Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kaga Botshelo Jwa Lelapa

Kaga Botshelo Jwa Lelapa

Se re Se Ithutang mo go Jesu

Kaga Botshelo Jwa Lelapa

Re ka leba lenyalo jang ka tsela e e ka dirang gore malapa a itumele?

Lenyalo ke kgolagano e e boitshepo. Jesu o ne a araba jaana fa a ne a bodiwa gore a go tlhala go siame: “A lo ne lwa se ka lwa bala gore yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’? Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye. . . . Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo, mme a nyala yo mongwe o dira boaka.” (Mathaio 19:4-6, 9) Fa banyalani ba latela kgakololo ya ga Jesu e bile ba ikanyega mongwe go yo mongwe, botlhe mo lelapeng ba ikutlwa ba sireletsegile mme ba a itumela.

Ke ka ntlha yang fa go rata Modimo go dira gore malapa a itumele?

Jesu o ne a re: “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha.” Taelo e kgolo ya bobedi ke efe? Jesu o ne a re: “O rate moagelani wa gago [go akaretsa le ba o atamalaneng thata le bone—ba lelapa la gago] jaaka o ithata.” (Mathaio 22:37-39) Ka jalo, selo sa konokono se se dirang gore malapa a itumele ke go nna le kamano e e molemo le Modimo ka gonne go mo rata go re tlhotlheletsa gore re ratane.

Monna le mosadi ba ka itumedisana jang?

Banna ba dira gore basadi ba bone ba itumele fa ba latela sekao sa ga Jesu. O ne a na le lorato lwa go intsha setlhabelo mo mosading wa gagwe wa tshwantshetso e leng phuthego. (Baefeso 5:25) Jesu o ne a re: ‘Morwa motho o ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla.’ (Mathaio 20:28) Jesu o ne a sa gatelele batho ba a neng a ba eteletse pele kgotsa a ba tshwara makgwakgwa go na le moo o ne a ba lapolosa. (Mathaio 11:28) Ka jalo, banna ba ba nyetseng ba tshwanetse go dirisa botlhogo jwa bone ka tsela e e siameng e e solegelang botlhe mo lelapeng molemo.

Basadi ba ba nyetsweng le bone ba ka solegelwa molemo ke sekao sa ga Jesu. Baebele ya re: ‘Tlhogo ya ga Keresete ke Modimo.’ Gape ya re ‘tlhogo ya mosadi ke monna.’ (1 Bakorintha 11:3) Jesu o ne a sa nyatse botlhogo jwa Modimo. O ne a na le tlotlo e e boteng mo go Rraagwe. Jesu o ne a re: “Ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.” (Johane 8:29) Mosadi yo o ikobelang botlhogo jwa monna wa gagwe ka go bo a rata Modimo e bile a mo tlotla, o leka ka natla go dira gore botshelo jwa lelapa la gagwe e nne jo bo itumedisang.

Batsadi ba ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a leba bana ka yone?

Jesu o ne a ipha nako le bana mme o ne a kgatlhegela go itse se ba neng ba se akanya le tsela e ba ikutlwang ka yone. Baebele ya re: “Jesu a biletsa masea kwa go ene, a re: ‘Lesang bana ba babotlana bano ba tle kwa go nna.’” (Luke 18:15, 16) Ka nako nngwe, batho ba ne ba galefela basimane bangwe ba ba neng ba bolela gore ba dumela mo go Jesu. Mme Jesu o ne a akgola bana bano, ka go raya baganetsi ba bone jaana: “A lo ne lo ise lo ke lo bale fa go tweng, ‘O lerile pako ka se se tswang mo molomong wa masea le ba ba anyang’?”—Mathaio 21:15, 16.

Bana ba ka ithuta eng mo go Jesu?

Jesu o tlhometse bana sekao se se molemo sa go kgatlhegela dilo tsa semoya. Fa a ne a na le dingwaga di le 12 o ne a fitlhelwa “a ntse mo gare ga barutisi, a ba reeditse e bile a ba botsa dipotso.” Seo se ne sa felela ka eng? “Botlhe ba ba mo reeditseng ruri ba ne ba gakgamadiwa ke tlhaloganyo ya gagwe le dikarabo tsa gagwe.” (Luke 2:42, 46, 47) Le fa go ntse jalo, kitso e Jesu a neng a na le yone ga ya ka ya dira gore a ikgogomose. Go na le moo, e ne ya dira gore a tlotle batsadi ba gagwe. Baebele ya re: “A tswelela a le mo taolong ya bone.”—Luke 2:51.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 14 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.