Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Kile wa Direla? A o ka Direla Gape?

A o Kile wa Direla? A o ka Direla Gape?

A o Kile wa Direla? A o ka Direla Gape?

A O KILE wa nna le tshiamelo nngwe mo phuthegong ya Bokeresete? Gongwe o ne o le motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane. O ka tswa o ne o le mo tirelong ya nako e e tletseng. Kwantle ga pelaelo o ne o itumetse tota e bile o kgotsofetse mo kabelong ya gago, mme ka mabaka mangwe o ne wa tshwanelwa ke go tlogela kabelo eo.

Gongwe o ne wa tlogela tshiamelo ya gago gore o tlhokomele maloko a lelapa. Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka tswa o ile wa tlogela ka ntlha ya bogodi kgotsa botsogo jo bo seng bontle. Fa o dirile ditshwetso tse di ntseng jalo ga go reye gore o paletswe. (1 Tim. 5:8) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Filipo o ne a direla e le morongwa, mme moragonyana o ne a nna kwa Kaesarea, kwa a neng a tlhokomela lelapa la gagwe teng. (Dit. 21:8, 9) Fa Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo a ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bogodi, o ne a rulaganya gore morwawe e bong Solomone a mo tlhatlhame mo bogosing. (1 Dikg. 1:1, 32-35) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tswelela a rata Filipo le Dafide e bile batho ba sa ntse ba ba tlotla le gompieno.

Kafa letlhakoreng le lengwe, go ka direga gore o ne wa tseelwa ditshiamelo. A e ka tswa e ne e le ka ntlha ya boitshwaro jo bo sa tshwanelang? Kgotsa e ne e le ka ntlha ya mathata a lelapa? (1 Tim. 3:2, 4, 10, 12) Gongwe o ka tswa o ne o sa dumalane le gore o tseelwe ditshiamelo, mme go ka direga gore o sa ntse o tshwere sekgopi le gompieno.

O ka Kgaratlhela Gore o Tshwanelegele go Direla Gape

A go ka se kgonege gore o boe o nne le ditshiamelo tse o neng o na le tsone pele? Mo maemong a mantsi go ka kgonega. Le fa go ntse jalo, gore o kgone go direla gape, o tshwanetse wa bo o batla go kgaratlhela go tshwanelega. (1 Tim. 3:1) Mme ke eng fa o ka batla go dira jalo? Ka ntlha ya lone lebaka le le dirileng gore o ineele mo Modimong—go rata Jehofa le ba ba mo direlang. Fa o batla go bontsha lorato loo ka go boa o direla gape, seno se tla dira gore Jehofa a dirise maitemogelo a o neng o na le one pele o tseelwa ditshiamelo le a o neng wa nna le one morago ga moo.

Gakologelwa tsela e Jehofa a neng a tlhomamisetsa Baiseraele ka yone morago ga gore setšhaba seno se latlhegelwe ke tshiamelo ya go mo direla. Lefoko la gagwe la re: “Ke nna Jehofa; ga ke a fetoga. Mme lona lo bomorwa Jakobe; ga lo a fela.” (Mal. 3:6) Jehofa o ne a rata Baiseraele e bile a eletsa go tswelela pele a ba dirisa. Le wena Jehofa o batla go go dirisa mo isagweng. Ke eng se o ka se dirang mo maemong a o leng mo go one gone jaanong? Go dira dilo tsa puso ya Modimo go ikaegile thata ka go nna le kamano e e molemo le Jehofa mme ga go a ikaega thata ka bokgoni jo o nang le jone. Le fa go ntse jalo, fa o sa ntse o se na maikarabelo a mantsi mo phuthegong, tlhoma mogopolo mo go nonotsheng kamano ya gago le Jehofa.

Gore o ‘nne thata’ mo tumelong, o tshwanetse go ‘batla Jehofa le nonofo ya gagwe.’ (1 Bakor. 16:13; Pes. 105:4) Tsela e nngwe e o ka dirang seo ka yone ke ka go rapela go tswa pelong. Fa o bua le Jehofa ka maemo a o leng mo go one, mo tlhalosetse maikutlo a gago mme o kope moya wa gagwe. Fa o dira jalo, o tla atamalana thata le Jehofa mme seo se tla go nonotsha. (Pes. 62:8; Bafil. 4:6, 13) Tsela e nngwe e o ka nonotshang kamano ya gago le Jehofa ka yone ke ka go tokafatsa tsela e o ithutang Lefoko la Modimo ka yone. Ka gonne o se na maikarabelo a mantsi gone jaanong, o ka nna wa kgona go dirisa nako e e oketsegileng o ithuta o le esi kana mo thutong ya lelapa, kgotsa go boela mo thulaganyong ya go ithuta e o ntseng o sa kgone go e latela.

Gone ke boammaaruri gore o sa ntse o emela Jehofa o le mongwe wa Basupi ba gagwe. (Isa. 43:10-12) Tshiamelo e kgolo go di gaisa tsotlhe e mongwe le mongwe wa rona a ka nnang le yone ke go nna ‘modirimmogo le Modimo.’ (1 Bakor. 3:9) Go oketsa tiro ya gago mo tirelong ya tshimo ke tsela e e molemomolemo ya go nonotsha bomoya jwa gago le jwa ba o tsamayang le bone mo bodireding.

Go Fenya Maikutlo A a Sa Siamang

Go latlhegelwa ke ditshiamelo tsa tirelo go ka nna ga dira gore o ikutlwe o tlhabiwa ke ditlhong kgotsa o ikwatlhaya. O ka tswa o na le mokgwa wa go mpampetsa se o se dirileng. Le fa go ntse jalo, go tweng fa bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba ne ba reetsa selelo sa gago mme ba nna ba akanya gore ga o a tshwanela go tswelela o na le ditshiamelo dingwe? O ka nna wa tswelela o tshwaretse bakaulengwe bao sekgopi, mme seo sa dira gore o se ka wa kgaratlhela gore o boe o nne le ditshiamelo tseo gape kgotsa sa dira gore o palelwe ke go ithuta mo go se se go diragaletseng. A re sekasekeng kafa se se diragaletseng Jobe, Manase le Josefa se ka thusang motho ka teng go fenya maikutlo a a sa siamang.

Jobe o ne a kile a emela ba bangwe fa pele ga ga Jehofa mme o ne a kile a nna mogolwane le moatlhodi mo setšhabeng se se neng se etelelwa pele ke ditlhogo tsa lotso. (Jobe 1:5; 29:7-17, 21-25) Mme ka nako e dilo di neng di tsamaya sentle mo botshelong jwa ga Jobe, o ne a latlhegelwa ke dikhumo, a swelwa ke bana a bo a lwala. Mo godimo ga moo, batho ga ba a ka ba tlhola ba mo tsaya a na le seriti. Jobe o ne a re: “Ba ntshegile, ba babotlana mo go nna ka malatsi.”—Jobe 30:1.

Jobe o ne a dumela gore ga a na molato gotlhelele mme o ne a batla go ipuelela fa pele ga Modimo. (Jobe 13:15) Le fa go ntse jalo, Jobe o ne a iketleeditse go letela Jehofa, mme seno se ne sa nna le matswela a a molemo. O ne a lemoga gore o ne a tlhoka kgalemelo, segolobogolo ka ntlha ya tsela e a neng a itshwara ka yone fa a ne a lebane le diteko. (Jobe 40:6-8; 42:3, 6) Kwa bofelong boikokobetso jwa ga Jobe bo ne jwa felela ka gore Modimo a mo segofatse fela thata.—Jobe 42:10-13.

Fa e le gore o ne wa latlhegelwa ke ditshiamelo ka gonne o dirile phoso nngwe, o ka tswa o ipotsa gore a tota Jehofa le bakaulengwe ba gago ba Bakeresete ba tla tsamaya ba go itshwarela ba bo ba lebala se o se dirileng. Akanya ka kgang ya ga Kgosi Manase wa kwa Juda. O ne a “dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa ka selekanyo se segolo, go mo kgopisa.” (2 Dikg. 21:6) Le fa go ntse jalo, Manase o ne a swa e le monna yo o ikanyegang, a busa e le kgosi. Seno se diragetse jang?

Kgabagare Manase o ne a amogela kotlhao. Morago ga go itlhokomolosa ditlhagiso, Jehofa o ne a dira gore Baasiria ba mo tsogologele, ba mo golege ka dikeetane mme ba mo ise botshwaro kgakala kwa Babelona. Fa Manase a le koo, o ne a “nolofatsa sefatlhego sa ga Jehofa Modimo wa gagwe a ba a nna a ikokobetsa thata ka ntlha ya Modimo wa borraagwemogologolwane. Mme a nna a Mo rapela.” Go ikwatlhaya go tswa pelong go ne ga dira gore Manase a tseye kgato, mme o ne a itshwarelwa.—2 Ditir. 33:12, 13.

Ga se ka metlha o ka boelwang ke ditshiamelo tsotlhe ka nako e le nngwe. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, o ka nna wa newa maikarabelo mangwe. Fa o a amogela o bo o dira sotlhe se o ka se kgonang, gantsi seo se felela ka gore o newe dikabelo tse dingwe. Seno ga se reye gore go tlile go nna motlhofo. Go ka nna ga nna le dilo tse di kgobang marapo. Le fa go ntse jalo, go iketleetsa le go itshoka go na le matswela a a molemo.

Akanya ka sekai sa ga morwa Jakobe e bong Josefa. Fa Josefa a le dingwaga di le 17 bomorwarraagwe ba ne ba mo rekisa gore a nne lekgoba. (Gen. 37:2, 26-28) Tota o ne a sa lebelela gore a ka tshwarwa jalo ke bana ba ga rraagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a iketleeditse go lebana le maemo ano, mme ka thuso ya ga Jehofa o ne “a okamela ntlo ya mong wa gagwe.” (Gen. 39:2) Moragonyana, Josefa o ne a tsenngwa mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, o ne a ikanyega mme Jehofa o ne a mo ema nokeng mo kgabagare a neng a newa maikarabelo a go okamela kgolegelo.—Gen. 39:21-23.

Josefa o ne a sa itse gore dilo tseno tsotlhe di ne di tla diragatsa boikaelelo bongwe. O ne a tswelela go dira sotlhe se a ka se kgonang. Ka jalo, Jehofa o ne a mo dirisa go boloka tatelano e e isang kwa Losikeng lo lo solofeditsweng. (Gen. 3:15; 45:5-8) Le fa go se ope wa rona yo o ka lebelelang go nna le seabe se segolo jaaka Josefa, pego eno e e tlhotlheleditsweng e bontsha gore Jehofa o na le seabe mo ditshiamelong tse batlhanka ba gagwe ba di newang. Etsa Josefa mme o se ka wa letla sepe go go kgoreletsa go amogela ditshiamelo.

Go Ithuta mo Maemong a a Thata a o Fetileng mo go One

Jobe, Manase le Josefa ba ne ba diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko. Banna bano botlhe ka boraro jwa bone ba ne ba amogela maemo a Jehofa a neng a a letleletse, mme mongwe le mongwe wa bone o ne a ithuta dithuto tsa botlhokwa. Ke eng se o ka se ithutang?

Leka go bona gore Jehofa a ka tswa a leka go go ruta eng. Fa Jobe a ntse a lepalepana le go tlalelwa, o ne a simolola go ikakanyetsa a le esi mme a lebala dilo tsa botlhokwa. Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a sena go mo gakolola ka lorato, o ne a kgona go leba dilo sentle gape, mme a re: “Ke ne ka bua, mme ke ne ke sa tlhaloganye.” (Jobe 42:3) Fa e le gore o utlwisitswe botlhoko ke go latlhegelwa ke ditshiamelo, ‘o se ka wa ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone, mme o akanye gore o nne le mogopolo o o itekanetseng sentle.’ (Bar. 12:3) Jehofa a ka tswa a leka go go thusa ka tsela e wena o iseng o e tlhaloganye sentle.

Amogela kotlhao. Kwa tshimologong Manase a ka tswa a ne a akanya gore o ne a sa tshwanela go newa kotlhao e e gagametseng e a neng a e newa. Le fa go ntse jalo, o ne a e amogela, a ikwatlhaya mme a latlha tsela eo e e sa siamang. Go sa kgathalesege gore o ikutlwa jang ka kotlhao e o e neilweng, ‘ikokobetse mo matlhong a ga Jehofa, mme o tla go godisa.’—1 Pet. 5:6; Jak. 4:10.

Nna pelotelele mme o iketleetse. Ka ntlha ya dilo tse di diragaletseng Josefa go ne go ka nna motlhofo gore a tswelele a na le maikutlo a letlhoo le a go batla go ipusolosetsa. Go na le moo, o ne a nna le temogo le kutlwelobotlhoko. (Gen. 50:15-21) Fa e le gore dilo ga di a go tsamaela ka tsela e o neng o e lebeletse, nna pelotelele. Iketleetse go thapisiwa ke Jehofa.

A o kile wa nna le ditshiamelo dingwe mo phuthegong ya Bokeresete? Letla Jehofa gore a go neye ditshiamelo mo isagweng. Ikage semoyeng. Okobatsa maikutlo a gago ka go nna pelotelele le go ikokobetsa. Iketleetse go amogela dikabelo dipe fela tse o ka di newang. Tlhomamisega gore “Jehofa ka boene ga a kitla a thibela sepe se se molemo mo go ba ba tsamayang ka go tlhoka molato.”—Pes. 84:11.

[Mafoko a a mo go tsebe 30]

Nna thata mo tumelong ka go rapela go tswa pelong

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go oketsa tiro ya gago mo tirelong ya tshimo ke tsela e e molemolemo ya go nonotsha kamano ya gago le Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Letla Jehofa gore a go neye ditshiamelo mo isagweng