Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna Kutlo Mme o Nne Pelokgale Jaaka Keresete

Nna Kutlo Mme o Nne Pelokgale Jaaka Keresete

Nna Kutlo Mme o Nne Pelokgale Jaaka Keresete

“Nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.”—JOH. 16:33.

1. Jesu o ne a le kutlo go le kana kang mo Modimong?

JESU KERESETE o ne a dira thato ya Modimo ka metlha. Ga a ise a ko a tlelwe ke mogopolo wa gore a se ka a ikobela Rraagwe yo o kwa legodimong. (Joh. 4:34; Baheb. 7:26) Mme se se mo diragaletseng mo lefatsheng ga se a ka sa mo tlhofofaletsa dilo gore a nne kutlo. Go tloga kwa tshimologong ya tiro ya ga Jesu ya go rera, baba ba gagwe, go akaretsa le Satane ka boene, ba ne ba leka go fetola Jesu mogopolo, go mo pateletsa kana go mo tsietsa gore a se ka a ikanyega. (Math. 4:1-11; Luke 20:20-25) Baba bano ba ne ba utlwisa Jesu botlhoko thata mo tlhaloganyong, mo maikutlong le mo mmeleng. Kgabagare, ba ne ba mmolaela mo koteng ya tlhokofatso. (Math. 26:37, 38; Luke 22:44; Joh. 19:1, 17, 18) Mo nakong eno yotlhe, le fa Jesu a ne a boga thata, o ne a nna “kutlo go fitlha losong.”—Bala Bafilipi 2:8.

2, 3. Re ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a nna kutlo ka yone le fa a ne a boga?

2 Se se diragaletseng Jesu fa a le mo lefatsheng se ne sa mo ruta ditsela tse dingwe tsa go nna kutlo. (Baheb. 5:8) Go ka nna ga lebega e kete go ne go se na sepe se sengwe se Jesu a neng a ka se ithuta malebana le go direla Jehofa. Aitsane, o ne a ile a atamalana thata le Jehofa ka dingwaga tse dintsintsi e bile e ne e le “modiri yo o setswerere” wa Modimo ka nako ya popo. (Dia. 8:30) Le fa go ntse jalo, go tswelela pele a na le tumelo le fa a ne a boga e le motho go ne ga supa gore o ikanyega ka botlalo. Jesu, Morwa Modimo, o ne a atamalana le Modimo. Re ka ithuta eng mo go se se mo diragaletseng?

3 Le fa Jesu e ne e le motho yo o itekanetseng, ga a ka a leka fela ka maatla a gagwe gore a nne kutlo ka botlalo. O ne a rapela Modimo gore a mo thuse gore a nne a le kutlo. (Bala Bahebera 5:7.) Le rona re tshwanetse go ikokobetsa le go rapela gore re kgone go nna re le kutlo. Ke sone se moaposetoloi Paulo a neng a gakolola Bakeresete jaana: “Bolokang boikutlo jono jwa mogopolo mo go lona jo gape bo neng bo le mo go Keresete Jesu,” yo o neng a “ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong.” (Bafil. 2:5-8) Tsela e Jesu a neng a tshela ka yone e ne ya bontsha gore batho ba ka kgona go nna kutlo le fa ba tshela mo gare ga batho ba ba boikepo. Gone ke boammaaruri gore Jesu o ne a itekanetse, mme go tweng ka batho ba ba sa itekanelang jaaka rona?

Go Nna Kutlo Le fa Re sa Itekanela

4. E re ka re bopilwe re na le kgololesego ya go itirela ditshwetso, seo se kaya eng mo go rona?

4 Modimo o ne a bopa Adame le Efa e le dibopiwa tse di botlhale tse di nang le kgololesego ya go itirela ditshwetso. E re ka re le ditlogolwana tsa bone, le rona re na le kgololesego ya go itirela ditshwetso. Seo se kaya eng? Se kaya gore re ka itirela ditshwetso malebana le go dira se se siameng kana se se sa siamang. Ka mafoko a mangwe, Modimo o re neile kgololesego ya go tlhopha go mo ikobela kana go se mo ikobele. Kgololesego eo e kgolo e re rwesa maikarabelo. Eleruri, ditshwetso tse di malebana le se se siameng le se se sa siamang di ka re tlisetsa botshelo kana loso. Gape di ama batho ba re atamalaneng le bone.

5. Rotlhe re lebane le kgwetlho efe, mme re ka e fenya jang?

5 E re ka re ruile bosaitekanelang, go nna kutlo ga go itlele fela. Ga se ka metlha go leng motlhofo gore re ikobele melao ya Modimo. Paulo o ne a lebana le kgwetlho eno. O ne a re: “Ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.” (Bar. 7:23) Ee, go ka nna motlhofo gore re nne kutlo fa re sa latlhegelwe ke sepe, re sa utlwe botlhoko kana re sa kgoreletsege ka tsela epe. Mme re itshwara jang fa re eletsa go nna kutlo mme kafa letlhakoreng le lengwe re na le “keletso ya nama le keletso ya matlho”? Dikeletso tseno tse di sa siamang di bakwa ke gore ga re a itekanela mmogo le tlhotlheletso ya “moya wa lefatshe” le re tshelang mo go lone, mme di maatla tota. (1 Joh. 2:16; 1 Bakor. 2:12) Gore re kgone go di lwantsha, re tshwanetse go ‘baakanya pelo ya rona’ pele ga re lebana le boemo jo bo thata kana thaelo, mme re ititeye sehuba gore re tla ikobela Jehofa le fa go ka nna jang. (Pes. 78:8) Mo Baebeleng go na le dikai di le dintsi tsa batho ba ba ileng ba kgona go dira jalo ka gonne ba ne ba baakantse dipelo tsa bone.—Esera 7:10; Dan. 1:8.

6, 7. Tshwantsha kafa thuto ya botho e ka re thusang ka teng go dira ditshwetso tse di botlhale.

6 Tsela e nngwe e re ka baakanyang dipelo tsa rona ka yone ke ka go ithuta Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka tlhoafalo. Akanya fela o le mo boemong jono. A re re ke maitseboa a o dirang thuto ya gago ya botho ka one. O sa tswa go rapelela moya wa ga Jehofa gore o go thuse go dirisa se o se ithutang mo Lefokong la gagwe. O ikaeletse go leba filimi nngwe mo thelebisheneng mo maitseboeng a a latelang. O utlwile ba bangwe ba bua molemo ka filimi eo, mme gape o itse gore e na le boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo.

7 O akanya ka kgakololo ya ga Paulo e e mo go Baefeso 5:3: “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona, fela jaaka go tshwanela batho ba ba boitshepo.” Gape o gakologelwa kgakololo ya ga Paulo e e mo go Bafilipi 4:8. (E bale.) Fa o ntse o tlhatlhanya ka kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng, o ipotsa jaana: ‘Fa ke letla pelo le mogopolo wa me gore di tlhotlhelediwe ke dithulaganyo tse di ntseng jalo, a ke latela sekao sa ga Jesu sa go ikobela Modimo ka botlalo?’ O tla dira eng? A o tla lebelela filimi eo fela?

8. Ke eng fa re tshwanetse go nna re kgomaretse melao e e kwa godimo ya boitsholo le ya semoya?

8 Re tla bo re dira phoso fa re ka se ka ra kgomarela melao e e kwa godimo ya boitsholo le ya semoya, gongwe re akanya gore re nonofile thata mo tumelong mo re ka kgonang go fenya tlhotlheletso e e bosula, go akaretsa le fa tlhotlheletso eo e le ya boitlosobodutu jo bo tletseng thubakanyo le boitsholo jo bo maswe. Go na le moo, re tshwanetse go itshireletsa mmogo le bana ba rona mo tlhotlheletsong e e bosula ya moya wa ga Satane. Batho ba ba dirisang dikhomputara ba tsaya matsapa go tlhomamisa gore dikhomputara tsa bone ga di tsenwe ke dibaerase tse di kotsi tse di ka phimolang tshedimosetso e e mo go tsone, tsa kgoreletsa tsela e khomputara e berekang ka yone, le tse di ka kgotlelang dikhomputara tse dingwe. A le rona ga re a tshwanela go ntsha matlho dinameng le go feta gore re itshireletse mo ‘maanong a boferefere’ a ga Satane?—Baef. 6:11.

9. Ke eng fa re tshwanetse go ititaya sehuba gore re ikobele Jehofa letsatsi le letsatsi?

9 Mo e ka nnang letsatsi le letsatsi, ka tsela nngwe re tshwanetse go tlhopha gore a re tla dira dilo ka tsela ya ga Jehofa kana nnyaa. Gore re bolokwe, re tshwanetse go ikobela Modimo le go tshela go dumalana le melaometheo ya gagwe e e siameng. Fa re latela sekao sa ga Keresete sa go nna kutlo “go fitlha losong,” re bontsha gore tumelo ya rona e a tshela. Jehofa o tla re duela fa re ikanyega. Jesu o ne a solofetsa jaana: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Math. 24:13) Ruri go tlhokega gore re nne pelokgale tota, fela jaaka Jesu.—Pes. 31:24.

Jesu—Sekao Se se Di Gaisang Tsotlhe sa Bopelokgale

10. Re ka lebana le kgatelelo mo dilong dife, mme re tshwanetse go dira eng?

10 E re ka re dikologilwe ke mekgwa le boitshwaro jwa lefatshe leno, re tshwanetse go nna pelokgale gore re se ka ra tshwaetsega. Bakeresete ba lebane le kgatelelo mo go tsa boitsholo, kgatelelo ya batho ba ba tshelang mo gare ga bone, kgatelelo mo go tsa itsholelo le mo go tsa bodumedi, mme kgatelelo eo e ka ba faposa mo ditseleng tsa ga Jehofa tse di siameng. Ba bantsi ba ganediwa ke ba malapa a bone. Kwa dinageng dingwe, dikolo di buelela thata thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe, mme bolatolamodimo bo ntse bo anama. Ka gonne re lebane le kgatelelo eo, re ka se phuthe diatla fela ra iketla. Re tshwanetse go tsaya kgato gore re kgone go emelana le yone mme ka go dira jalo re itshireletse. Sekao sa ga Jesu se re bontsha kafa re ka atlegang ka teng.

11. Go tlhatlhanya ka sekao sa ga Jesu go ka re thusa jang gore re nne pelokgale thata?

11 Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Mo lefatsheng lo na le pitlagano, mme nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.” (Joh. 16:33) Ga a ise a ko a tsamaye a ineele mo tlhotlheletsong ya lefatshe. Le ka motlha o ne a sa letle lefatshe gore le mo thibele go diragatsa thomo e a neng a e neilwe ya go rera kana gore le dire gore a tlogele go kgomarela melao e e kwa godimo ya kobamelo ya boammaaruri le ya boitsholo jo bo siameng; mme le rona re tshwanetse go mo etsa. Fa Jesu a ne a rapela, o ne a bua jaana ka barutwa ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Joh. 17:16) Fa re ithuta ka sekao sa ga Keresete sa bopelokgale re bo re tlhatlhanya ka sone, seo se ka re thusa gore re nne pelokgale mme re nne re se karolo ya lefatshe.

Ithute go Nna Pelokgale Jaaka Jesu

12-14. Naya dikai tsa dinako tse Jesu a neng a bontsha bopelokgale ka tsone.

12 Jesu o ne a bontsha bopelokgale jo bogolo mo bodireding jotlhe jwa gagwe. O ne a dirisa taolo ya gagwe jaaka e le Morwa Modimo, mme ka bopelokgale a “tsena mo tempeleng mme a lelekela kwa ntle botlhe ba ba rekisang le ba ba rekang mo tempeleng, mme a pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi le dibanka tsa ba ba rekisang maphoi.” (Math. 21:12) Fa masole a ne a tla go tshwara Jesu mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng, o ne a tsaya kgato ka bopelokgale go sireletsa barutwa ba gagwe, a re: “Fa e le gore ke nna yo lo mpatlang, lesang bano ba tsamaye.” (Joh. 18:8) Moragonyana Jesu o ne a raya Petere a re a busetse tšhaka ya gagwe mo kgatleng ya yone, mme ka go dira jalo Jesu o ne a bontsha gore ga a ikanya dibetsa tsa lefatshe, mme o ikantse Jehofa.—Joh. 18:11.

13 Jesu ka bopelokgale o ne a senola barutisi ba maaka ba ba se nang lorato ba motlha wa gagwe le dithuto tsa bone tse di seng boammaaruri. O ne a ba raya a re: “A bo go latlhega lona, bakwadi le Bafarasai, baitimokanyi! ka gonne lo tswalela batho bogosi jwa magodimo . . . Lo itlhokomolositse dilo tse di bokete segolo tsa Molao, e leng, tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyegi. . . . Lo ntlafatsa bokafantle jwa senwelo le jwa sejana, mme mo teng di tletse kgapo le go tlhoka tekatekano.” (Math. 23:13, 23, 25) Barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba tshwanetse go nna pelokgale jalo ka gonne baeteledipele ba maaka ba bodumedi ba ne ba tlile go ba bogisa le go bolaya bangwe ba bone.—Math. 23:34; 24:9.

14 Jesu o ne a nna pelokgale le fa a ne a lwantsha madimona. Nako nngwe, monna mongwe yo o neng a tsenwe ke madimona o ne a tla kwa go ene, mme monna yono o ne a le maatla mo e leng gore go ne go se na ope yo o neng a ka kgona go mmofa ka keetane. Jesu ka bopelokgale o ne a leleka madimona a mantsi a a neng a laola monna yono. (Mar. 5:1-13) Gompieno, Modimo ga a naya Bakeresete maatla a go dira dikgakgamatso tse di ntseng jalo. Mme, fa re ntse re rera e bile re ruta, le rona re tshwanetse go lwa ntwa ya semoya kgatlhanong le Satane, e leng ene yo o “foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumeleng.” (2 Bakor. 4:4) Jaaka Jesu, dibetsa tsa rona “ga se tsa senama, mme di maatla ka Modimo go pitikolola dilo tse di nweleletseng”—dikgopolo tsa bodumedi tse di nweleletseng mme di se boammaaruri. (2 Bakor. 10:4) Fa re ntse re dirisa dibetsa tseno tsa semoya, re ithuta dilo tse dintsi mo sekaong sa ga Jesu.

15. Bopelokgale jwa ga Jesu bo ne bo theilwe mo go eng?

15 Bopelokgale jwa ga Jesu, e ne e se bogatlhamelamasisi fela, mme bo ne bo theilwe mo tumelong. Go tshwanetse ga nna jalo le ka rona. (Mar. 4:40) Re ka nna jang le tumelo ya mmatota? Le fano, re latela sekao sa ga Jesu. O ne a bontsha gore o itse Dikwalo sentle e bile o dumela ka botlalo se di se buang. Sebetsa se Jesu a neng a se dirisa e ne e se tšhaka ya mmatota, mme e ne e le tšhaka ya moya, e leng Lefoko la Modimo. Gangwe le gape o ne a tlhomamisa dithuto tsa gagwe ka go nopola mo Dikwalong. Gantsi fa a bua o ne a simolola ka go re: “Go kwadilwe ga twe,” ke gore mo Lefokong la Modimo. *

16. Re ka nna jang le tumelo e e nonofileng?

16 Gore re nne le tumelo e e ka kgonang go emelana le diteko tse re lebanang le tsone ka gonne re le barutwa, re tshwanetse go bala le go ithuta Baebele letsatsi le letsatsi le go ya dipokanong tsa Bokeresete, mme ka go dira jalo re tla bo re tsenya dithuto tsa boammaaruri tse e leng motheo wa tumelo ya rona mo ditlhaloganyong tsa rona. (Bar. 10:17) Gape re tshwanetse go tlhatlhanya—go akanyetsa kwa teng—ka se re se ithutang, re se letle gore se nwelelele mo dipelong tsa rona. Tumelo e e tshelang ke yone fela e ka kgonang go re tlhotlheletsa go nna pelokgale. (Jak. 2:17) Mme re tshwanetse go rapelela moya o o boitshepo ka gonne tumelo ke lengwe la maungo a moya.—Bagal. 5:22.

17, 18. Kgaitsadi mongwe yo mmotlana o ne a bontsha jang bopelokgale kwa sekolong?

17 Kgaitsadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Kitty o ne a iponela kafa tumelo ya mmatota e dirang gore motho a nne pelokgale ka teng. Go simolola a sa le mmotlana, o ne a itse gore ga a tshwanela go “tlhabisiwa ditlhong ke dikgang tse di molemo” fa a le kwa sekolong, mme o ne a batla go rerela bana ba a neng a tsena sekolo le bone. (Bar. 1:16) Ngwaga le ngwaga o ne a ititaya sehuba gore o tlile go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo, mme o ne a okaoka ka gonne a ne a se pelokgale. Fa a ne a le mo dingwageng tsa bolesome, o ne a ya go tsena sekolo go sele. O ne a re: “Mo lekgetlhong leno, ga ke na go tlogela ditshono dipe di ntswa ka diphatlha tsa menwana jaaka ke ile ka dira mo nakong e e fetileng.” Kitty o ne a rapelela gore a nne pelokgale jaaka Keresete, a nne botlhale mme a dirise tshono e e mmulegelang.

18 Mo letsatsing la ntlha kwa sekolong, moithuti mongwe le mongwe o ne a kopiwa gore a ikitsise ba bangwe. Ba le mmalwa ba ne ba umaka bodumedi jo ba goletseng mo go jone, mme ba bua gore tota ba ne ba sa tlhoafala mo go jone. Kitty o ne a lemoga gore eno e ne e le tshono e a neng a rapeletse gore e mmulegele. Fa go ne go tla nako ya gagwe ya gore a ikitsise ba bangwe, o ne a bua jaana ka bopelokgale: “Ke Mosupi wa ga Jehofa, mme ke kaelwa ke Baebele mo dikgannyeng tsa semoya le tsa boitsholo.” Fa a ntse a bua, baithuti bangwe ba ne ba goga difatlhego ka tsela e e bontshang lenyatso. Mme ba bangwe  ba ne ba reetsa mme morago ba botsa dipotso. E bile morutabana o ne a re Kitty ke sekao se se molemo sa motho yo o emelang bodumedi jwa gagwe. Kitty o itumetse thata ka gonne o kgonne go ithuta mo sekaong sa ga Jesu sa bopelokgale.

Bontsha Tumelo le Bopelokgale Jaaka Keresete

19. (a) Go nna le tumelo ya mmatota go akaretsa eng? (b) Re ka itumedisa Jehofa jang?

19 Baaposetoloi le bone ba ne ba itse gore ditiro tsa bone tsa bopelokgale di tshwanetse go thewa mo tumelong. Ba ne ba kopa Jesu jaana: “Re neye tumelo e e oketsegileng.” (Bala Luke 17:5, 6.) Go nna le tumelo ya mmatota ga se fela go dumela gore Modimo o teng. Go akaretsa go nna le kamano e e gaufi thata le Jehofa, e e tshwanang le e ngwana a nang le yone le rraagwe yo o pelonomi le yo o lorato. Solomone o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Morwaaka, fa pelo ya gago e tlhalefile, pelo ya me e tla ipela. Le diphilo tsa me di tla itumela fa dipounama tsa gago di bua thokgamo.” (Dia. 23:15, 16) Ka tsela e e tshwanang, fa ka bopelokgale re emela melaometheo e e siameng, Jehofa o a itumela, mme go itse seo go dira gore re nne pelokgale le go feta. Ka jalo, a re etseng sekao sa ga Jesu ka metlha mme re emele tshiamo ka bopelokgale!

[Ntlha e e kwa tlase]

A o Ka Tlhalosa?

• Ke eng se se tla re thusang go nna re le kutlo le fa re sa itekanela?

• Tumelo ya mmatota e theilwe mo go eng, mme seo se ka re thusa jang gore re nne pelokgale?

• Fa re le kutlo e bile re le pelokgale jaaka Keresete, seo se tla felela ka eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

A o ‘baakanya pelo’ ya gago gore o kgone go emelana le dithaelo?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Re ka bontsha bopelokgale jo bo theilweng mo tumelong jaaka Jesu