Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mosola o Mogolo Thata wa Thuto ya Modimo

Mosola o Mogolo Thata wa Thuto ya Modimo

Mosola o Mogolo Thata wa Thuto ya Modimo

“Gape ke tsaya dilo tsotlhe e le tatlhegelo ka ntlha ya mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu.”—BAFIL. 3:8.

1, 2. Bakeresete bangwe ba tlhophile go dira eng, mme ka ntlha yang?

ROBERT o ne a dira sentle fela thata kwa sekolong go tloga a sa le monnye. Fa a ne a na le dingwaga di le robedi fela, mongwe wa barutabana ba gagwe o ne a etela kwa ga bone mme a mmolelela gore o ne a ka kgona go dira sengwe le sengwe se a se batlang. Morutabana o ne a bolela gore o solofela fa Robert a tla nna ngaka fa a gola. Tsela e a neng a dirile sentle thata ka yone kwa sekolong se segolwane e ne e dira gore a tshwanelege go ithuta kwa yunibesithing nngwe le nngwe fela ya maemo a a kwa godimo mo nageng ya gagabo. Mme Robert o ne a tlhopha go se dirise tshono eno e ba le bantsi ba tsayang gore ga e bonwe motlhofo mme a latelela mokgele wa gagwe wa go nna mmulatsela wa ka metlha.

2 Fela jaaka Robert, Bakeresete ba le bantsi—bannye le bagolo—ba bulegelwa ke ditshono tsa gore ba ka fitlhelela dilo tse dikgolo mo tsamaisong eno ya dilo. Bangwe ba tlhopha gore ba se ka ba dirisa ditshono tseo ka botlalo, e le gore ba tle ba kgone go latelela mekgele ya bone e e amanang le kobamelo. (1 Bakor. 7:29-31) Ke eng se se rotloetsang Bakeresete ba ba tshwanang le Robert gore ba dire ka natla mo tirong ya go rera? Lebaka  la konokono ke gore ba rata Jehofa, mme mo godimo ga moo ba anaanela mosola o mogolo thata wa thuto ya Modimo. A bosheng jaana o kile wa ipotsa gore botshelo jwa gago bo ka bo bo ntse jang fa o ka bo o sa ithuta boammaaruri? Fa re akanya ka mangwe a masego a magolo a re a bonang ka ntlha ya go rutwa ke Jehofa, seo se tla re thusa gore re nne re anaanela dikgang tse di  molemo mme re di rerele ba bangwe ka tlhoafalo.

Re na Le Tshiamelo ya go Rutwa ke Modimo

3. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o rata go ruta batho ba ba sa itekanelang?

3 E re ka Jehofa a le molemo, o rata go ruta batho ba ba sa itekanelang. Isaia 54:13 e bolela jaana fa e bua ka tsela ya boporofeti malebana le Bakeresete ba ba tloditsweng: “Bomorwao botlhe e tla nna batho ba ba rutiwang ke Jehofa, mme kagiso ya bomorwao e tla nna kgolo.” Mafoko ao a dira le mo go ba “dinku tse dingwe” tsa ga Keresete. (Joh. 10:16) Boporofeti bongwe jo bo diragadiwang mo motlheng wa rona bo tlhalosa seo sentle. Isaia o ne a bona batho ba ditšhaba tsotlhe mo ponatshegelong ba ologela kwa kobamelong ya boammaaruri. Fa a tlhalosa, a re ba raana ba re: “Tlang, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tla re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tla tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.” (Isa. 2:1-3) A bo go rutwa ke Modimo e le tshiamelo e kgolo jang ne!

4. Jehofa o batla gore batho ba dire eng gore a ba rute?

4 Re tshwanetse go dirang gore re tle re rutwe ke Modimo? Selo sa botlhokwa ke gore motho a bo a le pelonolo e bile a iketleeditse go rutiwa. Mopesalema Dafide o ne a kwala jaana: “Jehofa o molemo e bile o thokgame. . . . O tla ruta ba ba pelonolo tsela ya gagwe.” (Pes. 25:8, 9) Mme Jesu o ne a re: “Ke go baka phatlalatsa, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka gonne o fitlhetse ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno ka kelotlhoko, mme o di senoletse masea.” (Luke 10:21) Go itse gore Modimo “o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang” go dira gore re mo rate.—1 Pet. 5:5.

5. Ke eng se se dirileng gore re kgone go nna le kitso ka Modimo?

5 Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, a re kgonne go itse boammaaruri ka botlhale jwa rona fela? Nnyaa. E bile tota, re ne re ka se kgone go nna le kitso ya Modimo ka borona fela. Jesu o ne a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Joh. 6:44) Jehofa o dirisa tiro ya go rera le moya o o boitshepo go goga batho ba sekadinku, “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe.” (Hag. 2:7) A ga o itumelele go bo o le mongwe wa batho ba Jehofa a ba gogetseng kwa go Morwawe?—Bala Jeremia 9:23, 24.

E na Le Maatla a go Tokafatsa Matshelo

6. Go nna le “kitso ya ga Jehofa” go ka nna le matswela afe a a molemo mo bathong?

6 Boporofeti jwa ga Isaia bo dirisa papiso e e tshwanelang sentle e e tlhalosang tsela e botho jwa batho bo fetogang ka yone mo motlheng wa rona. Batho ba pele ba neng ba rata ntwa jaanong ba rata kagiso. (Bala Isaia 11:6-9.) Batho ba pele e neng e le baba ka gonne ba tswa mo ditsong, mo ditšhabeng kgotsa mo merafeng e e farologaneng, ba ile ba ithuta go nna mmogo ka kutlwano. Fa re bua ka tsela ya tshwantshetso, ba ‘thutse ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma.’ (Isa. 2:4) Ke eng se se bakileng diphetogo tseno tse dikgolo? Batho ba ile ba simolola go amogela “kitso ya ga Jehofa” mme ba e dirisa mo matshelong a bone. Le fa batlhanka ba Modimo ba sa itekanela, ke bakaulengwe ba boammaaruri ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe. Lebaka la go bo dikgang tse di molemo di ratiwa ke batho ba ditšhaba tsotlhe e bile di na le matswela a a molemo le supa gore thuto ya Modimo e na le mosola o mogolo thata.—Math. 11:19.

7, 8. (a) Dingwe tsa “dilo tse di nweleletseng kwa teng thata” tse thuto ya Modimo e thusang batho go di pitikolola ke dife? (b) Ke eng se se bontshang gore thuto ya Modimo e tlisetsa Jehofa pako?

7 Moaposetoloi Paulo o ne a tshwantsha bodiredi jwa batlhanka ba Modimo le ntwa ya semoya. O ne a re: “Dibetsa tsa ntwa ya rona ga se tsa senama, mme di maatla ka Modimo go pitikolola dilo tse di nweleletseng kwa teng thata. Gonne re pitikolola dikakanyo le selo sengwe le sengwe se se kwa godimo se se goleditsweng kgatlhanong le kitso ka ga Modimo.” (2 Bakor. 10:4, 5) Dingwe tsa “dilo tse di nweleletseng kwa teng thata” tse thuto ya Modimo e gololang batho mo go tsone ke dife? Di se kae fela tsa tsone ke dithuto tsa maaka, tumelobotlhodi le difilosofi tse di imetseng batho. (Bakol. 2:8) Thuto ya Modimo e thusa batho gore ba fenye mekgwa e e sa siamang mme ba nne le dinonofo tse di itumedisang Modimo. (1 Bakor. 6:9-11) E tokafatsa botshelo jwa lelapa. Gape e dira gore batho ba ba se nang tsholofelo ba itse se ba se tshelelang. Re tlhoka thuto e e ntseng jalo gompieno.

8 Nngwe ya dinonofo tse Jehofa a thusang batho go nna le tsone ke boikanyegi, jaaka maitemogelo a a latelang a bontsha. (Baheb. 13:18) Mosadi mongwe kwa India o ne a dumela go ithuta Baebele mme fa nako e ntse e ya a tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang. Letsatsi lengwe fa a boa a tswa go bereka kwa go neng go agiwa Holo ya Bogosi gone, o ne a sela sebaga sa gouta se se ka jang diranta di le dikete tse robedi gaufi le seteishene sa dibese. Le fa e ne e le motlhoki, o ne a isa sebaga seo kwa seteisheneng sa mapodise. Lepodise le le neng le bereka ka nako eo le ne le gamaregile! Moragonyana, lepodise le lengwe le ne la botsa mosadi yono la re: “Ke eng fa o ne o tlisa sebaga seno kwano o sa se itseele?” O ne a tlhalosa jaana: “Ke fetotswe ke go ithuta Baebele, mme jaanong ke motho yo o ikanyegang.” Lepodise leno le ne le kgatlhegile mme la raya mogolwane wa Mokeresete yo o neng a tlile le ene la re: “Go na le batho ba ba fetang dimilione di le 38 mo kgaolong eno. Fa o ka thusa batho ba le lesome gore ba nne jaaka mosadi yono, o tla bo o berekile.” Fa re akanya ka batho ba le dimilionemilione ba matshelo a bone a tokafaditsweng ke go ithuta Baebele, a ga re nne le mabaka a mantsi a go baka Jehofa?

9. Ke eng se se dirang gore batho ba kgone go dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone?

9 Maatla a Lefoko la Modimo a a fetolang matshelo a batho, mmogo le thuso e Jehofa a e nayang ka moya wa gagwe o o boitshepo, di dira gore batho ba kgone go dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone. (Bar. 12:2; Bagal. 5:22, 23) Bakolosa 3:10 ya re: “Lo apare botho jo bosha, jo bo ntšhafadiwang ka kitso ya boammaaruri go ya ka setshwano sa Ene yo o neng a bo bopa.” Molaetsa o o fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, Baebele, o na le maatla a go senola gore tota motho o ntse jang ka fa teng, mme o ka fetola tsela e a akanyang ka yone, tota le kafa a lebang dilo ka teng. (Bala Bahebera 4:12.) Fa motho a nna le kitso e e tlhomameng ya Dikwalo a bo a dira gore botshelo jwa gagwe bo tsamaisane le melao ya ga Jehofa ya tshiamo, a ka nna tsala ya Modimo, a na le tsholofelo ya gore o tla tshelela ruri.

Re Thusiwa go Ipaakanyetsa Isagwe

10. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa e le ene fela a ka re thusang go ipaakanyetsa isagwe? (b) Ke diphetogo dife tse dikgolo tse di tla tlogang di direga mo lefatsheng lotlhe?

10 Jehofa ke ene fela a ka re thusang go ipaakanyetsa isagwe ka gonne o itse se se larileng kwa pele. Ke ene a laolang gore go tla diragalang mo isagweng ka batho ba ba mo lefatsheng. (Isa. 46:9, 10) Boporofeti jwa Baebele bo bolela gore “letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi.” (Sefa. 1:14) Mafoko ano a Diane 11:4 malebana le letsatsi leo a tla diragala: “Dilo tse di tlhwatlhwakgolo ga di na go nna le mosola mo letsatsing la tšhakgalo, mme tshiamo e tla golola mo losong.” Fa go tla nako ya gore katlholo ya ga Jehofa e diragadiwe mo lefatsheng la ga Satane, selo sa botlhokwa e tla nna gore re mo seemong sefe mo matlhong a Modimo. Madi a tla bo a se na mosola. E bile Esekiele 7:19 ya re: “Ba tla latlhela selefera ya bone mo mebileng, mme gouta ya bone e tla nna selo se se ilegang.” E re ka re setse re itse seo, re ka kgona go dira ditshwetso tse di botlhale gone jaanong.

11. Tsela nngwe e thuto ya Modimo e re thusang ka yone go ipaakanyetsa isagwe ke efe?

11 Tsela nngwe e e tlhomologileng e thuto ya Modimo e re thusang go ipaakanyetsa letsatsi la ga Jehofa ka yone ke ka go re thusa go baya dilo tsa botlhokwa kwa pele. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Timotheo a re: “Naya ba ba humileng mo tsamaisong ya jaanong ya dilo ditaelo tsa gore ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba se ka ba solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong.” Tota le fa re sa huma, re ka solegelwa molemo ke kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng ke Modimo. E ka re solegela molemo jang? Mo boemong jwa go ikokoanyetsa dikhumo, re tshwanetse go leka “go dira molemo” le go “huma ditiro tse di molemo.” Fa re baya dilo tsa semoya kwa pele mo matshelong a rona, re “ipolokela motheo o o molemo wa isagwe.” (1 Tim. 6:17-19) Go tshela ka tsela e e ntseng jalo ya go intsha setlhabelo go bontsha botlhale, ka gonne jaaka Jesu a boletse, “motho o tla solegelwa molemo ke eng fa a ka gapa lefatshe lotlhe mme a latlha moya wa gagwe?” (Math. 16:26, 27) E re ka letsatsi la ga Jehofa le setse le atametse, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a ipotsa gore, ‘Ke boloka matlotlo a me kae? A ke Motlhanka wa Modimo kgotsa wa Dikhumo?’—Math. 6:19, 20, 24.

12. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go kgobega marapo fa batho bangwe ba lebela bodiredi jwa rona kwa tlase?

12 Tiro ya botlhokwatlhokwa mo gare ga “ditiro tse di molemo” tse di tlhalosiwang mo Lefokong la Modimo tse Bakeresete ba tshwanetseng go di dira ke tiro e e bolokang matshelo ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Math. 24:14; 28:19, 20) Batho bangwe ba ka lebela bodiredi jwa rona kwa tlase, fela jaaka bangwe ba ne ba dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Bala 1 Bakorintha 1:18-21.) Mme seo ga se fokotse botlhokwa jwa molaetsa wa rona, e bile ga se fokotse botlhokwa jwa go naya mongwe le mongwe sebaka sa go o amogela go ise go nne thari. (Bar. 10:13, 14) Fa re ntse re thusa ba bangwe gore ba solegelwe molemo ke thuto ya Modimo, re tla bona masego a mantsi.

Ba Segofalediwa go Ithontsha Dilo Dingwe

13. Moaposetoloi Paulo o ne a ithontsha dilo dife ka ntlha ya dikgang tse di molemo?

13 Fa moaposetoloi Paulo a ise a nne Mokeresete, o ne a thapisediwa gore a atlege mo tsamaisong ya dilo ya Sejuda. Fa a ne a na le dingwaga di ka nna 13, o ne a fuduga mo motseng wa gagabo wa Tareso mme a ya kwa Jerusalema a ya go rutiwa ke morutisi yo o neng a tseetswe kwa godimo thata wa Molao e bong Gamaliele. (Dit. 22:3) Fa nako e ntse e ya, Paulo o ne a simolola go tlhomologa mo gare ga batho ba motlha wa gagwe, mme fa a ka bo a ile a tswelela pele ka tsela eo, gongwe a ka bo a ile a felela a na le maemo mo tsamaisong ya Sejuda. (Bagal. 1:13, 14) Fa a sena go amogela dikgang tse di molemo a bo a simolola go dira tiro ya go rera, o ne a tlogela seo sotlhe kwa morago. A Paulo o ne a ikwatlhaela tshwetso e a neng a e tsere? Nnyaa. E bile tota, o ne a kwala jaana: “Aitsane, ka ntlha ya seo, eleruri gape ke tsaya dilo tsotlhe e le tatlhegelo ka ntlha ya mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu Morena wa me. Ka ntlha ya gagwe ke amogetse go latlhegelwa ke dilo tsotlhe mme ke di tsaya e le matlakala a mantsi.”—Bafil. 3:8.

14, 15. Re bona masego afe fa re le “badirimmogo le Modimo”?

14 Fela jaaka Paulo, gompieno Bakeresete ba ithontsha dilo dingwe ka ntlha ya dikgang tse di molemo. (Mar. 10:29, 30) A re fetwa ke sengwe ka ntlha ya go dira jalo? Robert, yo o umakilweng kwa tshimologong, o na le maikutlo a a tshwanang le a batho ba bantsi fa a re: “Ga ke ikwatlhaye le e seng. Bodiredi jwa nako e e tletseng bo ntliseditse boipelo le kgotsofalo, mme bo dirile gore ke kgone go ‘leka mme ke bone gore Jehofa o molemo.’ Nako le nako fa ke ne ke ithontsha dilo dingwe tsa senama gore ke fitlhelele mekgele ya semoya, ka metlha Jehofa o ne a ntshegofatsa ka dilo tse dintsi go feta tse di ntatlhegetseng. Go nna jaaka e kete tota ga ke a ithontsha sepe mme ke amogetse go le gontsi!”—Pes. 34:8; Dia. 10:22.

15 Fa e le gore o ntse o dira tiro ya go rera le go ruta ka lobaka lo lo rileng jaanong, le wena o tshwanetse wa bo o ile wa nna le sebaka sa go leka mme wa bona gore Jehofa o molemo. A go kile ga nna le dinako tse ka tsone o neng o utlwa gore moya wa gagwe o a go thusa fa o ntse o rera dikgang tse di molemo? A o ile wa bona matlho a batho a phatsima ka boitumelo fa Jehofa a bula dipelo tsa bone gore ba amogele molaetsa? (Dit. 16:14) A Jehofa o go thusitse go fenya dikgoreletsi, gongwe a go bulela tsela ya gore o atolose bodiredi jwa gago? A o ile a go ema nokeng mo maemong a a thata, a go thusa gore o tswelele pele o mo direla fa o ne o ikutlwa o felelwa ke maatla? (Bafil. 4:13) Fa re ntse re bona kafa Jehofa a re thusang ka teng mo bodireding, e nna motho wa mmatota mo go rona mme re ikutlwa re atamalane thata le ene. (Isa. 41:10) A ga se tshiamelo go nna mongwe wa “badirimmogo le Modimo” mo tirong e kgolo ya go ruta batho ka Modimo?—1 Bakor. 3:9.

16. O ikutlwa jang ka matsapa a o a tsayang le dilo tse o di ithontshang gore o rute batho ka Modimo?

16 Batho ba le bantsi ba solofela gore ba tla kgona go dira sengwe sa boleng jo bo nnelang ruri fa ba sa ntse ba tshela. Re bone gore tota le dilo tse dikgolo tse batho ba di fitlhelelang mo lefatsheng gompieno gantsi di lebalwa ka bonako. Le fa go ntse jalo, kwantle ga pelaelo ditiro tsa motlha wa gompieno tse Jehofa a di dirang malebana le go itshepisiwa ga leina la gagwe di ka se lebalwe mme di tla nna di gopolwa mo hisitoring ya batho ba Modimo. Di tla gopolwa ka bosakhutleng. (Dia. 10:7; Baheb. 6:10) E kete re ka tseela kwa godimo tshiamelo e re nang le yone ya go nna le seabe mo tirong e e ka se lebalegeng ya go ruta batho ka Modimo.

O ka Araba Jang?

• Jehofa o batla gore batho ba dire eng gore a ba rute?

• Thuto ya Modimo e tokafatsa matshelo a batho jang?

• Re segofadiwa ka ditsela dife fa re thusa ba bangwe gore ba solegelwe molemo ke thuto ya Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Batho ba ba rutiwang ke Jehofa ke bakaulengwe ba boammaaruri ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

A go nna mongwe wa “badirimmogo le Modimo” ga se tshiamelo?