Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

“Molaodi wa tempele” e ne e le mang mme boikarabelo jwa gagwe e ne e le bofe?

Go ne go na le “molaodi wa tempele” mo baeteledipeleng ba bodumedi ba Bajuda ba ba neng ba dira gore moaposetoloi Petere le Johane ba tshwarwe fa ba ne ba rera. (Ditiro 4:1-3) Baebele ga e re bolelele gore maikarabelo a molaodi wa tempele e ne e le afe, le fa go ntse jalo metswedi mengwe ya bogologolo e re naya tshedimosetso e e kgatlhang.

Mo motlheng wa ga Jesu go bonala maemo a molaodi wa tempele e ne e le a moperesiti yo o neng a tlhatlhama moperesiti yo mogolo ka maemo. Molaodi wa tempele o ne a tlhokomela gore dilo di tsamaya sentle mo teng le ka kwa ntle ga tempele e e kwa Jerusalema. O ne a tlhokomela gore kobamelo e e neng e dirwa kwa tempeleng e ne e dirwa sentle le go tlhokomela setlhopha sa batho ba ba disitseng tempele. Balaodi ba ba neng ba le kafa tlase ga gagwe ba ne ba tlhokomela balebedi ba ba bulang dikgoro tsa tempele mo mosong le go di tswala fa go le bosigo, ba tlhomamisa gore ga go ope yo o tsenang mo mafelong a go sa tshwanelang go tsenwa mo go one le go disa letlole la polokelo la tempele.

Baperesiti le Balefi ba ba neng ba bereka kwa tempeleng ba ne ba rulagantswe ka ditlhopha di le 24 mme setlhopha sengwe le sengwe sa bone se ne se bereka beke e le nngwe gabedi mo ngwageng. Go ka direga gore setlhopha sengwe le sengwe se ne se na le molaodi wa sone.—1 Ditiragalo 24:1-18.

Balaodi bano ba tempele e ne e le banna ba ba nang le taolo. Ba umakiwa le baperesiti ba bagolo ba ba neng ba loga leano la gore Jesu a bolawe e bile ba ne ba dirisa batho ba ba neng ba ba laola gore ba tshware Jesu.—Luke 22:4, 52.

Mathaio 3:4 ya re Johane Mokolobetsi o ne a ja “tsie le tswina ya dinotshe ya naga.” A ditsie e ne e le dijo tse batho ba neng ba tlwaetse go di ja ka nako eo?

Batho bangwe ba belaela gore a tota Johane o ne a ja ditshenekegi, ba re Mathaio o ne a bua ka dithotse tsa setlhare se se bidiwang Ceratonia siliqua, leungo la naga kgotsa ditlhapi tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, lefoko la Segerika le Mathaio a neng a le dirisa le kaya mofuta wa ditsie tse gompieno di itsiweng e le Acrididae. Kwa Iseraele go ne go na le ditsie tsa sekaka tse di neng di itsege ka go senya dijalo.—Joele 1:4, 7; Nahume 3:15.

Batho ba bogologolo ba ba jaaka Baasiria le Baethiopia ba ne ba tsaya ditsie e le dijo tse di rokotsang mathe mme le gompieno di sa ntse di jewa ke Bajuda ba Ba-Bedouin le ba Ba-Yemeni. Kwa Iseraele ditsie di ne di tsewa e le dijo tsa bahumanegi. Fa go sena go ntshiwa tlhogo, maoto le mala, mmele o ne o jewa o sa apewa kgotsa o gadikilwe kgotsa fa o sena go omisiwa mo letsatsing. Ka dinako tse dingwe ditsie di ne di tshelwa letswai kgotsa di inwa mo aseineng kgotsa mo tswineng ya dinotshe. Rahisitori e bong Henri Daniel-Rops a re fa o di ja di ne di utlwala jaaka setshedi se sennye sa mo lewatleng se se bidiwang shrimp.

E re ka Johane a ne a rera mo nageng, go bonala dijo tse go neng go le motlhofo go di bona e ne e le ditsie. (Mareko 1:4) E re ka ditsie di na le diperesente di le 75 tsa diporoteine, tsone le dinotshe tsa naga e ne e le dijo tse di nang le dikotla.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Batlhokomedi ba Baasiria ba tshwere ditsie le digaranata

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book Discoveries Among the Ruins of Nineveh and Babylon (1853)