego tsa puo ya diatla go nnile le matswela a a molemo? Akanya ka se se ileng sa diragalela Cyril yo o neng a kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa ka 1955. Go ne go fetile dingwaga tse dintsi a ithuta ka tlhoafalo a dirisa dibuka le dimakasine e bile a ya dipokanong tsa Bokeresete ka metlha. Ka dinako tse dingwe baranodi ba puo ya diatla ba ne ba le teng mme ka dinako tse dingwe ba ne ba seyo. Fa ba seyo, o ne a ikaega ka Basupi ba ba neng ba leka go mo thusa ka lorato ka go mo kwalela dintlha tsa se se neng se buiwa kwa seraleng. Kgabagare ka 1989, a na le dingwaga di le 34 e le Mosupi, go ne ga tlhomiwa phuthego ya ntlha ya puo ya diatla kwa United States kwa New York City. E re ka Cyril e ne e le leloko la phuthego eo, o ne a ikutlwa jang? “Go ne go tshwana le go tswa mo sekgweng, kgotsa go tswa mo mogogorong o o lefifi o tsena mo leseding. Dipokano di ne di tshwarwa ka puo ya me!”

Kwa diphuthegong tsa puo ya diatla tsa Basupi ba ga Jehofa, batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ka kopana ka metlha ba bo ba ithuta ka Modimo le go mo obamela. Ke gone kwa batho ba Modimo ba ka ikagang le go kgothadiwa teng. E re ka batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba sa kgone go tlotla le go tsalana le batho ba bangwe, diphuthego tseno di ba naya sebaka se se molemo sa go tlotla le go dira ditsala. Fa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba le mo diphuthegong tseno, ba kgona go ithuta, go gola semoyeng le go dira bojotlhe ba direla Jehofa. Basupi ba bantsi ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba kgonne go nna bareri ba nako e e tletseng. Ba bangwe ba ile ba fudugela kwa dinageng tse dingwe go ya go thusa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng gore ba ithute ka ga Jehofa. Banna ba Bakeresete ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ithuta go nna barutisi ba ba ditswerere, go rulaganya dilo le go disa letsomane mme ba bantsi ba kgona go tshwanelegela go sikara maikarabelo mo phuthegong.

Kwa United States, go na le diphuthego tsa puo ya diatla di feta 100 le ditlhopha di ka nna 80. Kwa Brazil, go na le diphuthego tsa puo ya diatla di ka nna 300 le ditlhopha di feta 400. Go na le diphuthego tsa puo ya diatla tse di batlang di tshwara 300 kwa Mexico. Russia e na le diphuthego tse di fetang 30 tsa puo ya diatla le ditlhopha di le 113. Tseno ke dingwe tsa dikai tsa koketsego e e diregang mo lefatsheng lotlhe.

Gape Basupi ba ga Jehofa ba tshwara dikopano tse dinnye le tse dikgolo ka puo ya diatla. Ngogola, go ile ga tshwarwa dikopano tse dikgolo di feta 120 mo lefatsheng lotlhe ka dipuo tse dintsi tse di farologaneng tsa diatla. Dikopano tseno di dira gore Basupi ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba bone gore le bone ke karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jwa Bokeresete jo bo solegelwang molemo ke dijo tse di mo nakong tsa semoya.

Leonard ga a utlwe mo ditsebeng mme o na le dingwaga di feta 25 e le Mosupi wa ga Jehofa. A re: “Ga ke bolo go itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri. Le fa go ntse jalo, ke ne ke ntse ke sa tlhaloganye sentle gore ke ka ntlha yang fa a letleletse pogo. Ka dinako tse dingwe, seno se ne se dira gore ke mo galefele. Mme ke ne ka thusiwa ke puo nngwe kwa kopanong ya kgaolo ya puo ya diatla go tlhaloganya mabaka a go bo a letleletse pogo. Fa puo e fela, mosadi wa me o ne a nja ka sekgono a bo a mpotsa a re, ‘A o kgotsofetse?’ Ke ne ka kgona go bua boammaaruri ke re ee! Ke itumelela gore ga ke a ka ka latlha Jehofa, mo dingwageng tseno tse 25. Ke ne ke ntse ke mo rata mme ke sa kgone go mo tlhaloganya. Jaanong ke mo tlhaloganya sentle!”

Ba a Anaanela

Batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba bona eng ka tsela ya tshwantshetso mo sefatlhegong sa ga Jehofa fa ba ithuta ka ga gagwe? Ba bona lorato, kutlwelobotlhoko, tshiamiso, boikanyegi, bopelonomi jwa lorato—le tse dingwe tse dintsintsi.

Batho botlhe ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba e leng Basupi mo lefatsheng lotlhe ba bona sefatlhego sa ga Jehofa mme ba tla tswelela ba se bona sentle go feta pele. E re ka Jehofa a rata batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng, o dirile gore ‘sefatlhego sa gagwe se ba phatsimele.’ (Dipa. 6:25) A bo batho bano ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba anaanela thata jang ne go bo ba itse Jehofa!

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Go na le diphuthego di feta 1 100 tsa puo ya diatla mo lefatsheng lotlhe

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Jehofa o dirile gore sefatlhego sa gagwe se phatsimele batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng