Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshwara Ditlhapi mo Lewatleng la Galalea

Go Tshwara Ditlhapi mo Lewatleng la Galalea

Go Tshwara Ditlhapi mo Lewatleng la Galalea

GO NE go ntse jang go nna motshwaraditlhapi kwa Lewatleng la Galalea mo lekgolong la ntlha la dingwaga? Karabo ya potso eno e tla re thusa go tlhaloganya dipego tsa Diefangele tse di jaaka tse re tlotlileng ka tsone mo setlhogong se se fetileng.

Lewatle leno le na le metsi a a phepa mme le boleele jwa dikilometara di ka nna 21 le bophara jwa dikilometara di ka nna 12. Lewatle leno ga le bolo go nna le ditlhapi tse dintsi tse batshwaraditlhapi ba neng ba kgona go di tshwara. Go bonala sentle gore Kgoro ya Ditlhapi e e kwa Jerusalema e ne e le lefelo la marekisetso a ditlhapi. (Nehemia 3:3) Ditlhapi dingwe tse di neng di rekisiwa koo di ne di tshwerwe kwa Lewatleng la Galalea.

Moaposetoloi Petere o ne a tswa kwa motseng o o fa gaufi le Lewatle la Galalea o o bidiwang Bethesaida, o o ka tswang o kaya “Ntlo ya Batshwaraditlhapi.” Motse o mongwe o o gaufi le lekadiba leo o ne o bidiwa Magadana kgotsa Magadala, e leng kwa Jesu a neng a ya le barutwa ba gagwe gone fa a sena go tsamaya mo godimo ga metsi. (Mathaio 15:39) Go ya ka mokwadi mongwe, leina la Segerika la motse ono le ka ranolwa e le “Lefelo la Difeketeri Tsa Ditlhapi.” Motse ono o ne o itsege ka go nna le difeketeri tse dintsi tsa ditlhapi, mme ditlhapi tse di neng di tshwerwe di ne di omisiwa di bo di tshelwa letswai—kgotsa di tsenngwa mo aseineng le mo letswaing gore go dirwe motswako o o neng o tshelwa mo medutwaneng ya letsopa e e bidiwang di-amphora. Ditlhapi tseno di ne di tsenngwa mo diphuthelwaneng di bo di romelwa kwa dikarolong tsotlhe tsa Iseraele le kwa mafelong a a kwa kgakalakgakala.

Mo motlheng wa ga Jesu, go tshwara ditlhapi, go di phepafatsa le go di rekisa e ne e le kgwebo e kgolo thata kwa Galalea. Ka jalo, o ka tsaya gore seno se ne se dira gore batho ba le bantsi ba motse oo ba nne le madi. Mme gone, go ne go sa nna jalo. Moithuti mongwe wa Baebele a re: “Go nna le kgwebo ya go tshwara ditlhapi go ne go sa dire madi a mantsi jaaka babadi ba gompieno ba Tesetamente e Ntšha ba ka tswa ba akanya. Kgwebo eno e ne e laolwa ke puso mme e ne e solegela molemo batho bangwe ba maemo mo pusong.”

Herode Antipase o ne a tlhomilwe ke puso ya Roma go nna mmusi kgotsa kgosana ya kgaolo ya Galalea. O ne a laola ditsela, maemakepe le dilo tsa tlholego tse di jaaka meepo, dikgwa, temothuo le mafelo a go tshwara ditlhapi a a mo kgaolong ya gagwe. Herode o ne a amogela madi a mantsi a lekgetho go tswa mo dilong tseno tsotlhe. Ga re na tshedimosetso ka botlalo malebana le melao ya lekgetho ya kwa Galalea ya mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Mme gone, go lebega tsela e Herode a neng a dira dilo ka yone e sa farologane go le kalo le e e neng e dirisiwa ke babusi ba kwa Gerika kgotsa ke Baroma ba kwa diporofenseng tse dingwe tsa kwa botlhaba. Bontsi jwa madi a a neng a tsewa go tswa mo dikgwebong tsa lefelo leo le mo dilong tsa tlholego a ka tswa a ne a newa batho ba maemo go na le gore a newe batho ba ba neng ba dira tiro eo.

Mokgweleo o o Neng o Bakiwa ke Lekgetho

Mo motlheng wa ga Jesu, mafelo a mantle kwa Galalea e ne e le a ba ntlo ya segosi e bile a ne a kgaogantswe gore go nne le matlo a magolo mo go one, mme Herode Antipase o ne a a naya balaodibagolo ba gagwe le bangwe ba baruaboswa e le mpho. Batho ba Herode a neng a ba busa ba ne ba tshwanetse go ntsha madi a a neng a tla duelela botshelo jwa gagwe jwa manobonobo, diporojeke tse dikgolo tsa go aga, tsamaiso ya puso ya gagwe le madi a puso a a neng a a naya ditsala tsa gagwe le metse mengwe. Batho ba ne ba imelwa thata ke go duela madi a mantsi a lekgetho le a ditirelo tsa puso.

Gape Herode o ne a laola matsha otlhe a a mo kgaolong ya gagwe. Ka jalo, seno se bolela gore Herode o ne a laola karolo e kgolo ya kgwebo ya go tshwara ditlhapi kgotsa e ne e laolwa ke ba a neng a ba neile matlo ao e le mpho. Mo mafelong a a neng a laolwa ka tlhamalalo ke tsamaiso ya segosi, bakgethisi ba bagolo—batho ba ba humileng ba ba neng ba reka tetla ya go nna mokgethisi ka madi a mantsi—ba ne ba na le taolo ya go naya batshwaraditlhapi tetla ya semolao ya go tshwara ditlhapi. Bakwadi bangwe ba re e re ka ofisi ya lekgetho ya ga Mathaio e ne e le kwa Kaperenama—boremelelo jwa kgwebo ya go tshwara ditlhapi kwa Lewatleng la Galalea—a ka tswa a ne a berekela bakgethisi bano ba bagolo mme e le “ene yo o neng a naya batshwaraditlhapi ba lefelo leo tetla ya semolao ya go tshwara ditlhapi.” *

Bosupi jwa lekgolo la ntlha le la bobedi la dingwaga B.C.E. bo bontsha gore kwa Palesetina makgetho a ne a duelwa ka go ananya dithoto e seng ka madi. Batho bangwe ba ba neng ba na le bokgoni jwa go tshwara ditlhapi ba ne ba ntsha diperesente di le 25 go ya go di le 40 tsa ditlhapi tse ba di tshwereng gore ba newe tetla ya go tshwara ditlhapi. Ditlankana dingwe tsa bogologolo di bontsha gore mo mafelong mangwe a a neng a laolwa ke puso ya Roma, go tshwara ditlhapi go ne ga tswelela go laolwa ke batlhatlhobi. Kwa Pisidia, go ne go na le mapodise a a neng a tlhomamisa gore ga go ope yo o tshwarang ditlhapi a sa letlelelwa semolao le gore batshwaraditlhapi ba ne ba tshwanetse go di rekisetsa fela batho ba ba rileng ba ba neng ba letleletswe go dira jalo kgotsa bagwebi ba dikgwebo tsa bone di neng di laolwa ke Puso e bile ba duela lekgetho.

Mosekaseki mongwe a re melao le makgetho ano a ne a kaya gore “kgosi kgotsa beng ba matlo a magolo ba ne ba dira poelo e ntsi thata fa batshwaraditlhapi bone ba ne ba dira e nnye tota.” Poelo ya batho ba ba neng ba dira dikgwebo tse dingwe le yone e ne e le nnye ka ntlha ya lekgetho la madi a mantsi. Batho ba ba tshwanetseng go duela lekgetho ga ba rate go le duela. Le fa go ntse jalo, tsela e e setlhogo e bakgethisi ba neng ba batla madi ka yone e re balang ka yone mo dipegong tsa Diefangele e ne e okediwa ke go sa ikanyege le go nna bogagaru ga batho ba ba neng ba ikhumisa ka go pateletsa batho ba ba humanegileng go duela madi a mantsi a lekgetho.—Luke 3:13; 19:2, 8.

Batshwaraditlhapi ba go Buiwang ka Bone mo Diefangeleng

Diefangele di senola gore Simone Petere o ne a na le batho ba a neng a kopanetse kgwebo ya go tshwara ditlhapi le bone. Bangwe ba batho ba ba neng ba tlile go thusa Petere go goga matloa fa ba ne ba tshwere ditlhapi ka kgakgamatso e ne e le “balekane ba bone kwa mokorong o mongwe.” (Luke 5:3-7) Mokanoki mongwe o tlhalosa gore “batshwaraditlhapi ba ne ba ka kopanela kgwebo . . . gore ba kgone go nna le setlankana sa semolao kgotsa tetla ya semolao ya go tshwara ditlhapi.” Eno e ka tswa e ne e le tsela e bomorwa Sebede, Petere, Anderea le balekane ba bone ba neng ba dira ka yone gore ba newe tetla ya kgwebo ya go tshwara ditlhapi.

Baebele ga e re bolelele gore mekoro le dilwana tse batshwaraditlhapi bano ba neng ba di dirisa e ne e le tsa bone kgotsa nnyaa. Bangwe ba re e ne e le tsa bone. Tota e bile, Baebele ya re Jesu o ne a palama mokoro “o e neng e le wa ga Simone.” (Luke 5:3) Le fa go ntse jalo, setlhogo sengwe se se buang ka kgang eno sa re: “Go ka direga gore mekoro eo e ne e le ya bagwebi mme e dirisiwa ke batho ba ba letleletsweng go tshwara ditlhapi.” Le fa seo se ka tswa se le boammaaruri kgotsa nnyaa, Baebele ya re Jakobe le Johane ba ne ba roka matloa a bone. Go lebega batshwaraditlhapi ba ne ba tshwanetse go fokotsa tlhwatlhwa e ba rekisang ditlhapi ka yone mme fa go tlhokega ba thape badiri mo letsatsing leo.

Ka jalo, batshwaraditlhapi ba kwa Galalea ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le tiro e ntsi go feta kafa o ka akanyang ka gone. Kgwebo ya bone e ne e le karolo ya tsamaiso e e raraaneng ya ikonomi. Go akanya ka seno go dira gore dipego tsa Efangele le mafoko a ga Jesu a a malebana le go tshwara ditlhapi le batshwaraditlhapi a nne le bokao. Mo godimo ga moo, tshedimosetso eno e re thusa go anaanela tumelo e Petere, Anderea, Jakobe le Johane ba neng ba na le yone. Ba ne ba itshedisa ka go tshwara ditlhapi. Le fa ba ka tswa ba ne ba na le madi a a kana kang fa Jesu a ne a ba laletsa go nna balatedi ba gagwe, ba ne ba tlogela kgwebo e ba neng ba e tlwaetse—le e ba neng ba itshedisa ka yone—gore ba nne “batshwari ba batho.”—Mathaio 4:19.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Go bonala moaposetoloi Petere a ne a fuduga kwa Bethesaida mme a ya kwa Kaperenama, kwa a neng a dira kgwebo ya go tshwara ditlhapi le mogoloe e bong Anderea le bomorwa Sebede. Jesu le ene o ne a nna kwa Kaperenama ka nakwana.—Mathaio 4:13-16.

[Mmapa mo go tsebe 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Lekadiba la Hula

Bethesaida

Kaperenama

Magadana

Lewatle la Galalea

Jerusalema

Lewatle le le Suleng

[Motswedi wa Setshwantsho]

Todd Bolen/Bible Places.com

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Todd Bolen/Bible Places.com