Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa o Kgopisitswe

Fa o Kgopisitswe

Fa o Kgopisitswe

BATHO ba le bantsi ba tle ba re go ipusolosetsa go dira gore motho a kgotsofale. Seno ke ka gonne go tlwaelegile gore re ikutlwe re galefile fa re kgopisitswe kgotsa re utlwisitswe botlhoko ka tsela nngwe. Boikutlo jo re tshotsweng re na le jone jwa go lemoga se se siameng le se se sa siamang bo dira gore re batle go tsaya kgato fa re diretswe tshiamololo. Ka tsela efe?

Gone ke boammaaruri gore go na le dilo tse di farologaneng tse di ka dirang gore o kgopisege tse di jaaka go fapholwa, go kgaramediwa, go tlhapadiwa, go sotliwa ka mafoko, go itewa, go utswediwa, jalo le jalo. O ikutlwa jang fa o rumolwa ka tsela nngwe? Go bonala batho ba le bantsi ba re, ‘Ke tla ipusolosetsa!’

Kwa United States, baithuti ba le mmalwa ba sekolo se segolwane ba ne ba ipusolosetsa mo barutabaneng ba ba neng ba ba otlhaile ka go ba latofatsa ka go re ba a ba sotla. Brenda Mitchell, poresidente ya Mokgatlho wa Barutabana kwa New Orleans a re: “Fa morutabana a latofadiwa, leina la gagwe le a senngwa.” Tota le fa go tlhomamisitswe gore ditatofatso tseo ke maaka, leina la gagwe le ka tswelela le senyegile.

Kwa tirong, badiri ba le bantsi ba ba sa itumelang kgotsa ba ba lelekilweng kwa tirong ba ipusolosetsa mo bathaping ba bone ka go senya kgotsa go phimola tshedimosetso e e botlhokwa mo dikhomputareng tsa kwa tirong. Ba bangwe ba utswa tshedimosetso e e leng khupamarama ya khampani ba bo ba e rekisa kgotsa ba e naya batho ba bangwe. The New York Times ya re mo godimo ga go utswa tshedimosetso e e mo dikhomputareng, “go utswa dithoto tsa khampani e sa ntse e le tsela e e tlwaelegileng ya gore mothapiwa a ipusolosetse.” E le gore mothapiwa yo o kobilweng a se ka a ipusolosetsa, dikhampani di le dintsi di setse di na le motlhokomedi yo o tsamayang le mothapiwa yoo fa a ya kwa desekeng ya gagwe a bo a mo leta fa a tsaya dilo tsa gagwe le go tsamaya le ene go fitlha a tswa mo dikagong.

Tsela e e tlwaelegileng ke ya go ipusolosetsa mo ditsaleng tse re atamalaneng le tsone le mo malokong a lelapa. Go utlwisiwa botlhoko ka mafoko a a sa siamang kgotsa selo se motho a se dirileng a sa akanya go ka dira gore yo mongwe a ipusolosetse. Fa tsala ya gago e bua le wena ka bogale, a le wena o mo araba ka mafoko a a sa siamang? Fa leloko la lelapa le go utlwisitse botlhoko ka tsela nngwe, a o batla tsela ya go ipusolosetsa? Ruri go motlhofo go itshwara ka tsela e e ntseng jalo fa motho yo o re kgopisitseng e le yo re atamalaneng le ene!

Boeleele Jwa go Ipusolosetsa

Gantsi, batho ba ba batlang go ipusolosetsa ba dira jalo ka go bo ba leka go re ba se ka ba utlwa botlhoko thata mo maikutlong ka ntlha ya motho yo o ba kgopisitseng. Ka sekai, Baebele e re bolelela gore fa bomorwa tlhogo ya lotso ya Mohebera e bong Jakobe ba ne ba lemoga gore Shekema wa Mokanana o beteletse kgaitsadiabone e bong Dina, ba ne “ba utlwa botlhoko mo maikutlong a bone mme ba nna bogale thata.” (Genesise 34:1-7) Gore bomorwa Jakobe ba babedi ba busolose se se dirilweng kgaitsadiabone, ba ne ba loga leano kgatlhanong le Shekema le ba ntlo ya gagwe. Simeone le Lefi ba ne ba loga leano mme ba tsena mo motseng wa Bakanana ba bolaya monna mongwe le mongwe, go akaretsa le Shekema.—Genesise 34:13-27.

A go tshololwa ga madi go ne ga rarabolola bothata jono? Fa Jakobe a ne a utlwa gore bomorwawe ba dirile eng, o ne a ba kgalema, a re: “Lo ntlhabisitse ditlhong ka go ntira sebodu mo banning ba lefatshe leno, . . . mme ruri ba tla mphuthegela ba bo ba ntlhasela mme ke tla nyelediwa, nna le ntlo ya me.” (Genesise 34:30) Go na le go rarabolola mathata, tsela ya bone ya go ipusolosetsa e ne ya nna le matswela a a sa siamang; lelapa la ga Jakobe le ne le tshwanetse go nna le disitse gore le se ka la tlhaselwa ke baagelani ba ba galefileng. Go sireletsa lelapa la ga Jakobe gore le se ka la tlhaselwa, Modimo o ne a laela Jakobe go fudusetsa lelapa la gagwe kwa Bethele.—Genesise 35:1, 5.

Ditiragalo tse di diregileng morago ga gore Dina a betelelwe di gatelela thuto e e botlhokwa. Gantsi go ipusolosetsa go dira gore batho ba tswelele ba ipusolosetsa.

Go Nna o Ipusolosetsa

Go tlhoma mogopolo mo go ipusolosetseng mo mothong yo o go kgopisitseng go kotsi. Buka ya Forgiveness—How to Make Peace With Your Past and Get On With Your Life ya re: “Go galefa go a lapisa. Go senya nako fa o ntse o akanya ka dilo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng, o tshwara batho ba ba go kgopisitseng ka pelo e bile o loga maano a go ipusolosetsa.” Fela jaaka Baebele e le tlhalosa sentle, “lefufa ke sebodu mo marapong.”—Diane 14:30.

Ke boammaaruri gore motho a ka se itumele fa a na le letlhoo le maikutlo a a sa siamang. Moakgedi mongwe o ne a re: “Fa o akanya gore ‘go ipusolosetsa go siame,’ leba difatlhego tsa batho ba ba ntseng ba ipusolosetsa ka dingwaga di le dintsi.”

Akanya ka se se ntseng se direga mo dinageng di le dintsi mo lefatsheng mo go nang le dikgotlhang tsa ditso le bodumedi. Gantsi polao e le nngwe e dira gore go nne le e nngwe, mme seo se dira gore letlhoo le go bolaana di se ka tsa fela. Ka sekai, fa bomo e ne e bolaya basha ba le 18 ka ntlha ya tlhaselo ya dirukhutlhi, mosadi mongwe yo o hutsafetseng o ne a goa a re: “Re tshwanetse go ipusolosetsa mo go bone ka makgetlo a le sekete!” Ka tsela eo, bosetlhogo bo a oketsega mme batho ba le bantsi ba tlhotlheletsega go nna le seabe mo dikgotlhannyeng tseo.

“Leitlho mo Boemong Jwa Leitlho”

Bangwe ba akanya gore Baebele e tshegetsa go ipusolosetsa. Ba re, “A Baebele ga e bue ka ‘leitlho mo boemong jwa leitlho, leino mo boemong jwa leino’?” (Lefitiko 24:20) Fa o sa akanyetse sentle se molao ono wa “leitlho mo boemong jwa leitlho” o se kayang, go ka lebega e kete o kgothaletsa go ipusolosetsa. Le fa go ntse jalo, o ne o thibela ditiro tse di se nang tlhaloganyo tsa go ipusolosetsa. Ka tsela efe?

Fa Moiseraele a ne a tlhaselwa ke Moiseraele ka ene a bo a mo ntsha leitlho, Molao o ne o letlelela gore a otlhaiwe ka tsela e e siameng. Le fa go ntse jalo, motho yo o tlhasetsweng e ne e se ene a tshwanetseng go ipusolosetsa mo motlhaseding kgotsa mo go mongwe wa lelapa la gagwe. Molao o ne o laela gore a bolelele balaodi ba ba tlhomilweng kgang eo—baatlhodi—gore ba e rarabolole sentle. Go itse gore motho yo o diretseng motho yo mongwe molato kgotsa sengwe se se sa siamang ka boomo o tla otlhaiwa, go ne go dira gore batho ba se ka ba ipusolosetsa. E ne e se sone seo fela.

Pele ga Jehofa Modimo a umaka molao o o fa godimo wa go ipusolosetsa, o ne a bolelela setšhaba sa Iseraele jaana a dirisa Moshe: ‘O se ka wa tlhoa morwarrago mo pelong ya gago. O se ka wa ipusolosetsa le fa e le go tshwara batho ka pelo.’ (Lefitiko 19:17, 18) Ee, kgopolo ya “leitlho mo boemong jwa leitlho, leino mo boemong jwa leino” e tshwanetse go lebiwa go ya ka kgolagano yotlhe ya Molao o Jesu a neng a re o sobokantswe ka ditaolo tse pedi: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago” le “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:37-40) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go itshwara jang fa ba sa tshwarwe sentle?

Latela Tsela ya Kagiso

Baebele e tlhalosa Jehofa e le “Modimo wa kagiso” mme e kgothaletsa baobamedi ba gagwe go ‘senka kagiso le go e latelela.’ (Bahebera 13:20; 1 Petere 3:11) A mme tota go a thusa go senka kagiso?

Fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a kgwelwa ka mathe, a itewa le go bogisiwa ke baba ba gagwe, a okiwa ke tsala e a atamalaneng le yone le go tlogelwa ke balatedi ba gagwe. (Mathaio 26:48-50; 27:27-31) O ne a itshwara jang? Moaposetoloi Petere o ne a re: “E rile a gobololwa, a se ka a gobolola le ene. E rile a boga, a se ka a tshosetsa, mme a nna a ineela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.”—1 Petere 2:23.

Petere o ne a tlhalosa jaana: “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Petere 2:21) Ee, Bakeresete ba kgothalediwa go etsa Jesu, go akaretsa le se a se dirileng fa a ne a boga. Malebana le seno, Jesu o ne a bua jaana mo Therong ya kwa Thabeng: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang; gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong.”—Mathaio 5:44, 45.

Batho ba ba nang le lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete ba dira eng fa ba sa tshwarwe sentle kgotsa ba diretswe phoso? Diane 19:11 ya re: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe, mme ke bontle mo go ene go tlhokomologa tlolo.” Gape ba dirisa kgakololo eno: “Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.” (Baroma 12:21) Ruri seno se farologane le boikutlo jwa go ipusolosetsa jo bo tletseng thata mo lefatsheng gompieno! Lorato lwa mmatota lwa Bakeresete lo ka re thusa go fenya moya wa go ipusolosetsa mme ka jalo ra “tlhokomologa  tlolo” ka gonne lorato “ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.”—1 Bakorintha 13:5.

A seno se raya gore fa re direlwa tlolomolao nngwe kgotsa re tshosediwa ka tsela nngwe re tshwanetse go amogela seo fela re sa re sepe? Nnyaa, ga go a nna jalo! Fa Paulo a ne a re “Nnang lo fenye bosula ka molemo,” o ne a sa reye gore Mokeresete o tshwanetse go nna moswelatumelo. Go na le moo, fa re tlhaselwa, re na le tshwanelo ya go iphemela. Fa o tlhaselwa kgotsa dithoto tsa gago di senngwa, o ka founela mapodise. Fa bothata bo bakiwa ke mongwe kwa sekolong kgotsa kwa tirong, go na le balaodi ba re ka kopang thuso kwa go bone.—Baroma 13:3, 4.

Le fa go ntse jalo, go molemo go gakologelwa gore go boima go bona tshiamiso ya mmatota mo tsamaisong eno ya dilo. Tota e bile, batho ba le bantsi ba feditse botshelo jotlhe ba e batla, mme fa se ba neng ba se solofetse se sa direge ba a tenega.

Satane o rata go bona batho ba kgaogantswe ke go ipusolosetsa le letlhoo. (1 Johane 3:7, 8) Go botoka go gakologelwa mafoko ano a a mo Baebeleng: “Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’” (Baroma 12:19) Fa re letla Jehofa gore a rarabolole bothata jo re lebaneng le jone, re dira gore re se ka ra utlwa botlhoko thata, ra galefa le go lwa.—Diane 3:3-6.

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

“O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago” le “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata”

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Lorato “ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.”—1 Bakorintha 13:5.