Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne A Lwantsha go Nna le Poifo le Dipelaelo

O ne A Lwantsha go Nna le Poifo le Dipelaelo

Etsa Tumelo ya Bone

O ne A Lwantsha go Nna le Poifo le Dipelaelo

PETERE o tshwere kota e e tsamaisang mokoro mme o ne a tsamaisa mokoro bosigo jotlhe. A lesedinyana le le letobo le a le bonang kwa ntlheng ya botlhaba e ne e le sesupo sa gore letsatsi le tloga le tlhaba? Ditshika tsa mokwatla wa gagwe le magetla di botlhoko ka ntlha ya go tsamaisa mokoro bosigo jotlhe. Phefo e e neng e phepheula moriri wa gagwe e gakaditse Lewatle la Galalea. Makhubu a lewatle a ne a itaagana kwa pele mo mokorong wa go tshwara ditlhapi mme a mo kolobetsa ka metsi a a tsiditsana. O ne a tswelela a tsamaisa mokoro oo go kgabaganya lewatle.

Petere le ditsala tsa gagwe ba ne ba tlogetse Jesu kwa lotshitshing lwa lewatle. Mo go lone letsatsi leo ba ne ba bone Jesu a fepa boidiidi jo bo neng bo tshwerwe ke tlala ka dinkgwe le ditlhapi di le mmalwa. Ka ntlha ya seo batho ba ne ba batla go dira Jesu kgosi, mme o ne a sa batle go nna le seabe mo dipolotiking. Gape o ne a ikemiseditse go thusa balatedi ba gagwe gore ba se ka ba gagamalela maemo mo dipolotiking. Fa a sena go phatlalatsa boidiidi, o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba tsene mo mokorong mme ba ye kwa ntlheng e nngwe ya lotshitshi fa ene a ne a ya kwa thabeng go ya go rapela.—Mareko 6:35-45; Johane 6:14, 15.

Fa barutwa ba ne ba tsena mo mokorong, ngwedi e e sa tlalang e e neng e bonala mo loaping; e ne e dikela ka iketlo kwa ntlheng ya bophirima. Le fa go ntse jalo, ba ne ba setse ba tsamaile dikilometara di le mmalwa fela. Letsapa, modumo o o neng o dirwa ke phefo le makhubu o ne o dira gore ba se ka ba kgona go tlotla. Le fa go ne go na le batho ba bangwe mo mokorong, Petere o ne a sa bue le bone, o ne a dutse a akanya.

Ruri o tshwanetse a bo a ne a akanya ka dilo di le dintsi! O ne a tsamaya le Jesu wa Nasaretha ka dingwaga tse di fetang tse pedi tse mo go tsone go neng ga direga dilo di le dintsi. O ne a ithutile dilo tse dintsi, mme go ne go na le dilo tse dintsi tse a neng a sa ntse a tla di ithuta. Go iketleetsa ga gagwe go dira jalo—go leka ka natla go fenya dikgoreletsi tse di jaaka dipelaelo le poifo—go dira gore e nne sekao se se molemo se re ka se etsang. A re bone gore jang.

“Re Bone Mesia”!

Petere o ne a ka se lebale letsatsi le a kopaneng le Jesu wa Nasaretha ka lone. La ntlha, mogoloe e bong Anderea, o ne a mmolelela dikgang tseno tse di gakgamatsang: “Re bone Mesia.” Botshelo jwa ga Petere bo ne jwa fetolwa ke mafoko ano. Bo ne bo ka se tlhole bo tshwana le jo a neng a bo tshela pele.—Johane 1:41.

Petere o ne a nna kwa Kaperenama, motse o o fa losing lwa letsha la metsi a a phepa le le bidiwang Lewatle la Galalea. Ene le Anderea ba ne ba kopanetse kgwebo ya go tshwara ditlhapi le bomorwa Sebede e bong Jakobe le Johane. Petere o ne a nna le mosadi wa gagwe, matsalaagwe le mogoloe e bong Anderea. Go ne go tlhokega gore a dire ka natla le go dirisa mekgwa e mengwe ya go tshwara ditlhapi gore a kgone go tlamela ba ntlo ya gagwe. Re ka akanya ka masigo a mantsi a ba neng ba dira tiro eno ka yone—banna ba latlhela matloa mo metsing fa gare ga mekoro e mebedi ba bo ba goga matloa a a nang le ditlhapi dipe fela tse ba kgonneng go di tshwara. Gape re ka akanya ka tiro e nngwe e e lapisang e ba neng ba tshwanetse go e dira ya go tlhopha ditlhapi tse di siameng le go di rekisa mmogo le go roka matloa le go a phepafatsa.

Baebele e re bolelela gore Anderea e ne e le morutwa wa ga Johane Mokolobetsi. Ga go pelaelo gore Petere o ne a kgatlhegela thata go reetsa dipego tsa ga mogoloe tse di kaga molaetsa wa ga Johane. Letsatsi lengwe, Anderea o ne a bona Johane a supa Jesu wa Nasaretha mme a bo a re: “Bonang, Kwana ya Modimo!” Ka bonako fela Anderea o ne a nna molatedi wa ga Jesu mme a bolelela Petere mafoko ano a a kgatlhang: Mesia o gorogile! (Johane 1:35-40) Morago ga botsuolodi jwa kwa Edene, Jehofa Modimo o ne a solofetsa gore morago ga dingwaga di ka nna 4 000 go ne go tla tla motho yo o kgethegileng yo o neng a tla naya batho tsholofelo ya mmatota. (Genesise 3:15) Anderea o ne a kopane le Mogolodi yono, Mesia ka boene! Petere le ene o ne a itlhaganelela go ya go kopana le Jesu.

Go tloga ka letsatsi leo, Petere o ne a itsege ka leina la Simone kgotsa Simeone. Mme Jesu o ne a mo leba a bo a mo raya a re: “‘O Simone morwa Johane; o tla bidiwa Kefase’ (mo go ranolwang ka gore Petere).” (Johane 1:42) Leina “Kefase” le kaya “lefika.” Go bonala sentle gore mafoko a ga Jesu a ne a bolelela sengwe pele. O ne a bonelapele gore Petere o ne a tla nna jaaka lefika—a tlhomame, a nonofile e bile a na le tlhotlheletso e e siameng mo balateding ba ga Keresete. A Petere o ne a iteba jalo? Ga go lebege go le jalo. Tota le batho ba bangwe ba ba balang dipego tsa Efangele gompieno ga ba lebe Petere e le motho yo o ikanyegang. Batho bangwe ba re go lebega e ne e le motho yo o sa ikanyegeng le yo o okaokang.

Petere o ne a na le makoa. Mme Jesu o ne a itse ka one. Jesu fela jaaka Rraagwe, e bong Jehofa, ka metlha o ne a leba dilo tse di molemo mo bathong. Jesu o ne a bona gore Petere o na le dinonofo tse di molemo, ka jalo o ne a mo thusa go tokafatsa dinonofo tseo. Le gompieno Jehofa le Morwawe ba lebelela dilo tse di molemo mo go rona. Re ka tswa re fitlhela go le thata go dumela gore go na le molemo o ba ka o bonang mo go rona. Le fa go ntse jalo, re tlhoka go ikanya tsela e ba lebang dilo ka yone mme re bontshe gore re batla go thapisiwa le go bopiwa ke bone fela jaaka Petere a ne a dira.—1 Johane 3:19, 20.

“Tlogela go Boifa”

Go ka direga gore Petere o ne a tsamaya le Jesu mo maetong a a neng a tla a tsaya fa a rera. Ka jalo, a ka tswa a bone fa Jesu a ne a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha fa a ne a fetola metsi go nna waene kwa moletlong wa lenyalo kwa Kana. Sa botlhokwa le go feta, o utlwile molaetsa wa ga Jesu o o gakgamatsang le o o nayang tsholofelo wa Bogosi jwa Modimo. Le fa a ne a utlwile le go bona dilo tse di molemo jalo, o ne a tlogela Jesu mme a boela kwa kgwebong ya gagwe ya go tshwara ditlhapi. Le fa go ntse jalo, dikgwedi moragonyana, Jesu o ne a tla kwa go Petere gape—mo lekgetlhong leno a mo kopa gore a mo sale morago botshelo jotlhe jwa gagwe.

Petere o ne a sa tswa go itshokela tiro e e lapisang e a neng a e dira bosigo jotlhe. Gangwe le gape, batshwaraditlhapi ba ne ba ntse ba latlhela matloa a bone mo metsing mme fa ba a goga a tla a sena sepe. Go bonala Petere a dirisitse bokgoni le kitso yotlhe e a neng a na le yone ya go tshwara ditlhapi, a lekile go ya mo mafelong a a farologaneng mo letsheng go bona mo ditlhapi di neng di le gone. Ga go pelaelo gore ka dinako dingwe, fela jaaka batshwaraditlhapi ba bangwe, o ne a tle a eletse e kete a ka tlhodumela mo metsing ao a a kgoberegileng gore a bone kwa setlhopha sa ditlhapi di leng gone mme a di tsenye mo letloeng la gagwe. Gone ke boammaaruri gore go akanya jalo go ne go dira gore a betwe ke pelo le go feta. Petere o ne a sa itlose bodutu ka go tshwara ditlhapi; o ne a fepa lelapa la gagwe ka go dira tiro eno. La bofelo, o ne a tswa kwa lotshitshing a sa tshola sepe. Le fa a ne a sa tshwara sepe o ne a tshwanetse go phepafatsa matloa. Ka jalo, fa Jesu a tla kwa go ene o ne a phepafatsa matloa.

Go ne go na le boidiidi jwa batho jo bo neng bo dikologile Jesu bo mo reeditse ka tlhoafalo. E re ka a ne a dikologilwe ke boidiidi, Jesu o ne a palama mokoro wa ga Petere mme a mo kopa gore a katoge lefatshe go sekae. E re ka Jesu a ne a le mo godimo ga metsi, lentswe la gagwe le ne le utlwala sentle fa a ruta boidiidi. Petere le boidiidi jwa batho jo bo neng bo le mo lotshitshing bo ne jwa reetsa ka tlhoafalo. O ne a sa lapisiwe ke go utlwa Jesu a bua ka setlhogo sa konokono sa thero ya gagwe—Bogosi jwa Modimo. Ruri e ne e tla nna tshiamelo e kgolo go thusa Keresete go anamisa molaetsa ono wa tsholofelo mo lefatsheng lotlhe! A mme o ne a tla kgona go dira jalo? Ba ne ba tla itshedisa ka eng? Gongwe Petere o ne a akanya ka nako e a e feditseng bosigo jotlhe a leka go tshwara ditlhapi.—Luke 5:1-3.

Fa Jesu a fetsa go bua o ne a raya Petere jaana: “Suteletsa kwa go leng boteng gone, mme lo digele matloa a lona kwa tlase gore lo tshware.” Petere o ne a belaela. O ne a re: “Morutisi, re dirile ka natla bosigo jotlhe mme ga re a tshwara sepe, mme ka taelo ya gago ke tla digela matloa kwa tlase.” Gongwe Petere o ne a sa batle go latlhela matloa gape—segolobogolo ka nako e ditlhapi di sa jeng ka yone! Le fa go ntse jalo, o ne a ikobela taelo eo, gongwe le go kaela badirikaene ba ba mo mokorong wa bobedi gore le bone ba dire jalo.—Luke 5:4, 5.

Petere o ne a utlwa boima jo a neng a sa bo lebelela fa a ne a goga letloa. O ne a goga ka maatla a gagwe otlhe a belaela mme go ise go ye kae a bona ditlhapi tse dintsintsi mo letloeng! Ka bonako, a bitsa banna ba ba mo mokorong wa bobedi go tla go mo thusa. Fa ba sena go tla, ba ne ba lemoga gore mokoro o le mongwe o ka se kgone go tsenya ditlhapi tseo tsotlhe. Ba ne ba tlatsa mekoro e le mebedi, le fa go ntse jalo di ne di sa ntse di le dintsi thata—mekoro e ne ya simolola go nwela ka ntlha ya boima jwa tsone. Petere o ne a tshwerwe ke kgakge. O ne a kile a bona Keresete a dirisa maatla a gagwe pelenyana mme mo lekgetlhong leno seno se ne se ama ene le ba lelapa la gagwe! Monna yono o ne a kgona le go dira gore ditlhapi di tsene mo matloweng! Petere o ne a simolola go boifa. O ne a khubama ka mangole mme a re: “Tloga fa go nna, ka gonne ke monna yo o nang le boleo, Morena.” O ne a ka bontsha jang gore o tshwanelega go tsalana le Motho yo o kgonang go dirisa maatla a Modimo ka tsela e e ntseng jalo?—Luke 5:6-9.

Jesu o ne a bua jaana ka bopelonomi: “Tlogela go boifa. Go tloga jaanong go ya pele o tla bo o tshwara batho ba tshela.” (Luke 5:10, 11) Eno e ne e se nako ya gore a nne le dipelaelo kgotsa a boife. Go ne go sa utlwale gore Petere a tshwenyege ka dilo tsa letsatsi le letsatsi tse di jaaka go tshwara ditlhapi; go boifa ga gagwe ka ntlha ya diphoso le makoa a gagwe le gone go ne go sa utlwale. Jesu o ne a na le tiro e kgolo e a neng a tshwanetse go e dira, bodiredi jo bo neng bo tla ama isagwe ya batho. O ne a direla Modimo yo “o tla [itshwarelang] ka tsela e kgolo.” (Isaia 55:7) Jehofa o ne a tla ba tlhokomela ka dilo tse ba di tlhokang mo semoyeng le tsa senama.—Mathaio 6:33.

Petere o ne a tsaya kgato ka bonako fela jaaka Jakobe le Johane ba ne ba dira. “Ba busetsa mekoro morago kwa lefatsheng, mme ba tlogela sengwe le sengwe ba mo sala morago.” (Luke 5:11) Petere o ne a dumela mo go Jesu le Yo o mo romileng. E ne e le tshwetso e e molemo go gaisa e a kileng a e dira. Gompieno Bakeresete ba ba fenyang dipelaelo tsa bone le poifo ka go tsenela tirelo ya nako e e tletseng le bone ba bontsha tumelo e e tshwanang le ya ga Petere. Go ikanya Jehofa jalo ga se ga lefela.—Pesalema 22:4, 5.

“Ke ka Ntlha Yang Fa o Ne o Fenngwa ke Pelaelo?”

Mo e ka nnang dingwaga di le pedi morago ga gore Petere a kopane le Jesu, o ne a tsamaisa mokoro bosigo go na le phefo mo Lewatleng la Galalea jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong. Gone ke boammaaruri gore ga re itse gore o ne a akantse eng. Go ne go na le dilo tse dintsi tse a neng a ka akanya ka tsone! Jesu o ne a fodisitse matsalaagwe Petere. O ne a neetse Thero kwa Thabeng. Gangwe le gape o ne a bontshitse ka dithuto tsa gagwe le ka dikgakgamatso gore ke Yo o Tlhophilweng wa ga Jehofa, Mesia. Fa dikgwedi di ntse di feta, makoa a ga Petere a a jaaka go boifa le go nna le dipelaelo a ne a fokotsega ka selekanyo se se rileng. Jesu o ile a bo a tlhopha Petere go nna mongwe wa baaposetoloi ba ba 12! Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Petere o ne a tla lemoga gore o ne a ise a fenye poifo le go nna le dipelaelo.

Ka nako ya tebelo ya bonè ya bosigo kgotsa mo e ka nnang ka 3:00 a.m. le pele letsatsi le tlhaba, Petere o ne a tlogela go tsamaisa mokoro mme a nna fa fatshe. O ne a bona sengwe se se neng se tsamaya mo makhubung! A e ne e le lesedi la ngwedi le le neng le phatshima mo metsing? Nnyaa, e ne e le selo se se sa tshikhinyegeng se eme se tlhamaletse. Ee, e ne e le motho yo o neng a tsamaya mo godimo ga metsi! Fa motho yoo a ntse a atamela, go ne go lebega e kete o tla feta fa go bone. Barutwa ba ne ba tshogile ba ithaya ba re ke sedimo. Motho yoo o ne a re: “Nnang pelokgale, ke nna; se boifeng.” E ne e le Jesu!—Mathaio 14:25-28.

Petere a araba ka go re: “Morena, fa e le gore ke wena, ntaele gore ke tle kwa go wena mo godimo ga metsi.” Kwa tshimologong o ne a le pelokgale. Le fa Petere a ne a itumeletse go bona kgakgamatso eno e e sa tlwaelegang, tumelo ya gagwe e ne e sa ntse e tlhoka go nonotshiwa. Le ene o ne a batla go dira se a neng a se bona. Jesu o ne a raya Petere a re a tle mo go ene. Petere o ne a tswa mo mokorong mme a ema mo metsing a lewatle le le nang le makhubu. Akanya kafa Petere a neng a ikutlwa ka gone fa a ne a kgona go ema mo godimo ga metsi. A ka tswa a ne a gakgametse fa a ntse a atamela Jesu. Le fa go ntse jalo, Petere o ne a simolola go ikutlwa ka tsela nngwe.—Mathaio 14:29.

Petere o ne a tshwanetse go nna a tlhomile mogopolo mo go Jesu. Jesu ke ene a neng a dirisa maatla a ga Jehofa go dira gore Petere a kgone go tsamaya mo godimo ga makhubu a lewatle. Mme Jesu o ne a dira jalo ka ntlha ya tumelo e Petere a neng a na le yone mo go ene. Le fa go ntse jalo, Petere o ne a iteega tsebe. Re bala jaana: “Ya re a leba phefo ya matsubutsubu, a boifa.” Petere o ne a lebile makhubu ao a a neng a itaagana le mokoro mme a tshoga. Gongwe o ne a simolola go ipona a setse a nwela mo lewatleng. Fa letshogo la gagwe le ntse le oketsega le tumelo ya gagwe e ne e ntse e fokotsega. Ka jalo, monna yo go neng go tweng ke Lefika ka go bo a ne a nitame, o ne a simolola go nwela jaaka letlapa ka ntlha ya tumelo ya gagwe e e tlhaelang. Petere o ne a kgona go thuma, mme ka nako eo ga a ka a ikaega ka bokgoni joo jwa gagwe. O ne a goa a re: “Morena, mpoloka!” Jesu o ne a otlolola seatla sa gagwe mme a mo goga. Mme fa ba ntse ba le mo metsing o ne a gatelela thuto ya botlhokwa mo go Petere: “Wena yo o nang le tumelo e potlana, ke ka ntlha yang fa o ne o fenngwa ke pelaelo?”—Mathaio 14:30, 31.

‘Go fenngwa ke pelaelo’—a bo e le mafoko a a tshwanelang jang ne! Dipelaelo di ka nna le tlhotlheletso e e maatla e e sa siamang. Fa re ineela go nna le tsone di ka senya tumelo ya rona ka iketlo. Re tshwanetse go leka ka natla go di lwantsha! Mme gone, re ka dira seo jang? Ka go tlhoma mogopolo ka tsela e e siameng. Fa re nnela go akanya ka dilo tse re di boifang, tse di re kgobang marapo le tse di ka dirang gore re se ka ra nna le kamano e e molemo le Jehofa le Morwawe, dipelaelo tsa rona di tla gola. Fa re tlhoma mogopolo mo go Jehofa le Morwawe, mo go se ba se dirileng, se ba se dirang le se ba tla se direlang batho ba ba ba ratang, re ka se nne le dipelaelo tse di ka senyang tumelo ya rona.

Fa Petere a ntse a tsamaya le Jesu ba boela kwa mokorong, o ne a bona sefefo se kokobela. Lewatle la Galalea le ne la sisibala. Petere le barutwa ba bangwe ba ne ba bua jaana ka Jesu: “Ruri o Morwa Modimo.” (Mathaio 14:33) Ga go pelaelo gore fa bosigo bo ntse bo sa ba le mo lewatleng, pelo ya ga Petere e ne ya tlala kanaanelo. O ne a ithutile gore ga a tshwanela go letla poifo gore e dire gore a nne le dipelaelo ka Jehofa le Jesu. Gone ke boammaaruri gore o ne a tshwanetse go dira diphetogo dingwe e le gore e nne Mokeresete yo o jaaka lefika fela jaaka Jesu a ne a bonelapele. Mme o ne a ikeetleeditse go nna a leka le go gola semoyeng. A le wena o ikeetleeditse go dira jalo? Ruri o tla fitlhela go le molemo go etsa tumelo ya ga Petere.

[Setshwantsho mo go tsebe 22, 23]

Jesu o ne a bona dilo tse di molemo mo motshwaraditlhaping yono yo o boikokobetso

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Ke monna yo o nang le boleo, Morena”

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Ya re a leba phefo ya matsubutsubu, a boifa”