Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moya o o Boitshepo—Ke Eng fa Batho ba sa Itse Gore ke Eng?

Moya o o Boitshepo—Ke Eng fa Batho ba sa Itse Gore ke Eng?

Moya o o Boitshepo—Ke Eng fa Batho ba sa Itse Gore ke Eng?

MOYA o o boitshepo ke eng? Go lebega potso eno e tlhamaletse, mme go ka nna boima go bona karabo e e motlhofo. Mopapa Benedict XVI o ne a raya boidiidi jwa batho kwa Australia jaana: “Go lebega go ka se kgonege gore re tlhaloganye Moya.”

Go bonala sentle gore go na le dikgopolo tse dintsi le go sa tlhomamisege malebana le potso eno, Moya o o boitshepo ke eng? Ditsela tse batho bangwe ba arabang potso eno ka tsone:

• Moya o o boitshepo ke motho wa mmatota yo o nnang mo teng ga barutwa ba ga Keresete.

• Moya o o boitshepo ke go nna teng ga Modimo mo lefatsheng.

• Moya o o boitshepo ke motho wa boraro mo thutong ya gore go na le Modimo a le mongwe mo go e meraro.

Ke eng fa potso eno e dira gore batho ba tlhakane tlhogo jaana? Batho ga ba bolo go tlhakana tlhogo fa e sa le ka lekgolo la bonè la dingwaga C.E. fa baithutabodumedi bangwe ba ne ba re moya o o boitshepo ke motho yo o lekanang le Modimo. Le fa go ntse jalo, eno ga se thuto e e tswang mo Dikwalong kgotsa e e neng e rutiwa ke balatedi ba ga Keresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. New Catholic Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Go bonala sentle gore Tesetamente ya Bogologolo ga e tlhalose moya o o boitshepo e le motho . . . Moya wa Modimo ke maatla a Modimo.” Buka eo ya tshedimosetso e oketsa ka go re: “Ditemana di le dintsi mo Tesetamenteng e Ntšha di tlhalosa moya wa Modimo e le selo, e seng motho; seno se bonala thata mo tseleng e moya le maatla a Modimo di tlhalosiwang ka go tshwana ka yone.”

Go a utlwala gore batho ba fitlhele go le thata go akanya gore maatla mangwe ke motho. Ka jalo, dipatlisiso tse di dirilweng bosheng kwa United States di senola gore bontsi jwa batho ga bo dumele kgopolo ya gore moya o o boitshepo ke motho kgotsa “selo se se tshelang.” A ba nepile? A kgotsa re tshwanetse go dumela baithutabodumedi ba ba gatelelang gore “Moya o o Boitshepo ke Motho yo o sa tshwaneng le Rara le Morwa”?

Go bona karabo e re ka e ikanyang, re tshwanetse go leba Lefoko la Modimo, e leng Baebele, le le tlhalosang moya o o boitshepo ka botlalo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng.”—2 Timotheo 3:16.

Ke eng fa re tshwanetse go batla go itse boammaaruri ka moya o o boitshepo? Ka gonne go itse gore moya o o boitshepo ke eng go tla dira gore o amogele thuso e e tswang kwa Modimong. A ka dinako tse dingwe o ikutlwa e kete ga o na maatla a go tswelela o itshokile? Jesu o ne a solofetsa barutwa ba gagwe jaana: “Nnang lo kope, mme lo tla newa . . . Fa lona . . . lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!”—Luke 11:9, 13.

Mo ditlhogong tse di latelang, Baebele e tla re tlhalosetsa gore moya o o boitshepo ke eng. Mme re tla bona ka fa o ka re solegelang molemo ka gone.

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

Baebele e re senolela gore moya o o boitshepo ke eng