Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bona Matlotlo a a Fitlhegileng

Go Bona Matlotlo a a Fitlhegileng

Go Bona Matlotlo a a Fitlhegileng

A O KILE wa bona matlotlo a a fitlhilweng mo lefelong le o neng o sa le lebelela? Seno se diragaletse mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Estonia e bong Ivo Laud, ka March 27, 2005. O ne a thusa Mosupi mongwe yo o godileng e bong Alma Vardja go rutlolola leobo le legologolo. Fa ba ntse ba diga lobota lo lo kafa ntle, ba ne ba bona lomati lo lo khurumeditseng bontlhanngwe jwa pinagare. Fa ba tlosa lomati loo, ba ne ba bona phatlha e e gabilweng e e bophara jwa disentimetara di le 10, e e boleele jwa dimetara di le 1,2 le boteng jwa disentimetara di le 10, e tswetswe ka phatsa ya logong lo lo tshwanang le pinagare eo. (1) Bobolokelo jwa matlotlo a a fitlhegileng! E ne e le matlotlo a eng? A ne a fitlhilwe ke mang?

Mo teng ga bobolokelo joo go ne go na le diphuthelwana di le mmalwa tse di phuthetsweng sentle ka pampiri e e thata. (2) Diphuthelwana tseno di ne di na le dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa, bontsi e le ditlhogo tsa Tora ya Tebelo tse di ithutiwang, go akaretsa le dingwe tsa 1947. (3) Di ne di kwadilwe ka manontlhotlho ka seatla ka puo ya Se-Estonia. Dingwe tsa diphuthelwana tseo di ne di na le dintlha tse di nayang lesedi mabapi le gore di ne di fitlhilwe ke mang foo. E ne e le direkoto tsa fa monna wa ga Alma, e bong Villem Vardja a ne a thamathamisiwa ka dipotso. Gape go ne ga fitlhelwa tshedimosetso e e mabapi le dingwaga tse a di ntseng kwa kgolegelong. Ke eng se se neng se dirile gore a tsenngwe mo kgolegelong?

Villem Vardja o ne a na le maikarabelo mo Phuthegong ya Basupi ya Tartu mme moragonyana a nna le maikarabelo mo Phuthegong ya Otepää kwa Estonia, e e leng nngwe ya Direpaboliki tsa puso ya bogologolo ya Soviet. A ka tswa a ne a ithutile boammaaruri jwa Baebele nako nngwe pele ga Ntwa ya Lefatshe II. Morago ga dingwaga di sekae ka December 24, 1948, puso ya Bokomonise e ne ya dira gore Mokaulengwe Vardja a tshwarwe ka ntlha ya bodumedi jwa gagwe. Mapodise a sephiri a ne a mo thamathamisa ka dipotso mme a mmogisa fa a ntse a leka go mo pateletsa gore a ntshe maina a Basupi ba bangwe. Morago ga gore a se ka a newa tshono ya gore a ikemele kwa kgotlatshekelo, o ne a atlholelwa dingwaga di le lesome kwa dikampeng tsa pogisetso kwa Russia.

Villem Vardja o ne a nna a ikanyega mo go Jehofa go fitlha a tlhokafala ka March 6, 1990. Mosadi wa gagwe o ne a sa itse sepe ka bobolokelo joo jwa dikgatiso. Go lebega a ne a batla go mo sireletsa gore fa a ka thamathamisiwa ka dipotso a bo a sa itse sepe ka bobolokelo joo. Ke ka ntlha yang fa a ne a fitlha dikgatiso? O ne a di fitlha ka gonne maloko a Komiti ya Sepodise ya Puso ya Soviet, e leng KGB, a ne a tle a phuruphutshe magae a Basupi ba ga Jehofa go sa lebelelwa, a batla dikgatiso tsa bodumedi. Mokaulengwe Vardja a ka tswa a ne a fitlha dikgatiso tseo go tlhomamisa gore bakaulengwe ba nna ba na le dijo tsa semoya fa go ka direga gore mapodise a KGB a tseye sengwe le sengwe. Mabolokelo a mangwe a go neng go fitlhilwe dikgatiso mo go one a ne a bonwe pele ga moo, ka letlhabula la 1990. Lengwe la one le ne le bonwe kwa Tartu, kwa borwa jwa Estonia. Le lone ka tsela e e tshwanang le ne le fitlhilwe ke Villem Vardja.

Ke ka ntlha yang fa re re dikgatiso tseno ke matlotlo? Ke ka gonne dikgatiso tseno tse di kwadilweng ka manontlhotlho a magolo ka seatla e bile di fitlhilwe ka kelotlhoko di bontsha kafa Basupi ba neng ba tsaya dijo tsa semoya di le botlhokwa ka teng ka nako eo. (Math. 24:45) A o anaanela dijo tsa semoya tse gone jaanong o kgonang go di amogela mo lefelong le o nnang mo go lone? Gareng ga tsone ke Tora ya Tebelo e e gatisiwang ka Se-Estonia le dipuo tse dingwe di feta 170.