Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tila go Iteega Tsebe mo ‘Letsatsing Leno la Dikgang Tse di Molemo’

Tila go Iteega Tsebe mo ‘Letsatsing Leno la Dikgang Tse di Molemo’

Tila go Iteega Tsebe mo ‘Letsatsing Leno la Dikgang Tse di Molemo’

BALEPERO ba banè ba ne ba ipotsa gore ba ka dirang. Ga go na ope yo o neng a ba neile dimpho tsa kutlwelobotlhoko kwa kgorong ya motse. Basiria ba ba neng ba dikaganyeditse motse wa Samarea ba ne ba thibetse gore go se ka ga tlisiwa dijo dipe mo motseng. Go ne go sa thuse ka sepe gore motho a tsene mo motseng oo; ditlhwatlhwa tsa dijo di ne di le kwa godimo ka tsela e e feteletseng. Go ne go setse go begilwe gore motho o jele nama ya motho yo mongwe.—2 Dikg. 6:24-29.

Balepero ba ne ba ipotsa gore, ‘Ke eng bogolo re sa ye kwa bothibelelong jwa Basiria? Ga go thuse sepe gore re nne fano.’ Ba ne ba emelela mo go one maitseboa ao, go le lefifi mme go se na ope yo o neng a ka ba bona. Fa ba goroga mo bothibelelong, go ne go didimetse. Go ne go se na batlhokomedi. Dipitse le diesele di ne di bofilwe, mme go ne go se na masole ape. Balepero bano ba banè ba ne ba okomela mo teng ga mogope mongwe. Go ne go se na ope mo teng, mme go ne go na le dijo tse dintsi. Ba ne ba ja, ba nwa. Balepero bano ba ne ba bona gouta, selefera, diaparo le dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo. Ba ne ba tsaya tse ba neng ba di batla, ba di fitlha mme ba boela tse dingwe gape. Go ne go se na ope mo bothibelelong. Jehofa o ne a dirile kgakgamatso ya gore Basiria ba utlwe modumo wa mophato wa sesole. Ka gonne Basiria ba ne ba akanya gore ba a tlhaselwa, ba ne ba sia. Batho ba ne ba ka itseela sengwe le sengwe se se neng se le foo.

Balepero ba ne ba tsaya dilo tse di tlhwatlhwakgolo ba bo ba di fitlha. Mme e rile ba akanya ka Basamarea ba ba neng ba bolawa ke tlala, digakolodi tsa bone tsa simolola go ba tshwenya. Ba ne ba simolola go raana ba re: “Se re se dirang ga se a siama. Letsatsi leno ke letsatsi la dikgang tse di molemo!” Balepero ba ne ba boela kwa Samarea ka bonako mme ba bolelela batho dikgang tse di molemo tsa dilo tse ba di boneng.—2 Dikg. 7:1-11.

Le rona re tshela mo nakong e go ka tweng ke “letsatsi la dikgang tse di molemo.” Fa Jesu a ne a bua ka karolo e e tlhomologileng ya “sesupo . . . sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” o ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Math. 24:3, 14) Seno se tshwanetse go re ama jang?

Re ka Imelwa ke Dilo Tse re Tshwenyegang ka Tsone

Balepero ba ne ba itumetse tota ka se ba neng ba se bone mo ba neng ba lebala go sekae ka Basamarea. Ba ne ba tlhomile mogopolo mo go se ba neng ba ka se itseela. A le rona re ka diragalelwa ke se se tshwanang? “Go tlhaela ga dijo” ke karolo ya sesupo se se tshwayang nako ya bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. (Luke 21:7, 11) Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo.” (Luke 21:34) E re ka re le Bakeresete, re tshwanetse go nna kelotlhoko mme re se ka ra letla dilo tse re tshwenyegang ka tsone letsatsi le letsatsi go re lebatsa gore re tshela mo ‘letsatsing la dikgang tse di molemo.’

Mokeresete mongwe yo o bidiwang Blessing o ne a se ka a itetla go imelwa ke dilo tse a tshwenyegang ka tsone. O ne a nna mmulatsela, a wetsa dithuto dingwe tse a neng a di dira, mme morago a nyalwa ke modiredi mongwe wa Bethele, a bo a amogelwa go nna leloko la lelapa la Bethele kwa Benin. A re: “Tiro ya me ke go phepafatsa diphaposi tsa bonno, mme ke e rata fela thata.” Gone jaanong Blessing a ka leba kwa morago ka boitumelo mo dingwageng di le 12 tsa tirelo ya nako e e tletseng mme a itumelela gore o ne a tlhoma mogopolo mo ‘letsatsing la dikgang tse di molemo’ le re tshelang mo go lone gone jaanong.

Itise mo Dilong Tse di Jang Nako

Fa Jesu a ne a romela barutwa ba le 70, o ne a re: “Thobo e kgolo, eleruri, mme badiri ba mmalwa. Jalo kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Luke 10:2) Fela jaaka go diega ka nako ya thobo go ka dira gore dijalo di senyege, go itlhokomolosa go diragatsa tiro ya rona ya go rera le gone go ka felela ka gore batho ba latlhegelwe ke matshelo. Ka jalo, Jesu o ne a oketsa jaana: “Lo se ka lwa tlamparela ope fa lo dumedisa mo tseleng.” (Luke 10:4) Lefoko la puo ya ntlhantlha le le kayang go “dumedisa” le ka tswa le kaya se se fetang go re “dumela” kgotsa “tlhola sentle.” Gape le ka akaretsa go tlamparelana le go tsaya metlotlo e meleele fa ditsala di kopana. Ka jalo, Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba tile dilo tse di ka ba itayang tsebe go sa tlhokege mme ba dirise nako ya bone ka botlhale. Molaetsa o ba neng ba tshwanetse go o rera o ne o potlakile.

Akanya kafa dilo tse di itayang tsebe di ka jang nako e ntsi ka teng. Mo mafelong a mantsi thelebishene ga e bolo go nna e jela batho nako thata. Mme go tweng ka difouno tsa selula le dikhomputara? Patlisiso e e ileng ya dirwa mo bagolong ba Boritane ba le 1 000 e bontsha gore “ka kakaretso fela monni a le mongwe wa Boritane o senya metsotso e le 88 ka letsatsi a dirisa founo ya mo ntlong, mme o dirisa metsotso e mengwe e le 62 mo founong ya selula, e le 53 a romela melaetsa ka khomputara mme e le 22 a romela melaetsa ka founo ya selula.” Nako eo yotlhe fa e kopane e feta e mmulatsela yo o thusang a e fetsang a le mo bodireding letsatsi le letsatsi go menagane gabedi! Wena o senya nako e kana kang o dirisa founo, o romela melaetsa ka khomputara kgotsa ka founo ya selula?

Ernst le Hildegard Seliger ba ne ba le kelotlhoko ka tsela e ba dirisang nako ya bone ka yone. Boobabedi ba ne ba feditse palogotlhe ya dingwaga di feta 40 kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi le kwa dikgolegelong tsa Bakomonise. Fa ba sena go gololwa, ba ne ba direla e le babulatsela go fitlha ba wetsa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng.

Batho ba bantsi ba ne ba batla go ikgolaganya le boora Seligers ka go ba kwalela makwalo. Banyalani bano ba ka bo ba ile ba fetsa nako e ntsi ba bala le go kwala makwalo. Le fa go ntse jalo, dilo tsa semoya di ne di tla pele mo matshelong a bone.

Gone ke boammaaruri gore rotlhe re rata go amogela makwalo kgotsa go founelwa ke batho ba re ba ratang, e bile go dira jalo ga go phoso. Go botlhokwa gore re tlhophe ka kelotlhoko dilo tse di farologaneng tse re ikaelelang go di dira letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, re tla bo re le botlhale fa re laola ka kelotlhoko dilo tse di ka re jelang nako mo letsatsing leno la go rera dikgang tse di molemo.

Rera Dikgang Tse di Molemo ka Botlalo

Ruri go a itumedisa go tshela mo “letsatsing la dikgang tse di molemo.” Re se ka ra iteega tsebe jaaka balepero bale ba banè ba ile ba dira kwa tshimologong. Gakologelwa gore ba ne ba re: “Se re se dirang ga se a siama.” Ka tsela e e tshwanang, ga re a tshwanela go letla dilo tse re di ratang kgotsa dilo tse di ka re jelang nako di re thibela go nna le seabe ka botlalo mo bodireding.

Mo kgannyeng eno, re na le sekao se se molemo se re ka se latelang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a akantse ka dingwaga tsa gagwe tsa ntlha tse 20 a le mo bodireding: “Ke rerile dikgang tse di molemo ka botlalo ka ga Keresete.” (Bar. 15:19) Paulo ga a ka a letla sepe gore se fokotse tlhoafalo ya gagwe. A re tlhoafaleng fela jaaka ene fa re ntse re bolela molaetsa wa Bogosi mo ‘letsatsing leno la dikgang tse di molemo.’

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Blessing ga a ka a letlelela dilo tse a di ratang go mo kgoreletsa mo tirelong ya gagwe ya nako e e tletseng

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Boora Seligers ba ne ba le kelotlhoko ka tsela e ba dirisang nako ya bone ka yone