Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thuto ya Maaka 6: Modimo o Amogela go Dirisiwa ga Ditshwantsho mo Kobamelong

Thuto ya Maaka 6: Modimo o Amogela go Dirisiwa ga Ditshwantsho mo Kobamelong

Thuto eno e simologile kae?

“Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa dirise ditshwantsho mo kobamelong ya bone . . . Mo lekgolong la bonè le la botlhano la dingwaga ditshwantsho di ne tsa simolola go dirisiwa mo kerekeng ka gonne go tsewa gore batho ba ba sa rutegang ba ka ithuta dilo dingwe tsa Bokeresete botoka mo go tsone go na le mo ditherong kgotsa mo dibukeng.”—Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature, ya ga McClintock le Strong, Bolumo 4, tsebe 503 le 504.

Baebele yone ya reng?

“O se ka wa itirela sepe se se setilweng, le fa e le setshwano sa sebopego sepe se se kwa legodimong kwa godimo, le fa e le sa se se mo lefatsheng kwa tlase, le fa e le sa se se mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla.” (Ekesodo 20:4, 5, Baebele e e Boitshepo) Moaposetoloi Johane o ne a kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana: “Bana ba bannye, itiseng mo medingwaneng.”—1 Johane 5:21.

Jaaka dikereke di ruta, a ditshwantsho ke tsela ya go atamela le go tlotla batho ba ba tshwantshitsweng mo go tsone? The Encyclopedia of Religion ya re: “Kwa tshimologong go ka direga gore ditshwantsho di ne di dirisediwa segolobogolo [go ruta] le go kgabisa; go ne go ntshiwa mabaka ano go buelela go dirisiwa ga tsone mo kobamelong. Mme go ise go ye kae di ne tsa tlotlwa le go obamelwa. Go ile ga direga jalo ka ditshwantsho tse di ileng tsa feleletsa di obamelwa thata kwa Dikerekeng tsa kwa Botlhaba.” Ka jalo, go a tshwanela go bo moporofeti Isaia a ne a botsa jaana: “Foo lwa bo lo ka tshwantsha Modimo le mang? Gongwe setshwantsho ke sefe se lo tlaa bong lo se tshwantsha le one?”—Isaia 40:18, Baebele e e Boitshepo.

Bapisa le ditemana tseno tsa Baebele: Isaia 44:13-19; Ditiro 10:25, 26; 17:29; 2 Bakorintha 5:7

BOAMMAARURI:

Modimo ga a amogele go dirisiwa ga ditshwantsho

GANA DITHUTO TSA MAAKA, NGAPARELA BOAMMAARURI

Re ka swetsa ka go reng morago ga go sekaseka ka bokhutshwane dithuto tsa maaka tse di sa ntseng di rutiwa ke dikereke di le dintsi? ‘Dipolelo tseno [ka Segerika, myʹthos] tsa maaka tse di rulagantsweng ka botlhale’ di ka se ka tsa ganetsa boammaaruri jwa Baebele jo bo utlwalang sentle le jo bo gomotsang.—2 Petere 1:16, The New English Bible.

Ka jalo, o se ka wa okaoka go bapisa Lefoko la Modimo—motswedi wa boammaaruri—le se o setseng o se rutilwe. (Johane 17:17) Fa o dira jalo, mafoko ano a tla itshupa a le boammaaruri mo go wena: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:32.