Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa re Itseng ka Gone Gore—Modimo o Amega ka Rona

Kafa re Itseng ka Gone Gore—Modimo o Amega ka Rona

Kafa re Itseng ka Gone Gore—Modimo o Amega ka Rona

FA E le gore Modimo o a re rata, ke eng fa go na le pogo e e kana kana? Eno ke potso e e botlhokwa e batho ba sa bolong go e botsa ka dingwaga di le dintsi. Gongwe o a dumela gore fa o rata motho, ga o batle go mmona a boga, mme fa a ne a ka tsena mo mathateng, o ne o tla leka go mo thusa. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba akanya gore Modimo o tshwanetse a bo a sa amege ka rona ka gonne ba bona pogo e ntsi e e leng teng mo lefatsheng. Ka jalo, go botlhokwa gore re simolole ka go sekaseka bosupi jo bo bontshang gore tota Modimo o a re rata e bile o amega ka rona.

Popo e Naya Bosupi Jwa Gore Modimo O a Re Rata

Jehofa Modimo ke ‘Ene yo o neng a dira legodimo le lefatshe le lewatle le dilo tsotlhe tse di mo go tsone.’ (Ditiro 4:24) Fa re tlhatlhanya ka dilo tse Jehofa a di bopileng, ga go pelaelo gore re tla swetsa ka gore o a re kgathalela. Ka sekai, akanya ka dilo tse di go itumedisang. A o rata dijo tse di monate? Jehofa o ne a ka nna a re naya mofuta o le mongwe fela wa dijo gore re tshele. Go na le moo, o ne a dira mefutafuta ya dijo tse di rokotsang mathe. Gape Jehofa o kgabisitse lefatshe ka go le apesa ka ditlhare tse dintsintsi tse di ntle, dithunya le dilo tse dingwe tse di ntle gore botshelo jwa rona e nne jo bo itumedisang le jo bo kgatlhang.

Akanya gape le ka tsela e re dirilweng ka yone. Bokgoni jo re nang le jone jwa go dira metlae, go itumelela mmino le go anaanela bontle jo bo re dikologileng; ga re tlhoke dilo tseno gore re tshele—tseno tsotlhe ke dimpho tse di tswang kwa Modimong tse di natetshang botshelo. Mme akanya ka kamano e o nang le yone le ba bangwe. Ke mang yo o sa itumeleleng go nna le ditsala tse di molemo kgotsa go tlamparelwa ke mongwe yo a mo ratang thata? Aitsane bokgoni jo re nang le jone jwa go rata ba bangwe ke mpho e re e neilweng ke Modimo yo o lorato! E re ka Modimo a tsentse bokgoni jwa gore batho ba ratane, nonofo eno e tshwanetse ya bo e le karolo ya botho jwa Gagwe.

Baebele e re Tlhomamisetsa Gore Modimo O a Re Rata

Baebele e re bolelela gore Modimo ke lorato. (1 Johane 4:8) Lorato lwa gagwe ga lo bonale fela mo dilong tse a di bopileng mme lo bonala le mo Lefokong la gagwe, e leng Baebele. Ka sekai, Baebele e re naya ditaelo tse di re thusang gore re nne le botsogo jo bo molemo, e re kgothaletsa go nna tekatekano mo dilong tsotlhe gape e re tlhagisa gore re se ka ra tagwa le go ja bobe.—1 Bakorintha 6:9, 10.

Gape Baebele e re naya kgakololo e e mosola ya kafa re ka dirisanang le batho ba bangwe sentle ka gone, e re kgothaletsa go ratana, go tlotlana, go naya ba bangwe seriti le go nna pelonomi. (Mathaio 7:12) E kgala ditiro le mekgwa e e dirang gore go nne le pogo—bopelotshetlha, tshebo, go eletsa dilo tsa ba bangwe, boaka le go bolaya. Fa rotlhe re ne re ka dirisa kgakololo eno e e molemo ya Dikwalo, ruri go ne go se kitla go nna le pogo e e kana kana mo lefatsheng.

Mme gone, tsela e kgolo go di gaisa tsotlhe e Modimo a ileng a bontsha lorato ka yone ke ka go ntsha Morwawe e bong Jesu, go nna thekololo. Johane 3:16 ya re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” Ka jalo, Jehofa o setse a rulagantse go fedisa loso le mefuta yotlhe ya pogo ka bosakhutleng.—1 Johane 3:8.

Ruri go na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore Jehofa o a re rata. Ka jalo, go a utlwala go swetsa ka go re Modimo ga a itumelele go bona re boga. O tla dira sengwe go fedisa pogo. Ga re tlhoke go fopholetsa ka kgang eno—Baebele e re tlhalosetsa sentle se Modimo a tla se dirang go fedisa pogo.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Bokgoni jo re nang le jone jwa go rata batho ba bangwe ke mpho e re e neilweng ke Modimo yo o lorato