Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Batla Gore re Atlege Joshua 1:6-9

O Batla Gore re Atlege Joshua 1:6-9

Atamalana le Modimo

O Batla Gore re Atlege

Joshua 1:6-9

BATSADI ba ba amegang ka bana ba bone ba batla gore ba atlege le gore ba tshele botshelo jo bo nang le bokao le jo bo kgotsofatsang. Jehofa, Rraarona yo o kwa legodimong le ene o batla gore bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng ba atlege. O bontsha gore o amega ka rona ka go re bolelela se re ka se dirang gore re atlege. Ka sekai, ela tlhoko mafoko a a neng a a bolelela Joshua a a mo go Joshua 1:6-9.

Akanya ka seno. Fa Moshe a sena go swa, Joshua e nna moeteledipele yo mosha wa setšhaba sa Iseraele sa batho ba le dimilione. Baiseraele ba ipaakanyetsa go tsena mo lefatsheng le Modimo a le solofeditseng borraabonemogologolwane. Modimo o naya Joshua kgakololo. Fa a ka e dirisa, e tla dira gore a atlege. Mme gone kgakololo eno ga e solegele Joshua a le esi fela molemo. Fa re e dirisa, le rona re ka atlega.—Baroma 15:4.

Jehofa o bolelela Joshua gore a nonofe mme a nne pelokgale—a mmolelela jalo e seng ka lekgetlo le le lengwe mme ka a le mararo. (Temana 6, 7, 9) Gone ke boammaaruri gore Joshua o ne a tlhoka nonofo le bopelokgale gore a kgone go etelela setšhaba pele go ya kwa Nageng e e Solofeditsweng. Le fa go ntse jalo, o ne a ka kgona jang go nna le dinonofo tseno?

Dikwalo tse di boitshepo di ne di ka nonotsha Joshua le go dira gore a nne pelokgale. Jehofa a re: “Tlhokomela go dira kafa molaong otlhe o Moshe motlhanka wa me a o go laoletseng.” (Temana 7) Ka nako eo, Joshua a ka tswa a ne a na le dibuka di le mmalwa fela tsa Baebele tse di neng di kwadilwe. * Le fa go ntse jalo, go nna le Lefoko la Modimo ka bogone fela ga go kaye gore o tla atlega. Gore Joshua a solegelwe molemo ke lone, o ne a tshwanetse go dira dilo di le pedi.

Sa ntlha, Joshua o tshwanetse go tlatsa pelo ya gagwe ka lefoko la Modimo ka metlha. Jehofa a re: “O e balele kwa tlase motshegare le bosigo.” (Temana 8) Buka nngwe ya re: “Modimo o ne a laela Joshua gore a gopole Molao wa Gagwe ka go ‘ipalela one mo pelong,’ ‘go akanya’ ka one kgotsa ‘go tlhatlhanya’ ka one.” Go bala Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone letsatsi le letsatsi go ne go tla thusa Joshua go fenya dikgwetlho tse a neng a tla lebana le tsone.

Sa bobedi, Joshua o tshwanetse go dirisa se a se ithutang mo Lefokong la Modimo. Jehofa o mo raya a re: “O tlhokomele go dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go yone; gonne o tla dira gore tsela ya gago e atlege.” (Temana 8) Gore Joshua a atlege o tshwanetse go dira thato ya Modimo. A go ka direga se se farologaneng fa motho a sa dire thato ya Modimo? Ka metlha go dira thato ya Modimo go dira gore o atlege.—Isaia 55:10, 11

Joshua o ne a reetsa kgakololo ya ga Jehofa. Seo se ne sa dira gore a tshele botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo nang le bokao e le moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa.—Joshua 23:14; 24:15.

Fela jaaka Joshua, a o batla go tshela botshelo jo bo kgotsofatsang? Jehofa o batla gore o atlege. Le fa go ntse jalo, go nna le Lefoko la gagwe e leng Baebele ga go a lekana. Mokeresete mongwe yo o sa bolong go ikanyega o akantsha jaana: “Bala Baebele mme o dirise se o se balang.” Fa o tlatsa pelo ya gago ka lefoko la Modimo ka metlha e bile o dirisa se o se ithutang mo botshelong, fela jaaka Joshua “o tla atlega.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tse go ka diregang gore Joshua o ne a na le tsone di ne di akaretsa dibuka tse tlhano tse di kwadilweng ke Moshe (Genesise, Ekesodo, Lefitiko, Dipalo le Duteronome), buka ya Jobe le dipesalema di le pedi kgotsa e le nngwe.